Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
1 “Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono, le ba ba bolokang dilo tse di kwadilweng mo go jone; gonne nako e e tlhomilweng e gaufi.” (Tshen. 1:3) Mafoko ao a gatelela botlhokwa jwa buka ya Tshenolo, segolobogolo ka re tshela mo nakong e e tlhomilweng ya gore boporofeti jo bontsi jwa yone bo diragadiwe. Go a tshwanela go bo re tlile go simolola go ithuta buka ya Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! mo Thutong ya Buka ya Phuthego go simolola ka beke ya January 8, 2007.
2 Fa e sa le la bofelo fa re ne re ithuta buka ya Tshenolo Konelo ya Yone mo Thutong ya Buka ya Phuthego mo nakong e e fetileng, seemo sa lefatshe se fetogile ka ditsela di le dintsi. (1 Bakor. 7:31) Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba ba ikopantseng le batho ba ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi ga ba ise ba solegelwe molemo ke go sekaseka buka ya Tshenolo temana ka temana. Go ithuta buka ya Tshenolo Konelo ya Yone go tshwanetse ga re thusa rotlhe go nna re tsogile re itse se se larileng kwa pele.—Tshen. 16:15.
3 Ikemisetse go nna gone beke le beke. Thuto eno ga e kitla e re thusa fela go nna re lebeletse mme gape melaetsa ya ga Jesu e e yang go diphuthego tse supa e tla re thusa go tila maemo a a ka amang bomoya jwa rona thata le go nna ga rona le seabe mo bodireding.—Tshen. 1:11, 19.
4 Baakanyetsa Sentle: Pele ga thuto nngwe le nngwe ya buka, bala ditemana tse di mo bukeng ya Tshenolo tse di tlileng go sekasekwa. Ela tlhoko mabaka a Dikwalo a a tlhalosang temana ya Baebele e e sekasekwang. Leka go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa tse di amang pelo. (Neh. 8:8, 12) Iphe nako ya go tlhatlhanya le go ipotsa jaana: ‘Se ke se balang se mpolelela eng ka Jehofa le go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe? Nka dira dilo jang go dumalana le boikaelelo jwa gagwe le go thusa ba bangwe?’
5 Go setse go fetile dingwaga di le 92 fa e sa le ‘letsatsi la Morena’ le simologa ka 1914. (Tshen. 1:10) Ditiragalo tse dikgolo tse go boleletsweng pele ka tsone mo bukeng ya Tshenolo di larile kwa pele. Go ithuta buka ya Tshenolo Konelo ya Yone go tla re lapolosa le go nonotsha tumelo ya rona gore ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ le lefatshe le lesha di gaufi.—Tshen. 16:14; 21:4, 5.