Dikitsiso
◼ Mpho e e tsamaisiwang ka August le September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,50. October: Peeletso ya Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R19,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R9,50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,00.
◼ Phuthego nngwe le nngwe e tla amogela diforomo tse tharo tsa Literature Inventory (S-AB-18). Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse a kopana le motlhanka wa dibuka fa August e simolola ba bo ba tlhoma letsatsi le ba tla balang setoko sa dibuka tsa phuthego kwa bofelong jwa kgwedi eno. Go tshwanetse ga balwa dibuka tsotlhe tse di leng mo setokong, mme palo ya tsone tsotlhe e tsenngwe mo foromong ya Literature Inventory. Palogotlhe ya dimakasine tse di leng teng mo setokong e ka bonwa mo motlhankeng wa dimakasine. Tsweetswee romelang original kwa Mokgatlhong pele ga September 6. Bolokang kopi ya khabone mo difaeleng tsa lona. Kopi ya boraro lo ka nna lwa berekela mo go yone. Mokwaledi o tshwanetse go tlhokomela fa go tsewa setoko, mme foromo e e tladitsweng e tshwanetse ya tlhatlhobiwa le go saeniwa ke molebedi yo o okamelang.
◼ Baboledi ba ba rulaganyetsang go simolola tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ka September 1, 1993, ba tshwanetse go dira dikopo tsa bone kwantle ga go senya nako. Dikopo tseno di tshwanetse go romelwa kwa Mokgatlhong pele August e fela. Tsweetswee balang tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986 mo dirapeng 21 go ya go 26.
◼ Mokwaledi wa phuthego o tla kopanya dipego tsa tirelo gore di tsenngwe mo foromong ya Pego ya go Tlhatlhoba Phuthego (S-10). Gape o tla kaela mogolwane ope fela kana motlhanka wa bodihedi ka kelotlhoko yo o tla bong a mo thusa go baakanya pego eno. Seno se tla tlhomamisa gore go nne le dipalo tse di boammaaruri tsa tshedimosetso e e tlhokegang e e tswang mo dikarateng tsa Congregation’s Publisher Record (S-21). Foromo ya Pego ya go Tlhatlhoba Phuthego (S-10) e tshwanetse ya tladiwa sentle le ka tsela e e phepa e bo e tlhatlhobiwa ka kelotlhoko ke komiti ya tirelo.
◼ Dibetšhe tsa kopano ya kgaolo ya 1993 di tshwanetse tsa otoriwa mme di tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ka tlhotlhwa ya disente tse supa betšhe nngwe le nngwe. Diphuthego tse di senang akhaonto le Mokgatlho kana tse di nang le sekoloto di tshwanetse tsa romela madi mmogo le otoro ya tsone. Tsweetswee otorang ka dipalo tse di ka kgonang go atisiwa ka 20 fa go kgonega. Dibetšhe di teng ka Seburu, Seesemane, Sepotokise, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Tsweetswee otorang ka foromo e e tlwaelegileng ya Literature Order (S-AB-14). Dikopo tseno di tshwanetse tsa fitlha kwa Mokgatlhong pele ga November 1, 1993. Morago ga moo re ka se romele diotoro dipe tsa dikarata tseno gape.
◼ Re gakolola DIPHUTHEGO TSOTLHE gore ka tsweetswee di otore dikarata tsa Advance Medical Directive/Release le di-Identity Card ka bofefo jo bo ka kgonegang ka foromo e e tlwaelegileng ya Literature Order (S-AB-14). Diphuthego tse di nang le tlhaelo mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka di tshwanetse tsa romela madi le diotoro tsa tsone. Dikarata tsa medical directive ke disente di le lesome nngwe le nngwe mme Identity Card ke disente tse supa nngwe le nngwe. Tsweetswee lo se ka lwa aba dikarata tseno, mme lefa go ntse jalo lo di beye go fitlha lo amogela dikaelo tse di oketsegileng go tswa kwa Mokgatlhong.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:
Setsonga: Opelelang Jehofa Dipako (Buka ya dipina e potlana; phuthego le batho botlhe: R4,50; babulatsela: R3,00).