Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Cambodia: Ka February 8, 1993, ba ile ba amogela lekwalo la mmuso le le ba letlelelang go tlhoma ofisi ya tiro ya rona le bile le bulela barongwa sebaka sa go tsena mo nageng eno. Re itumelela gore e bo e re morago ga dingwaga tse di fetang 25, dikgang tse di molemo di bo di ka rerwa ka tshosologo gape kwa Cambodia.
Japane: Ka March tlhora ya bone e ntšha ya baboledi e ne ya nna 177 591.
Liberia: Ka March bakaulengwe ba ne ba kgona go tshwara Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” mo setsheng se se gaufi le ofisi ya lekala. Tlhora ya bao ba neng ba le teng e ne e le 2 711, mme ba le 78 ba ne ba kolobediwa.
Philippines: Go tshwerwe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 115 044 ka March.