LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/93 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo ka August

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo ka August
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka August 2
  • Beke E E Simololang ka August 9
  • Beke E E Simololang ka August 16
  • Beke E E Simololang ka August 23
  • Beke E E Simololang ka August 30
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 8/93 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo ka August

Beke E E Simololang ka August 2

Pina 63

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotlang ka dintlha tse di ka buelelwang tse di tswang mo dimakasineng tsa bosheng. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.

10 mets: “Pego E Ntle ya April!” Motlotlo o o tsosang maikutlo, le o o lorato ka mokwaledi. Umaka se se dirilweng ke phuthego ya lona ka April. Kgothaletsa mongwe le mongwe go nna le seabe mo tirelong beke nngwe le nngwe a bo a bege ka bofefo fela kwa bofelong jwa August. Tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa thata jaana go nna mmoledi wa ka metlha wa dikgang tse di molemo. Umaka gore go na le kgonego ya gore go nne le baboledi ba ba sa kolobediwang mo phuthegong.

10 mets: Tlhomolola kafa buka ya Tshelela Ruri e leng botlhokwa ka teng. O ka bolela dipalo tse di bontshang dikoketsego tsa mo dingwageng tsa fa kgatiso eno e ntse e dirisiwa. Batho ba le bantsi ba ithutile boammaaruri ba dirisa buka eno. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kana ba le babedi ba ba neng ba ithuta boammaaruri ka buka eno. Dira gore ba bolele se se ba itumedisitseng mo go yone le kafa e ka dirisiwang ka teng mo tshimong. Kgothaletsa bakaulengwe go e tsamaisa ka matlhagatlhaga.

15 mets: “Tsalo-Sesha.” Mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 423-7. Baboledi ba dira pontsho ya fa ba kopana le mongwe mo tirong ya ntlo le ntlo yo o botsang gore, “A lo tsetswe sesha?” Baboledi ba araba potso eo ba dirisa nngwe ya ditsela tse di akantshitsweng mo ditsebeng 426-7. Morago ga moo, baboledi ba tlotla ka go dira loeto lwa go boela ba dirisa dintlha tse di tswang mo dikwalong mo dirapeng 1-3 mo tsebeng 425.

Pina 193 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka August 9

Pina 70

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona, go akaretsa le pego ya tsa madi le dikitsiso dipe tsa gore go amogetswe meneelo. Akgolela phuthego go bo e thusa phuthego ya lona ka madi mmogo le go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Mokgatlho.

15 mets: Molebedi yo o okamelang kana mogolwane ope fela yo o tshwanelegang o tlotla ka lekwalo la June 17, 1993, le le malebana le go tlhopha. O dirisa tshedimosetso e e mo bukeng ya Go Fetolana tlase ga “Boitlhaodi” go thusa bareetsi go tlhaloganya gore Basupi ba ga Jehofa ba eme fa kae mo dikgannyeng tsa lefatshe leno. Tlotla ka dintlha tsotlhe tsa konokono tse di mo lekwalong leno, o ntse o leba le dikwalo fa nako e letla. Dira pontsho ya fa babueledi ba ditlhopho ba le babedi ba lekang go tlhotlheletsa lelapa lengwe go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang. Ka mokgwa o montle fela wa tlotlo monna le mosadi ba itsise baeng ba bone ka bokhutshwanyane ka boemo jwa bone, ba ntse ba tshegetsa karabo ya bone ka dikwalo tse di tshwanelang.

20 mets: “Dira Bojotlhe Gore Batho Ba Reetse.” Tlotla le bareetsi. Bontsha botlhokwa jwa go tshwara mong wa ntlo mongwe le mongwe jaaka motho ka namana, yo boikaelelo jwa gago e leng go tlotla le ene. Dira dipuisano tse dikhutshwane tse di theilweng mo dikakantshong tse di mo dirapeng 2 le 3. Gatelela gore go dirisiwe dimakasine ka metlha mo tirelong ya tshimo.

Pina 71 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka August 16

Pina 20

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

20 mets: “Boela go ya go Thusa Batho Gore Ba Ithute Kafa Ba Ka Tshelelang Ruri ka Teng.” E tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Dira pontsho e le nngwe ya loeto lwa go boela lo lo theilweng mo puisanong e e bontshitsweng mo dirapeng 5 le 6.

20 mets: “Dilo Tse Di Tlhokegang mo Modiheding Yo O Sa Tswang go Kopanela le Yo O Nang le Maitemogelo.” Mogolwane o e tlotla ka dipotso le dikarabo. Akaretsa ka bokhutshwane le ka tsela e e lorato dintlha tse di tla thusang mo phuthegong ya lona ka sebele.

Pina 6 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka August 23

Pina 148

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Modimo.

20 mets: “Batlang Dithuto tsa Bibela ka Tlhoafalo.” Setlhogo seno se tlotliwa ka dipotso le dikarabo ke molebedi wa tirelo. Bala dikwalo tsotlhe tse di umakilweng o bo o di tlhalosa. Tlhalosa kafa tiro ya go tshwara dithuto tsa Bibela e ntseng e tswelela pele ka teng mo phuthegong mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, mme o bo o konela ka go akgela kaga dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona.

15 mets: Botlhokwa jwa Metlha Fa Re Ithuta Bibela. Fa o sena go neela puo e khutshwane mo kgannyeng e e kafa tlase ga “Tlhaloso” mo tsebeng ya 269 ya buka ya Go Fetolana, tshwarela bareetsi motlotlo wa tshedimosetso e e nngwe gape e e kafa tlase ga setlhogo se se reng “Metlha.” Sekaseka potso e e reng “Ke Goreng Basupi ba ga Jehofa ba re Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tlhongwa ka 1914?” Bontsha kafa tshedimosetso eno e ka thusang batho ba ba sa tswang go kopanela ka teng gore ba ipaakanyetse go emela molaetsa wa Bogosi.

Pina 43 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka August 30

Pina 156

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Motlotlo mo setlhogong se se reng “Thulaganyo E Ntšha ya Letsatsi la Kopano E E Kgethegileng.” Kgothaletsa botlhe gore ba dire dithulaganyo go sa le gale tsa go nna gone mo thulaganyong ya letsatsi la kopano e e kgethegileng mo ngwageng wa tirelo wa 1994. Itsise gore e tla tshwarwa leng le lefelo fa le setse le itsiwe. Gape ba kgothaletse go nna le seabe mo tirong ya tshimo mo mafelobekeng.

20 mets: Puo e e theilweng mo tshedimosetsong e e mo bukeng ya Go Fetolana tlase ga setlhogo se reng “Bibela,” ditsebe 62-72. Bontsha melemo e re e iponelang ka namana fa re dirisa melaometheo ya Bibela mo matshelong a rona.

15 mets: Tlotla ka letsholo la tshimo e e sa abiwang. Itsise phuthego ka se se setseng se fitlheletswe jaanong mme o bontshe dithulaganyo tse di setseng tsa letsholo leno. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kana ba le babedi ba ba nang le maitemogelo a ba ka a abalanang le phuthego. Kgothaletsa botlhe ka lorato go thusa ka botlalo mo letsholong leno. Diphuthego tse di ka se kang tsa kgona go thusa mo tshimong e e sa abiwang monongwaga di ka tlotla ka dilo tse di tlhokegang mo diphuthegong tsa tsone. Tlotla ka kgothatso e molebedi wa potologo a neng a e neela mo ketelong ya gagwe e e sa tswang go feta. Gakolola bakaulengwe gore ba tlhatlhobe gore dipego tsotlhe tsa ngwaga wa tirelo wa 1993 di tlisitswe.

Pina 31 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela