LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/93 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo ka June

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo ka June
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka June 7
  • Beke E E Simololang ka June 14
  • Beke E E Simololang ka June 21
  • Beke E E Simololang ka June 28
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 6/93 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo ka June

Beke E E Simololang ka June 7

Pina 162

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa gore go tshegediwe ka botlalo tiro ya dimakasine mo phuthegong. O ka nna wa dira pontsho e le nngwe kana di le pedi tse dikhutshwane kaga tiro ya dimakasine: e nngwe e le malebana le go tsamaisiwa ga dimakasine mo tirong ya mmila, mme e nngwe e le kaga bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.

15 mets: “Thusa Ba Bangwe go Ithuta ka ga Monna Yo Mogolo.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Fa nako e letla, reetsa dikakgelo tsa bareetsi tse di mabapi le kafa ba itumeletseng ka teng go ithuta kgatiso eno mo Thutong ya Buka ya Phuthego.

20 mets: “Dirisa Dipampitshana go Tsamaisa Buka ya Monna Yo Mogolo.” Motlotlo le bareetsi. Dira dipontsho di le pedi. Ya ntlha e tshwanetse ya dirisa puisano e e mo serapeng sa 2 e le kaga mong wa ntlo yo o kgatlhegang. Mmoledi o tswelela pele a buelela buka eno fa a sena go nna le motlotlo o mokhutshwane wa tshedimosetso e e tswang mo pampitshaneng. Mmoledi o tsamaisa buka a bo a dira thulaganyo ya go mmoela gape. Pontsho ya bobedi e tshwanetse ya dirisa nngwe ya dipuisano tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1992, tsebe 8. Gakolola baboledi go tsamaisa dimakasine tsa bosheng mmogo le pampitshana fa mong wa ntlo a sa tsaya buka.

Pina 205 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka June 14

Pina 196

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akantsha ka dintlha tse go ka buiwang ka tsone tse di tshwanetseng mo dimakasineng tsa bosheng tse di ka dirisiwang mo tirelong ya tshimo mo bekeng eno.

15 mets: Letlole la Dipotso. Puo ka mogolwane. Dira gore re ele tlhoko boikarabelo jwa rona jwa go itshwara sentle fa re ya kolobetsong.

20 mets: “Lebaka la Go Bo Dipampitshana Di Le Botlhokwa Thata Jaana mo Bodiheding jwa Rona Gompieno.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Kwa bokhutlong jwa serapa sa bofelo, dira pontsho e khutshwane e e bontshang kafa go leng motlhofo ka teng go dirisa pampitshana mo bosuping jo eseng jwa ka tlwaelo.

Pina 126 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka June 21

Pina 31

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Umaka dintlha tsa konokono tsa Pego ya Tirelo ya March. O bo o umaka gape seabe se phuthego ya lona e nnileng le sone mo pegong ya tirelo ya tshimo ya kgwedi eo. Akaretsa le pego ya tsa madi le go bala kitsiso ya gore meneelo e amogetswe. Tlhalosa gore go anaanelwa thata go bo botlhe ba ntse ba tshegetsa phuthego ya lona ka madi mmogo le go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Mokgatlho.

15 mets: “Go Simolola Dithuto tsa Bibela mo Bukeng ya Monna Yo Mogolo.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Morago ga serapa sa 2, dira pontsho ya kafa o ka simololang thuto ya Bibela mo bukeng ka teng. Mmoledi o simolola ka go bala dirapa tse tharo tsa ntlha mo kgaolong ya 111 ya buka eno mme morago ga moo a bo a tswelela pele ka puisano e e akantshitsweng mo serapeng sa 2 sa setlhogo seno.

20 mets: Puo e e mabapi le Popo, e e theilweng mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 334-9. Sebui se tshwanetse sa nna kelotlhoko gore se se ka sa dirisa dintlha di le dintsi gore se kgone go di akaretsa tsotlhe sentle mo nakong e e beilweng.

Pina 79 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka June 28

Pina 130

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang tsa Puso ya Bomodimo. Dira gore ba tlhokomele dintlha di sekae tse go ka buiwang ka tsone mo dimakasineng tsa bosheng tse di ka dirisiwang mo bodiheding jwa ntlo le ntlo kana fa go neelwa bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo.

20 mets: “Nna Gone ka Metlha mo Tirelong ya Tshimo.” Motlotlo ka mokwaledi kana molebedi wa tirelo. Boeletsang lekwalo la Mokgatlho le le kwadilweng ka August 15, 1992, le la August 20, 1992 le le mabapi le tsela ya go bega tirelo ya tshimo. Sekaseka gape go bona gore go na le lebokose le le beetsweng kwa thoko le le kwadilweng “Dipego tsa Tirelo ya Tshimo.” Tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentlentle ka thulaganyo ya go dirisana le dipego tse di tlisitsweng morago ga nako. Fa nako e letla, boeletsang tshedimosetso e e mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 106-10. Gatelela botlhokwa jwa gore botlhe ba nne le seabe ka metlha mo bodiheding le go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ka bofefo kwa bofelong jwa kgwedi.

15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona. O ka boeletsa dintlha tse di mabapi le dilo tse phuthego e di tlhokang jaaka di tlhalositswe ka nako ya ketelo ya molebedi wa potologo e e sa tswang go feta.

Pina 71 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela