Dikgang Tsa Puso ya Bomodimo
Go begilwe dipalo tse di kwa godimo thata tsa dithuto tsa Bibela tse di neng tsa tshwarwa ka November mo mafatsheng a a latelang a mo go one tiro ya rona e sa tswang go amogelwa kafa molaong bosheng jaana:
Albania: Palogotlhe ya baboledi ba le 99 e ile ya tshwara dithuto tsa Bibela di le 210.
Baltic States: Mafatshe ano a ne a bega palogotlhe ya baboledi ba le 2 199 le dithuto tsa Bibela di le 4 632.
Bulgaria: Baboledi ba bone ba le 296 ba ne ba bega dithuto tsa Bibela di le 657.
Gape go na le dipego tse di kgothatsang di le mmalwa go tswa mo Afrika:
Central African Republic: Go tshwerwe tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 600 ka October, mme ba ne ba bega dithuto tsa Bibela tsa magae di le 2 966.
Chad: Le mororo baboledi ba ne ba le 345 ka October, bao ba nnileng gone mo dithulaganyong tsa kopano ya letsatsi le le kgethegileng di le thataro ba ne ba le 654.
Rwanda: Ka November baboledi ba ba begang ba le 1 762 ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae di le 6 270.
Dipego tseno di kopane di re neela bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Jehofa jaanong o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go akofisa tiro ya go phutha mo motlheng wa rona.—Isa. 60:22.
Afrika Borwa: Phuthego ya Hlankomo kwa Transkei e ile ya ipelela tshiamelo ya go neela Holo ya bone ya Bogosi go Jehofa ka January 9, 1993.