Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Go kgakotswe Diholo tsa Bogosi tse dingwe gape di le tlhano. Ke tsa kwa Alexandra East (Johannesburg), Amatikulu (gaufi le Empangeni), Thokoza South (Alberton), Mistymount, le Ntlaza. Mistymount le Ntlaza ke diphuthego tse dinnye tse di leng kwa go se pele e neng e le Transkei. Bakaulengwe ba ile ba aga diholo tseo ka bobedi kwantle ga go adima madi kwa Mokgatlhong, e leng selo se ba se akgolelwang thata. Re anaanela thata tsela e lo re tshegetsang ka teng ka metlha mo thulaganyong ya Kago ya Diholo tsa Bogosi.
Go ile ga nna le palogotlhe ya batho ba le 127 956 kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Poifo ya Bomodimo” kwa Afrika Borwa, Botswana, Lesotho, Namibia, St.Helena, le kwa Swaziland. Re itumela ka go bo go kolobeditswe batho ba le 2 516.
Central African Republic: Tiro e e neng e dirwa ka kgwedi ya October e ne e tlhomologile, ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 846. Dithulaganyo tsa dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe di ne di tshwaretswe kwa mafelong a le 19 ka palogotlhe ya batho ba le 5 577 mme ga kolobediwa ba le 32.
Mexico: Ka November go ne ga bega baboledi ba le 411 292. Eno e ne e le tlhora e nngwe gape e ntšha.