LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/93 ts. 1
  • Thusa Batho ba Basha Gore ba Tswelele Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Batho ba Basha Gore ba Tswelele Pele
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisanammogo le Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego wa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • A Kgwedi ya April e Tla Bo e le Kgwedi e e Kgethegileng mo go Wena?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • April—Nako ya go ‘Dira ka Natla le go Iteka Thata’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • A re Ka Dira April 2000 Kgwedi E e Di Gaisang Tsotlhe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 4/93 ts. 1

Thusa Batho ba Basha Gore ba Tswelele Pele

1 Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 11,5 mo lefatsheng ka bophara ba ile ba phuthega mmogo go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete ka April 17, 1992. Palo eo e ne e feta palogotlhe ya baboledi ba ba kopanelang le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa gabedi le sephatlo. A bo go itumedisa jang ne go bona boidiidi jo bo ntseng jalo bo ologela “kwa thabeñ ea ga Yehofa”! (Mika 4:2) Gone jaanong jaana go na le batho ba ba ka tshwarang dimilione di le supa ba ba kgatlhegelang kobamelo ya boammaaruri ka selekanyo se se rileng mme ba ise ba simolole go galaletsa Jehofa phatlalatsa. Eleruri mafoko a ga Jesu a a reng “thōbō e kgolo” a ile a nna le bokao go feta le e leng pele!—Math. 9:37, 38.

2 Mo kgweding ya April, re tla dira boiteko jo bogolo jwa gore re thuse botlhe ba ba tshwanelang go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo. Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego o tla tsaya karolo ya konokono mo ntlheng eno, a thusiwa ke baboledi ba bangwe ba ba nang le bokgoni le babulatsela ba ba mo setlhopheng sa gagwe. Mokgele wa rona o o nang le dintlha tse tharo ke (1) go rulaganya thuto ya Bibela ya legae le batho ba basha ba ba tla nnang gone mo puong ya phatlalatsa e e kgethegileng le mo Segopotsong monongwaga; (2) go kgothaletsa ba ba ithutang gore ba tshwanele go nna baboledi ba ba sa kolobediwang; le (3) go oketsa seabe sa rona ka namana mo bodiheding jwa tshimo.

3 Botlhe ba tshwanetse ba dira boiteko jo bogolo jwa go amogela le go itlwaelanya le batho ba basha ba ba nnang gone mo dipokanong dingwe le dingwe tsa rona. Ke eng se re ka se dirang go kgothaletsa batho bano ba ba kgatlhegang gore ba nne le thuto ya Bibela ya legae ya ka metlha?

4 Palogare ya dithuto tsa Bibela tse di neng tsa tshwarwa kgwedi le kgwedi mo Afrika Borwa e ne e le 53 352 mo ngwageng ya tirelo ya 1992. Baboledi ba ka nna ba kopa motshwari wa thuto ya buka wa bone go tsamaya le bone kwa dithutong tsa Bibela gore a tle a tlwaelane le baithuti bano. Bangwe ba baithuti bano ba Bibela ba ka tswa jaanong ba nna gone mo dipokanong ebile ba tshwanela go nna le seabe mo tirong ya ntlo le ntlo. A batho bano ba basha ba neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo ka metlha? A ba setse ba supa fa ba tshwanela go nna baboledi ba ba sa kolobediwang jaaka go bontshitswe mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 97-9? Fa go ntse jalo, ba tlhalosetse kafa ba ka simololang ka gone mo tirong ya ntlo le ntlo fa ba sena go amogelwa jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang.

5 Ga re a tshwanela go lebela kwa tlase tsela ya go kgothatsana fa re kopane mmogo re le Bakeresete. (Baheb. 10:24, 25) Fa e le gore bangwe ba setse ba nyafetse mo bodiheding jwa bone, batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tlhomameng gore ba ba thuse le go ba kgothatsa. Ka dinako tse dingwe go tlhokega fela gore re ba laletse ka botsalano gore ba tsamaye le rona mo tirelong ya tshimo.

6 Go dira gore April e nne kgwedi e e tlhomologileng mo tirelong ya tshimo go tlhokega tirisanommogo ya botlhe. Tsela e motshwari wa thuto ya buka a etelelang pele ka yone e e matlhagatlhaga e ka nna ya thusa jaaka a tla bo a thusa leloko lengwe le lengwe la setlhopha sa gagwe gore le nne le seabe ka botlalo mo bodiheding. Go ka nna ga rulaganngwa dipokano tse di oketsegileng tsa tirelo. Batho ba ba godileng ba ka tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng, mme basha ba ka thusiwa ka ditsela tse di nang le mosola. Batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko gore lelapa lotlhe le nna le seabe mo bodiheding ka April. Fa e le gore rotlhe re direla Jehofa gotlhe mo re ka go kgonang mo motlheng ono wa thobo, o tla re tshololela masego a gagwe a magolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela