Tora ya Tebelo—Dijo Tsa Semoya ka Nako e e Tshwanetseng
1 Mo e ka nnang dingwaga di le 114, Tora ya Tebelo e ntse e tlhagisa babadi ba yone gore ba tsoge semoyeng. Mmata wa yone eleng Tsogang! e dira gore batho ba ba tshelang mo nakong eno ba nne le tsholofelo mo lefatsheng le lesha la kagiso le polokesego le Mmopi a le solofetsang. Dikgatiso tseno ka bobedi e ntse e le didirisiwa tse di ikanyegang tse di re phatsimisetsang tsela mo lefatsheng leno le le lefifi. (Isa. 60:2) Boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ga bo ke bo fetoga, mme re nna re ntse re le tlhaloganya botoka fa jaaka Jehofa a ntse a dirisa didirisiwa tseno le tse dingwe go re abela ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’—Math. 24:45; Dia. 4:18.
2 Dirisa Dimakasine Tseno ka Botlalo: Re ka bontsha gore re itumelela go bo re ile ra sedimosiwa semoyeng ka go tlhagafalela go kgothatsa batho go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! Batho ba le bantsi ba ikamogelela dikopi tsa dimakasine tseno ka bongwe ka bongwe ka metlha ebile go bonala ba ipelela go di bala. Ke ka ntlha yang o sa ba botse gore a ba ka se rate go ikamogelela dimakasine tseno ka metlha di tla ka poso?
3 Re batla go kgothaletsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang gore ba itirele peeletso ya Tora ya Tebelo le Tsogang! Ga re batle go lebala bao re leng mo kgwebong le bone, baagisani ka rona, le balosika, le fa gone kwantle ga pelaelo re tlile go bona bontsi jwa dipeeletso fa re dira ka ntlo le ntlo. A bana ba rona ba na le peeletso? A re kile ra akanya ka go romelela mongwe yo tota re mo ratang mpho ya peeletso? Go tweng ka bao re ba boelang ka metlha kana le eleng ba re ithutang le bone Bibela? Fa batho ba sa kgone go duelela peeletso ya ngwaga, ba tsamaisetse ya dikgwedi di le thataro. Fa motho a sa batle go dira peeletso mo kgothaletse go bala dimakasine tseno tse pedi. Ka go dira jalo o ka nna wa simolola tselana ya dimakasine e ntšha.
4 Mo bogautshwaneng jaana re lemogile gore go tsamaisiwa ga dimakasine mo Afrika Borwa go wetse kwa tlase. Ke ka ntlha yang re sa dire maiteko a magolo fela thata gore re tsamaisetse mongwe le mongwe yo re kopanang le ene dimakasine tsa rona tse dintlentle ka April? Re ka nna ra tsamaisetsa ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone, le balosika ditokololo tsa dimakasine ka bongwe ka bongwe. Gape dimakasine tseno re ka nna ra di tsamaisetsa borakgwebo ba re ba tlwaetseng le go di tsamaisa mo bosuping jwa mmila.
5 Fa phuthego e sena go amogela dimakasine tse disha ka bofefo fela di tshwanetse go neelwa baboledi. Fa o amogela tokololo e ntšha, dira gore o itlwaelanye le yone thata. Ke ditlhogo dife tse di amang batho ba ba mo karolong ya lona thata? A ke kagiso ya lefatshe le polokesego? A ke tsa itsholelo? A ke puso e e molemo? A ke tikologo? Ka tsela e e tlhomologileng, Tora ya Tebelo e bolelela batho ka tharabololo e le yosi e e tla nnelang ruri e e leng Bogosi jwa Modimo. (Dan. 2:44; Math. 6:10) Eleruri ke mpho ya mahala e e tswang kwa ‘Mokaeding wa Rona Yo Mogolo.’—Isa. 30:20.
6 Ka April le May re tla nna le sebaka se se molemolemo sa gore re dirise nako e e oketsegileng mo tirelong ya tshimo. Ereka May e na le mafelobeke a le matlhano, ba le bantsi ba tlile go ikwadisa jaaka babulatsela ba ba thusang. Rotlhe re ka ipeela mekgele ka namana gone jaanong gore re oketse tirelo ya rona ya tshimo mo dikgweding tseno tse pedi mme re kgothaletse mongwe le mongwe yo re kopanang le ene ka matlhagatlhaga gore a itirele peeletso ya Tora ya Tebelo le Tsogang!