Dipokano Tsa Tirelo ka December
ELANG TLHOKO: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka dikgwedi tsa kopano. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tla di nayang sebaka sa go nna gone kwa kopanong ya kgaolo mme morago ga moo di nne le poeletso ya dintlhakgolo tsa thulaganyo eo ka metsotso e le 30 mo Pokanong ya Tirelo mo bekeng e e latelang. Poeletso ya letsatsi le letsatsi e ka nna ya abelwa bakaulengwe ba le babedi kana ba le bararo ba ba tshwanelegang go sale gale bao ba tla kgonang go tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono. Poeletso eno e e baakanyeditsweng sentle e tla thusa bakaulengwe gore ba gakologelwe dintlha tsa konokono tse ba tla di dirisang ka namana le mo tshimong. Dikakgelo tsa bareetsi le maitemogelo a a amanang le seo a tshwanetse a khutshwafadiwa ebile a opa kgomo lonaka.
Beke E E Simololang ka December 7
Pina 218
15 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akantsha ka ditsela tse di tsosang kgatlhego tse di mo dimakasineng tse di tla tsamaisiwang mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano. Itsise ka dithulaganyo tse di dirilweng ke bagolwane tsa gore basha ba nne le seabe mo bodiheding ka nako ya fa dikolo di tswetswe. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kana ba le babedi ba ba tsenang sekolo bao ba tsereng tirelo ya bobulatsela jo bo thusang ka December, fa e le gore go na le bangwe. Kgothaletsa botlhe mo phuthegong gore ba tshegetse le go bereka mmogo le basha bano. Ereka ba le bantsi ba ka nna ba bo ba le mo malatsing a boikhutso kana ba ya kopanong kwa bofelong jwa December, kgothaletsa baboledi botlhe gore ba tsenye dipego tsa bone mo lebokosong la dipego pele ga ba ka ya malatsing a boikhutso.
15 mets: “Tlhotlheletsa Ba Bangwe Gore Ba Lebe Thata kwa go Jesu.” Puo e e kgothatsang, e e bontshang botlhokwa jwa buka ya Monna Yo Mogolo mo go thuseng batho go obamela ka tsela e e tshwanetseng.
15 mets: A O Sweditse Dithulaganyo tsa Gago tsa go Nna Gone kwa Kopanong ya Kgaolo? Puisano e e matlhagatlhaga ka mogolwane le motlhanka wa bodihedi. (E nne bakaulengwe ba ba tla yang kopanong le phuthego ya bone.) Tlhalosang lebaka la go bo re tshwanetse go nna gone kwa kopanong. (Dute. 31:12, 13) Botlhe ba tshwanetse gore ba reetse ka kelotlhoko ka boikaelelo jwa go tlhomamisa kafa ba ka dirisang ka gone tshedimosetso eo ka namana le mo tirelong ya tshimo. Go tlhokega gore go netefatswe gore botlhe ba na le dithulaganyo tsa dipalamo. Go na le ditlhagiso dingwe tse rotlhe re tshwanetseng go nna re di gopotse. Go se nne ope yo o rulaganyang go ya go itlosa bodutu go fitlhelela go le bosigo thata ka nako ya kopano, ereka rotlhe re tlhoka go ikhutsa ka mo go lekaneng. Re tshwanetse go rulaganyetsa go neela bosupi. Go bomang? Go batho bao re kopanang le bone mo dipalangweng tsa batho botlhe le mo mafelong a go tshelwang dipeterolo gone, diresetšurenteng, dihoteleng, le tse dingwe fela jalo. Dira gore o nne le dibuka tse di lekaneng go sale pele tse o tla di tsamaisetsang batho ba re tla buang le bone fa re le mo malatsing a boikhutso le fa re le mo kopanong. (Gape ba ka nna ba akaretsa le dikgakololo tse di mo tsenyeletsong ya October 1992 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.)
Pina 205 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka December 14
Pina 20
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Akaretsa le pego ya tsa madi le dikitsiso dipe tsa gore go amogetswe meneelo. Akgola phuthego go bo e tshegetsa phuthego ya lefelo la lona ka dilo tse di tlhokegang mmogo le Letlole la Diholo tsa Bogosi la Mokgatlho le tiro ya Mokgatlho ya lefatshe ka bophara. Fa nako e letla, tlotla ka maitemogelo a a tlhophilweng a fa go ne go dirisiwa buka ya Monna Yo Mogolo go thusa batho go obamela ka tsela e e tshwanetseng. Itsise ka dithulaganyo tse di kgethegileng tsa go neela bosupi ka December 25.
20 mets: “Abalana Kitso ya Boammaaruri ka ga Jesu Keresete.” Dipotso le dikarabo. Bontsha kafa buka ya Monna Yo Mogolo e ka dirisiwang ka gone jaaka go akantshitswe mo serapeng sa 2.
15 mets: “Nna O Ntse O Bua ka Dilo Tse O Di Boneng le Tse O Di Utlwileng.” Puo. Akaretsa le maitemogelo a a tlhophilweng a lefelo la lona a basha bao ba direlang jaaka babulatsela ba ba thusang kana bao ba ileng ba sola molemo malatsi a sekolo a boikhutso gore ba oketse bodihedi jwa bone.
Pina 71 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka December 21
Pina 53
8 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona; akaretsa le kitsiso ya go neela bosupi jo bo kgethegileng ka January 1. Akantsha ka ntlha e le nngwe kana di le pedi tse di ka buelelwang tseo di ka dirisiwang fa o simolola motlotlo mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.
15 mets: “Latelela ba ba Kgatlhegang ka Temogo mo Malatsing a Boikhutso.” Tlotla le bareetsi. Dira pontsho ka dintlha tse di mo serapeng sa 3 le 4.
10 mets: Letlole la Dipotso. Puo ka mogolwane.
12 mets: Baboledi Ba Basha Ba Tlhagisa Maikutlo a Bone. Simolola karolo eno ka go umaka palo ya batho bao ba tsenang sekolo mo phuthegong. Go setse go kolobeditswe ba le kae ba bone? Ke ba le kae ba bone ba ba direlang jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang? Gape o ka nna wa rata go ntsha dipalo tsa tirelo ya tshimo tse di supang se basha ba se fitlhelelang. Ba akgole fa go tshwanetseng teng. Morago ga moo dira gore go nne le basha bangwe ba ba ipaakanyeditseng go tlhalosa kafa ba ileng ba tshwanelega ka gone gore ba nne baboledi ba ba sa kolobediwang le lebaka la go bo ba itumelela tirelo ya tshimo ebile ba batla go arola ka mo go oketsegileng mo go yone. Mekgele ya bone ke efe ya mo isagweng? Bao ba botsolotswang ba tshwanetse ba ntsha maikutlo a bone a a siameng mme ba sa boaboeletse mafoko ao ba ileng ba kopiwa gore ba a tshware ka tlhogo.
Pina 128 le thapelo e e konelang.
Beke E E Simololang ka December 28
Pina 196
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dikgang tsa Bolegodimo. Bontsha kafa o ka dirisang ka gone dibuka tseo di tla bong di tsamaisiwa mo lefelong la lona ka January.
10 mets: “Dira Gore go Ikatisa ka Tsela ya Poihomodimo E Nne Boikaelelo jwa Gago.” Puo e e kgothatsang ka molebedi wa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. Tlhalosa ka phepafalo kafa Puo ya No. 2 e tshwanetseng ya neelwa ka teng, mme o gakolole bao ba abelwang go dira kakaretso ya mmalo wa Bibela gore ga ba a tshwanela go akgela ka bophara mo karolong ya Bibela e e abetsweng Puo ya No. 2.
13 mets: “O Ka Kgona go Gomotsega ka Dinako tsa fa O Ngomogile Pelo.” (wTN92 7/15 dits. 19-22) Puo e e kgothatsang ka mogolwane.
12 mets: Dilo tse di tlhokegang tsa mo lefelong la lona.
Pina 103 le thapelo e e konelang.