LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/92 ts. 2-3
  • Dipokano Tsa Tirelo ka January

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo ka January
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka December 30
  • Beke E E Simololang ka January 6
  • Beke E E Simololang ka January 13
  • Beke E E Simololang ka January 20
  • Beke E E Simololang ka January 27
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 1/92 ts. 2-3

Dipokano Tsa Tirelo ka January

Beke E E Simololang ka December 30

Pina 201

5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tshwanetseng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

20 mets: “A O Anaanela Phuthego ya ga Jehofa e e mo Lefatsheng?” Puo e e tserweng mo go Tora ya Tebelo ya November 1, 1991, ditsebe 30-1.

20 mets: “A Botlhe Ba Itse Gore Polokesego ya Lefatshe ka Bophara E Gaufi.” Morago ga dikakgelo tse dikhutshwanyane tse di simololang, tlotla ka tsela nngwe le nngwe ya go fetela kwa bukeng o bo o dira pontsho ya baboledi ba ba ipaakanyeditseng sentle ba bontsha kafa ditsela tseno di diriwang ka gone ba dire jalo go ya kafa nako e letlang ka gone. Go tla nna molemo fa pontsho ya Tsela ya bo 2 ya go fetela kwa bukeng e diriwa ke mosha, fa e le gore go a kgonega. Tsela ya bo 3 ya go fetela kwa bukeng e letla mmoledi gore a tlogele mong wa ntlo a santse a akanya ka kgopolo nngwe e e kgatlhang ya Dikwalo. Kgothaletsa bakaulengwe ka botsalano gore ba dirise nngwe ya diketapele tse di akantshitshweng tseno tse di mo go tsebe 4 le nngwe ya ditsela tseno tsa go fetela kwa bukeng.

Pina 30 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 6

Pina 126

5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona.

10 mets: “Mokgwa O O Mosola wa go Baakanyetsa Tirelo ya Tshimo.” Tlotla setlhogo seno le bareetsi, mme morago ga moo o bo o kopa baboledi ba le bararo kana ba le banè bao ba abetsweng go sale gale gore ba akgele ka tsela e e kgethegileng ka ditsela tseo mokgwa ono o ka ba solegelang molemo ka gone. Ka sekai, ba ka nna ba akgela ka dilo tse di farologaneng tseo di ka buiwang kwa tshimong, ditsela tseo ka tsone go ka nyalanwang motlotlo le tshimo ya lefelo la lona, go fetofetoga go ya ka maemo, kana gore mokgwa ono o letla baboledi gore ba tlhophe dintlha tseo ba ikutlwang ba phothulogile fa ba di buelela. Kgothaletsa baboledi gore ba tle le sekaelo sa bone sa Tirelo ya Rona ya Bogosi fa ba tla mo dipokanong tsa tirelo ya tshimo.

18 mets: “Diketapele tsa go Dira Gore Beng ba Matlo ba Reetse.” Ka bokhutshwanyane, tlotla kafa tshimo ya lefelo la lona e rulagantsweng ka gone. Ke dikgang dife tse e leng tsa botlhokwa thata go beng ba matlo? Tlhoma mogopolo mo ketapeleng le mo dintlheng tseo di ka buiwang mo tshimong tseo go senang pelaelo epe gore di tla dira gore le bone matswela mo lefelong la lona. Nna le mmoledi yo o ipaakanyeditseng sentle a dira pontsho ya dintlha tseno a bo a tsamaisa buka ya Kagiso ya Boammaaruri. Mmoledi o tshwanetse a bua dintlha tseno fela jaaka di kwadilwe mo setlhogong. Morago ga moo mosha wa dingwaga tsa sekolo a ka nna a dira pontsho a dirisa tsone dintlha tseno a bo a konela ka go tsamaisetsa motho yo o kgatlhegang dimakasine. Kgothaletsa botlhe gore ba leke go dirisa mokgwa ono mo tirelong ya tshimo.

12 mets: “Medical Document” le “Identity Card.” Mokwaledi o letla gore maloko a a kolobeditsweng a phuthego a abelwe dikarata tseno. Fa o baakanyetsa, boeletsa lekwalo la January 1, 1990 go bona dintlha tse di botlhokwa tseo di tshwanelang dilo tse di tlhokegang tsa mo lefelong la lona. Gatelela ntlha ya gore batho ba babedi bao ba saenang jaaka basupi ba tshwanetse ba ela tlhoko gore karata e saenilwe mme morago ga moo ba bo ba e saena le bona. Ntshetsa bareetsi mabaka gore ke ka ntlha yang fa ditaelo di tshwanetse tsa latelwa ka kelotlhoko e le go dira gore dikarata tseno di re sireletse ka tsela e e molemo thata. Bagolwane ba ka nna ba latedisa seno morago ga pokano fela jaaka ba ile ba dira mo ngwageng o o fetileng. Lo se ka lwa diega go tlatsa dikarata tseno le go dira gore di saeniwe ka tsela e e tshwanetseng.

Pina 130 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 13

Pina 176

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikgang tsa Bolegodimo. Akaretsa pego ya tsa madi le meneelo e e amogetsweng.

15 mets: A Nka Tsenela Tirelo ya Bobulatsela? Mo nageng eno, mo e ka nnang 7 lekgolong ya baboledi botlhe ke babulatsela ba nako e e tletseng. Bapisa seno ka go bolela dipalo tsa mo lefelong la lona. A ba ba oketsegileng ba rona go akaretsa le basha bao ba sa tswang go fetsa mo sekolong se segolo ba ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng? Botsolotsa babulatsela ba le bararo ba nako e e tletseng segolobogolo mosha, mmalelapa, le motho yo o sa tlholeng a bereka. (Fa e le gore ga go na babulatsela ba nako e e tletseng, go ka nna ga dirisiwa babulatsela ba ba thusang kana baboledi bao ba kileng ba bula tsela.) Tlotla ka tsa madi. Ke mefuta efe ya tiro eo e seng ya letsatsi lotlhe eo e leng gone mo lefelong la lona? Mongwe le mongwe wa bone o itshedisa jang? Ke diphetogo dife tsa mekgwa ya go dirisa madi tseo ba di dirileng? Tlotla ka thulaganyo ya go wetsa diura tseo di batlegang. A go na le bape ba bone ba ba nang le mathata a pholo? Ba dirisana jang nao? Ke dilo dife tse di gwetlhang tseo ba ileng ba di fenya ka katlego? Dipotsolotso tseno e tshwanetse go nna tse di mosola le tse di kgothatsang. Dira boikuelo ka botsalano mo bareetsing gore ba sekaseke maemo a bone ka namana go bona gore a e ka ne ba ba oketsegileng ba bone ba ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng.

20 mets: Kafa Batsadi Ba Ba Senang Balekane Ba Ka Thusang Bana ba Bone Ka Teng. Ketapele e khutshwanyane eo morago ga yone go tsenang pontsho ya mmè a baakanyetsa tirelo ya tshimo le bana ba babedi. Go feta le eleng leng pele, gompieno mo phuthegong go na le malapa a le mantsi ao a nang le batsadi ba ba senang balekane. Tsela eo mmaagwe Timotheo le mmaagwemogolo ba neng ba mo ruta boammaaruri ka yone e neela sekao se se molemo seo batsadi botlhe ba tshwanetseng go se latela. (2 Tim. 1:5; 3:14, 15) Pontsho: Mmè, ngwana wa mosetsana wa dingwaga tsa bolesome, le ngwana wa mosetsana yo mmotlana ba dutse mo tafoleng mo boapeelong, ba sa tswa go fetsa go ja dijo tsa maitseboa. Mmaabo o ba bolelela gore pele ba tlhatswa dijana, ba tla boeletsa dintlha tsa bone tseo ba tlileng go di dirisa kwa tirelong ya tshimo le gore ene o tla nna mong wa ntlo. Ngwana wa mosetsana yo mmotlana o tlhopha ketapele go tswa mo tsebeng ya 4 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi a bo a buisana le mmaagwe a dirisa ketapele eno. Mmaagwe o mo akgola ka botsalano a mo akgolela tiro eo a e dirileng sentle a bo a mo kopa gore a bale lekwalo leo Mokgatlho o akantshitseng gore le balwe. Mosetsana yo mmotlana yono o leba lekwalo la Isaia 9:6, 7 ka bonako a bo a le bala. Morago ga foo mmè o botsa ngwana wa mosetsana yo mogolwane gore o tla tsamaisa jang buka. Ngwana yono wa mosetsana o tlhopha tsela ya go fetela kwa bukeng mo go tsebe 1 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi a bo a buisana le mmaagwe a dirisa tsela eo. Mmè o a mo akgola mme morago ga moo o kgothatsa basetsana ba babedi bano gore ba itlwaelanye le ketapele le tsela ya go fetela kwa bukeng gore ba tle ba tsamaise buka mo tirelong ya tshimo. Basetsana bano ba bolelelwa gore ba tla dira seno ka lobakanyana mme morago ga foo ba tla tshwanela gore ba tlhatswe dijana. Mogolwane o konela puo eno ka go kgothatsa malapa otlhe mo phuthegong gore a thuse bana ba bone ka lorato.

Pina 183 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 20

Pina 192

15 mets: Mogolwane o tshwanetse go neela dikitsiso tsa lefelo la lona le go tlotla ka dilo tse di tlhokegang tsa mo lefelong la lona. Tlotla ka dintlha tse di farologaneng tseo di ka buelelwang go tswa mo dimakasineng tsa bosheng, o dire jalo go ya kafa nako e letlang ka gone. Tlhopha e le nngwe fela eo e tla nyalanang sentle le nngwe ya diketapele le ditsela tsa go fetela mo bukeng tseo di akantshitsweng tse di mo tokololong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Morago ga moo nna le mmoledi yo o ipaakanyeditseng sentle a tsamaisetsa motho yo o kgatlhegang dimakasine a dirisa dintlha tsotlhe tseo di tlileng go dirisiwa kwa tshimong a dirisa ketapele le tsela ya go fetela kwa bukeng. Tlhalosa ntlha ya gore go motlhofo go bona motho yo o kgatlhegang fa o dira gore batho ba nne le seabe mo motlotlong le fa o dirisa dintlha tseo go akantshitsweng gore di dirisiwe kwa tshimong.

18 mets: “Amogela Boikarabelo jwa go Dira Maeto a go Boela.” Dipotso le dikarabo. Kgothaletsa botlhe ka botsalano gore ba nne le seabe ka botlalo mo go direng maeto a go boela. Kgothaletsa botlhe gore ba boele mo bekeng e e tlang ka nako ya fa Pokano ya Tirelo e tla bo e tlotla ka seo se tshwanetseng sa buiwa fa go dirwa loeto lwa go boela.

12 mets: Motlotlo o o kaga “Go Senya Mpa” o o tswang mo bukeng ya Go Fetolana, ditsebe 177-9. Morago ga fa o sena go dira ketapele e khutshwanyane ya setlhogo seno, o bontsha kafa go senya mpa e leng selo seo go buiwang thata ka sone mo dikgannyeng gompieno ebile e le selo seo dimilione tsa batho le tsone di buang thata ka sone, dira ketapele o bolela se se tlileng go dirwa ke kgaitsadi a tshwere thuto ya Bibela. Moithuti yo mosha wa Bibela o itsise kgaitsadi yono kafa a tshwenyegileng thata ka teng ka ntlha ya go bo a imile. O tlhalosa kafa a tshwenyegileng ka gone, ereka boemo jwa tsa madi mo lelapeng e se jo bo siameng. Batho ba lefatshe bao a amanang nabo ka losika ba mo tlhotlheletsa gore a senye mpa eo ka bonako. Kgaitsadi o akantsha gore ba lebe buka ya Go Fetolana mme ba batlisise Dikwalo go bona gore Jehofa o leba jang botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsholwe le gore a e ka ne o leba go senya mpa e le selo se se siameng. Sa ntlha, ba tlotla ka seo se tlhalosiwang ke go senya mpa. Morago ga moo ba tlotla ka dipotso, dikwalo, le dikakgelo tse dingwe tse di leng mo ditsebeng 177-9. Kgaitsadi yono o tshwanetse a thusa moithuti yono gore a akanye le gore a anaanele kafa botshelo bo leng boitshepo ka gone.

Pina 164 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka January 27

Pina 92

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Kgothaletsa baboledi gore ba dire dithulaganyo gone jaanong gore ba tseye bobulatsela jo bo thusang ka March le ka April. Kgothaletsa malapa, mmogo le baboledi ba babotlana bao ba tla bong ba le mo malatsing a boikhutso mo kgweding ya March kana ya April gore ba bone gore ke dithulaganyo dife tseo ba ka di dirang gore ba nne le seabe se segolwane mo tirelong ya tshimo.

20 mets: “Ke Eng Seo O Tla Se Buang Fa O Dira Loeto lwa go Boela?” Tlotla setlhogo seno le bareetsi mme o nne le baboledi bao ba ipaakanyeditseng go dira pontsho ya dikakantsho tseo di leng mo dirapeng ba e dire ka tsela eo dikakantsho tseno di tlotliwang ka yone. Dipontsho tse dikhutshwanyane tseno di tshwanetse tsa boelediwa pele ga nako.

15 mets: “Go Adima Bakeresete ba Bangwe Madi.” Mogolwane o neela puo e e tswang mo setlhogong se se mo go Tora ya Tebelo ya October 15, 1991, ditsebe 25-8.

Pina 147 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela