LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/91 ts. 2
  • Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ditlhogwana
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 6
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 13
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 20
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 27
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 5/91 ts. 2

Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa

BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 6

Pina 63

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tshwanelang go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Bolela dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo. Bolela dithulaganyo dipe tse di kgethegileng tsa go neela bosupi mo malatsing a boikhutso a lefatshe, eleng May 9 le 31. Bolela boitemogelo bo le bongwe kana a le mabedi kaga dipeeletso tseo di bonweng go tla go fitlha jaanong.

25 mets: “Sokololang Batho go tswa kwa Lefifing go ya kwa Leseding.” Se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Mo go serapa 6, dira gore baboledi ba bolele bobotlana maitemogelo a le mabedi malebana le ka moo Tora ya Tebelo e ba solegetseng molemo ka gone kana e solegetseng malapa a bone molemo ka gone. Mo go serapa 7, bolela dikakantsho tse di leng go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1991, tsebe 7, malebana le bao re ka ba neelang dipeeletso.

10 mets: Letlole la Dipotso. Puo ka mogolwane. Bontsha kafa kgakololo eno e dirang ka gone mo maemong a lefelo la lona jaaka fa go tlhokega mme o dira jalo ka tsela e e botlhale mme ka tlhamalalo. O ka nna wa dira gore bareetsi ba akgele mo motlotlong.

Pina 192 le thapelo e e konelang.

BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 13

Pina 221

8 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le pego ya madi. Akaretsa le kitsiso ya gore meneelo e amogetswe. Akgola phuthego ka tsela e e molemo ka tsela eo ba tshegetsang dilo tse di leng malebana le Bogosi ka gone ka madi mo lefelong la lona le mo lefatsheng ka bophara.

17 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Ka Diura tsa Maitseboa.” Se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Bolela dithulaganyo tsa mo phuthegong tsa go neela bosupi mo maitseboeng. Go ka nna ga dirisiwa boitemogelo jwa mo lefelong la lona jo bokhutshwane go tlotlomatsa kafa go neela bosupi ka diura tsa maitseboa go leng botlhokwa ka gone.

20 mets: Itumele le Lefatshe Lotlhe ka Go Re: “Tla.” Puo, potsolotso/dipotsolotso, le boitemogelo/maitemogelo tseo di theilweng mo ditlhogong tse di simololang tsa Tora ya Tebelo, ya January 1, 1991. Puo e e neelwang ka matlhagatlhaga le e e kgothatsang ya tshedimosetso e e tswang go Tora ya Tebelo le dipolelo le maitemogelo a a tswang mo baboleding ba ba tlhagafetseng ba lefelo la lona, bao ba bontshang go itumela goo.

Pina 65 le thapelo e e konelang.

BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 20

Pina 181

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Tlotlomatsa ntlha e le nngwe kana di le pedi tseo di ikuelang go tswa mo makasineng wa bosheng. Gakolola phuthego ka dithulaganyo tsa go neela bosupi ka May 31.

20 mets: “Go Thusa Ba Bangwe Fa Re Le mo Tirelong ya Tshimo.” Puo, bareetsi ba tla ba nna le seabe. Botsolotsa mmoledi yo o tlhomang sekao a tlhalose melemo eo a e bonang ka ntlha ya go bereka le ba bangwe mo tirelong ya tshimo.

15 mets: Dilo tseo di tlhokang go tlhokomelwa mo lefelong la lona kana puo eo e theilweng mo setlhogong se se reng “A Ga O Rate go Tshwaiwa Phoso?” se se go Tsogang! ya February 8, 1991. Sebui se tshwanetse sa bolela ka tsela e e utlwalang sentle ditsela di le thataro tseo go tshwaiwa phoso go ka itshokelwang ka tsone.

Pina 115 le thapelo e e konelang.

BEKE E E SIMOLOLANG KA MAY 27

Pina 170

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dikgang tsa Bolegodimo. Boeletsa mpho ya June le ka moo e ka golaganngwang ka gone le Setlhogo sa Motlotlo, “Jaanong ke Nako ya Gore go Batlwe Modimo.” Dikwalo tse di akantshitsweng ke Isaia 55:6, 7 (Modimo wa boammaaruri a ka bonwa) le Dit. 17:26, 27 (motho o tshwanetse a batla Modimo jaanong).

20 mets: “Dirisang Bibela mo Tirelong ya Tshimo.” Se tlotliwe ka dipotso le dikarabo. Mo go serapa 6, dira gore go nne le pontsho e khutshwane eo mo go yone go neelwang mpho ya June. Dirisa lokwalo lo le longwe fela mo go a Setlhogo se sesha sa Motlotlo.

15 mets: “Ka Moo Index E Ka Solegelang Lelapa Molemo ka Gone.” Se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Fa lo tlotla serapa 2, dira gore banyalani ba bontshe ka moo ba dirisang Index ka gone, ba bontsha ditlhogwana tse di farologaneng tseo di kgatlhisang mo setlhogong se segolo sa “Marriage.” Fa e le gore Index ga e gone, bontsha dintlha tseno ka go dirisa tatelano ya ditlhogo ya ngwaga le ngwaga ya ditokololo tsa December 15 le 8 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

Pina 151 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela