Dipokano go re Thusa go Dira Barutwa
BEKE E E SIMOLOLANG KA FEBRUARY 4
Pina 92
15 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tseo di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi di tshwanetse tsa tshwarwa ke molebedi yo o okamelang. Kgothaletsa botlhe gore ba otore dimakasine tse di oketsegileng ba di otorele letsatsi le le kgethegileng la dimakasine ka April 6. Itsise phuthego ka dithulaganyo tseo di setseng di dirilwe tsa gore botlhe ba nne le seabe mo tirong ya makasine mo letsatsing leo. Fa nako e letla, bontsha ditsela tseo ka tsone go ka neelwang dimakasine tsa bosheng mo tshimong ya lona. Kgothaletsa gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.
15 mets: “Nna Pelokgale go Ntsha Taletso E E Reng ‘Tla!’” Motlotlo wa dipotso le dikarabo le dipontsho. Tlotla ka dintlha tseo di leng go setlhogo sa Tirelo ya Rona ya Bogosi, o tlotlomatsa kafa temana ya ngwaga e ka dirisiwang ka gone, eleng Tshenolō 22:17. Dira dipontsho tse pedi tse dikhutshwane go bontsha ka moo go ka tsamaisiwang mpho ya bosheng mo tshimong ya lefelo la lona ka gone.
15 mets: “Itlwaelanye le Dikgatiso Tse Disha Tseo Di sa Tswang go Gololwa kwa Kopanong.” Motlotlo o o tlotlwang ka tlhamalalo le bareetsi, o otlelela dintlha dingwe tseo eleng tsa konokono go tswa mo kgatisong nngwe le nngwe tseo di tlileng go nna molemo mo lefelong la lona. Bakaulengwe ga ba a tshwanela go diega go dira gore tshedimosetso eno e nne ya bone.
Pina 20 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA FEBRUARY 11
Pina 193
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Pego ya madi. Kopanyeletsa go bontsha go anaanela tsela eo phuthego e leng pelotshweu ka gone mo go tlhokomeleng ditlhokafalo tsa lefelo la lona, mme o bolelele bakaulengwe gore Mokgatlho o amogetse meneelo eo e rometsweng ebile o a e lebogela.
20 mets: “Go Neela Mafoko A A Molemo—Ka Bosupi jwa Mmila.” Dipotso le dikarabo. Tsenyeletsa dipontsho di le pedi kana di le tharo tse dikhutshwane go bontsha dintlha tseo baboledi ba tla kgonang go di dirisa fa ba neela bosupi jwa mmila mo bekeng eno.
15 mets: Dira Dithulaganyo tsa Gore O Tseye Bobulatsela Jo Bo Thusang ka Dikgwedi tsa Segopotso. Puo eo e kgothatsang eo e nang le tshedimosetso e e thusang bao ba tla ratang go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka March kana ka April kana ka dikgwedi tseno tse pedi. Bontsha ntlha e e kafa tlase ga Dikitsiso eo e leng malebana le bobulatsela jo bo thusang le go otora dimakasine tse di oketsegileng. Tlhalosa gore ke dithulaganyo dife tseo phuthego le baboledi botlhe ba ka di dirang e le gore ba kgothatse le gore ba thuse bao ba tla bong ba bula tsela ka setlha sa Segopotso. Diphuthego tseo di tlhokang tshimo e e oketsegileng di ka nna tsa bereka tshimo e e sa abiwang eo di neng di e bereka ngogola. Nna le diforomo tsa bobulatsela jo bo thusang mo go wena o di tseele bao ba ka nnang ba di kopa morago ga pokano eno. Go ka nna ga bolelwa gore go tla bo go na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng ka March le gore go tla dirwa maiteko a a kgethegileng gore go lalediwe batho kwa moketeng wa Segopotso ka March 30 le ka puo e e kgethegileng ya phatlalatsa eo e rulaganyeditsweng go neelwa ka April 7. Gape otlelela letsatsi le le kgethegileng la makasine ka April 6.
Pina 130 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA FEBRUARY 18
Pina 71
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Letlole la Dipotso. Bontsha kafa go tlhokafalang ka gone gore baboledi botlhe ba itse leina le le siameng la phuthego ya bone mmogo le go itse maina a bagolwane bangwe kana bagolwane botlhe. Kgothaletsa gore go nniwe le seabe ka botlalo mo tirelong ya tshimo mafelobekeng ano, gongwe o ka nna wa neela dikakantsho tsa gore ke dintlha dife tseo di tshwanelang tseo di ikuelang mo dimakasineng tsa bosheng.
15 mets: “Go Diragatsa Bodihedi jwa Rona jwa Bogosi Jaaka Basupi ba ga Jehofa.” Mokaulengwe yo eleng morutisi yo o tshwanelegang o tlotla ka tshedimosetso eo e neetsweng mme o bontsha ka moo dikarolo tseo di umakilweng tsa go tokafatsa bodihedi jwa rona di ka dirisiwang ka gone.
20 mets: “Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe.” Go tlotliwa ka dintlha tse di mo teng ga tsenyeletso ka dipotso le dikarabo. Akgola bakaulengwe ka meneelo eo ba e ntshang ka bopelotshweu ba e ntshetsa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le ka kemonokeng eo botlhe ba e neetseng mo tirong ya go aga ya lefelo la lona.
Pina 211 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA FEBRUARY 25
Pina 148
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikgang tsa Bolegodimo. Akantsha ditsela tseo go ka neelwang dimakasine ka yone ka tsela e e tshwanelang o bo o dire pontsho ka gone. Kgothaletsa gore go nniwe le seabe mo tirelong ya tshimo mo mafelobekeng ano.
15 mets: “Ka Moo Jehofa A Atlegisang Tiro ya Gagwe ka Gone.” Puo eo e theilweng mo setlhogong se se leng go Tora ya Tebelo ya December 1, 1990, ditsebe 22-5.
20 mets: Ipaakanyetse Tirelo ka March. Ka March re tla bo re tsamaisa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! Dikakantsho tse di molemolemo tsa ka moo go ka tsenyelediwang buka eno ka gone le ka moo e ka tsamaisiwang ka gone di ne tsa tlotliwa mo tokololong ya February 1989 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka dingwe tsa dikakantsho tseno tseo di ka nnang tsa supega di le molemo mo baboleding mo mafelobekeng ano. Bontsha ka moo buka eno e ka neelwang ka gone.
Pina 63 le thapelo e e konelang.