Thusa ba Bangwe Gore e Nne Ditswerere mo go Diriseng Lefoko la Modimo
1 Jehofa o re tlametse ka dilo di le dintsi go re thusa gore re nne le bokgoni mo go direng bodihedi jwa rona ka namana. Ereka re ile ra dirisa seo a re neileng sone, ‘dikgato tsa rona di ile tsa tlhomamisiwa.’ (Pes. 37:23) Ka sekai, mo e ka nnang dingwaga di le 50 Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se ntse se neela thapiso kgato ka kgato malebana le go nna le botswerere jwa go bua le jwa go ruta. Sone se ntse se thusiwa ke Pokano ya beke le beke ya Tirelo, ka dipuo tsa yone tse di molemo, dipontsho, le dinako tsa metlotlo.
2 Re solegelwa molemo ke maeto a ka metlha ao a dirwang ke balebedi ba potologo. Molebedi wa tirelo o etela setlhopha sengwe le sengwe sa thuto ya buka mme o se neela kgothatso e e lorato go re thusa gore re tokafatse dikgono tsa rona mo bodiheding jwa phatlalatsa. Mo godimo ga tsotlhe tseno, nako le nako fa re kopana go ya tirelong ya tshimo, metsotso e le lesome eo re newang thuto e e mosola ka yone e a re kgothatsa ebile re neelwa dikakantsho tse di mosola tsa letsatsi leo. (Baheb. 10:23-25) Dithulaganyo tsa go nna jalo tseo di dirwang ke phuthego ya ga Jehofa di bontsha ka moo a amegang ka gone ka tsela e e lorato ka bao a ba neileng gore ba rere mafoko a a molemo.
THUSA BASHA LE DIITHUTI TSA BIBELA
3 Baboledi bao eleng basha le bao ba sa tswang go kopanela ba tlhoka go thusiwa ka namana ka metlha mo bodiheding jwa phatlalatsa. Lemororo nako le nako rotlhe re ka kgona go neela thuso, boikarabelo jo bogolo bo mo batsading le mo go bao ba tshwarang dithuto tsa Bibela le batho ba go nna jalo. (Bagal. 6:6; Baef. 6:4) Gore o nne le bokgoni mo go diriseng Bibela ga go itlele fela fa nako e ntse e tsamaya ebile ga go tle fela fa motho a na le maitemogelo mangwe a a rileng. Gona le moo, go tlhokafala gore motho a thusiwe ka metlha ka namana ka lorato le thapiso.
4 Thuso eo e neelwang ka namana e tshwanetse ya simololwa pele ga motho a nna le seabe tota mo bodiheding. Boeletsa Setlhogo sa Motlotlo. Thusa bao ba tshwanelegang go nna le seabe mo bodiheding gore ba bue ka bokhutshwane. Gongwe ba ka nna ba dirisa nngwe fela ya dikwalo tseo go akantshitsweng gore di ka dirisiwa go fitlhelela ba kgona go nna le maitemogelo a magolwane ebile ba kgona go itshepa. Fa lo bereka mmogo mo tirelong, dirisa nako ya fa lo tswa mo tlung e nngwe lo ya kwa go e nngwe o mo akgola ebile o mo akantsha ka bopelonomi gore a ka tokafatsa jang. Otlelela kafa go tlhokafalang ka gone gore a nne le boikutlo jwa go rapela ka dinako tsotlhe.—Baef. 6:18, 19.
5 Lemororo babulatsela ba le bantsi ba ka metlha le baboledi ba bangwe ba ba nang le maitemogelo ba nna le seabe mo bodiheding thata ka malatsi a fa gare ga beke, abo go tla bo go le molemo jang ne fa baboledi bano ba ba nang le maitemogelo ba kgona go baakanya dithulaganyo tsa bone gape gore ba kgone go ema tirelo ya tshimo ya mafelobeke nokeng gangwe le gape. Go ithontsha dilo moo ga bone go tla anaanelwa fela thata ke ba bangwe bao ba ka ratang go itokafatsa ka go bereka mmogo le bone mo bodiheding.—Mor. 4:9, 10.
6 Ka nako nngwe rotlhe re ne re le basha ebile re se na maitemogelo mo bodiheding. Ba le bantsi ba rona re amogetse kgothatso le katiso go tswa mo baboleding ba ba nang le maitemogelo a a fetang a rona kana go tswa mo babulatseleng. Ka ntlha ya thuso eo jaanong re na le botswerere le boipelo jo bogolo. (Dia. 27:17; Dit. 20:35) Ekete tsela eo re anaanelang ka yone seo Jehofa a re diretseng sone ka thapiso e e matlhagatlhaga mo bodiheding e ka re tlhotlheletsa gore re ithaopele go thusa ba bangwe gore le bone e nne ba ba nang le botswerere ka mo go oketsegileng fa ba dirisa Lefoko la ga Jehofa.