Lebaka La go Bo o Tshwanetse wa Batla go Tshwara Thuto ya Bibela
1 Bongwe jwa maitemogelo ao a duelang go gaisa mo Mokereseteng ke go dirisiwa ke Jehofa go thusa mongwe o sele gore a nne morutwa wa ga Keresete. (Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 3:6, 9) Mo go bao re ba thusang ka tsela eno, go ka nna ga bolela botshelo jo bosakhutleng.
2 Go nna le kamano e e atamalaneng thata gareng ga morutisi le morutwa. Kgolo ya semoya ya seithuti eleruri ke motswedi wa boipelo jo bogolo. (1 Bathes. 2:11, 19, 20) Ka jalo, e tshwanetse go nna mokgele wa Mokeresete mongwe le mongwe go ka tshwara bobotlana thuto e le nngwe ya legae ya Bibela le mongwe yo o eseng leloko la lelapa la gagwe ka namana. Gone ke boammaaruri gore, ke boikarabelo jwa tlhogo nngwe le nngwe ya lelapa gore a tshware thuto ya ka metlha ya Bibela e e nang le bokao le lelapa la gagwe ka namana. Mo malapeng ao mo go one rre a sa dumeleng, go tla tlhokega gore mmè wa Mokeresete a dire dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa gore a ithute Bibela le bana.
RAPELELA GORE O NNE LE DITHUTO
3 Ereka re setse re le kgakala jaana mo nakong eno ya bofelo, botlhe re tshwanetse go dira boiteko jwa gore re tshware dithuto tsa Bibela tse di nang le matswela. Fa re rapela Jehofa ka metlha malebana le seno se supa gore re eletsa ka tlhoafalo go tshwara thuto ya Bibela. Go bontsha gore re bona kgang e e ka kayang loso le botshelo eo e kopanyelediwang mo go seno. (Esek. 33:7-9, 14-16) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa mo maitekong a rona ao re a dirang ka thata.—1 Yoh. 5:14, 15.
4 Gore re nne le matswela mo go direng barutwa, re tshwanetse go baakanyetsa sentle. Gape go mosola thata gore re ele ba bangwe bao ba nang le bokgoni tlhoko fa ba tshwara dithuto tsa Bibela. Mo dikgweding tse di tlang, re tla lo bolelela dikakantsho tseo di tswang mo balebeding ba ba etang le mo go ba bangwe bao ba ileng ba atlega mo go direng barutwa. Metseletsele eno ya ditlhogo e tla otlelela dintlha dingwe tse di leng mosola go ka dirisiwa tseo di leng malebana le kafa go ka simololwang dithuto tsa Bibela tse di nang le matswela ka gone le go di tshwara.
DITLHOGO TSA MO NAKONG E E TLANG
5 Dingwe tsa dintlha tseno tseo go tlilweng go tlotliwa ka tsone mo ditokololong tsa mo nakong e e tlang tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi ke dife? Re tlile go tlotla malebana le ka moo baboledi ba ba farologaneng le babulatsela ba ileng ba simolola dithuto tsa Bibela ka teng le mekgwa ya go ruta eo ba ileng ba e dirisa go ka fitlhelela dipelo tsa bao ba ithutang nabo. Gape re tla lo bolelela dikakantsho tse di leng malebana kafa go ka godisiwang kanaanelo mo phuthegong ya ga Jehofa ka gone le go tlhagolela keletso ya go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Go bile go tla nna le dikakantsho tsa ka moo o ka dirang gore thuto ya Bibela eo o nnang le yone le lelapa la gago ka namana e ka nnang e e nang le bokao ka mo go oketsegileng ka gone gore bana ba gago ba tle ba nne le kamano e e atamalaneng ka namana le Jehofa.
6 Mo dingwageng tse nnè tse di fetileng tsa tirelo, go ile ga kolobediwa batho ba le 959 834 lefatshe ka bophara, mme ba le 12 683 ba bano ba ne ba le mo diphuthegong tsa mo Afrika Borwa. Bontsi jwa batho bano ba ile ba fitlha mo ntlheng ya go kolobediwa ba thusiwa ke mongwe yo o neng a tshwara thuto ya Bibela le bone. Dipalo tsa bao ba nnang teng kwa Segopotsong le mo dikopanong tsa rona tsa kgaolo di bontsha gore go santse go na le ba le bantsi ba ba oketsegileng bao ba ka nnang ba thusiwa gore ba tswelele pele gore ba kolobetswe. Fa re ka tswela pele re dira boiteko jwa gore re simolole dithuto tsa Bibela le ba ba ntseng jalo le go di tshwara nabo, re ka nna ra kgona go ka thusa ba le bantsi ba ba oketsegileng gore e nne barutwa mme kgabagare ba ipelele botshelo jo bosakhutleng.—1 Tim. 6:12, 19.