Dipokano go Re Thusa go Dira Barutwa
BEKE E E SIMOLOLANG KA JANUARY 1
Pina 25
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Gape, bontsha mpho ya January eo e bontshitsweng mo Dikitsisong. Tlotla ka bokhutshwane ka ditsenyeletso tseo di ka dirisiwang le Setlhogo sa bosheng sa Motlotlo.
10 mets: “Parents Who Have Done Their Homework.” (Batsadi Bao Ba Ileng Ba Dira Tiro ya Bone ya kwa Gae) Tlhogo ya lelapa e e tshwanelegang e tlotla ka setlhogo seno se se tswang go Awake! ya September 8, 1988.
10 mets: “Boikarabelo jwa go Nna Morutwa.” Puo eo e tserweng mo setlhogong sa Tora ya Tebelo ya January 1, 1989. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo dithulaganyong tsa tirelo ya tshimo tsa ka mafelo-beke.
15 mets: “Nna O Ntshitse Matlho Gore O Ke O Tsamaise Dibuka tsa Bibela.” Setlhogo seno se sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Fa lo sekaseka serapa 5, nna le pontsho ya mmoledi a ithaopela go simolola thuto ya Bibela koo mong wa ntlo wa gone a setseng a na le buka e e tsamaisiwang gone. Gape, nna le puisano e khutshwane le mmoledi yo o ileng a nna le katlego mo go tsamaiseng dibuka le mo go simololeng dithuto.
Pina 24 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JANUARY 8
Pina 54
5 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tshwanetseng tse di tswang go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Itsise dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa ka mafelo-beke.
25 mets: “Medical Document” le “Identity Card.” Molebedi yo o Okamelang o dira gore dikarata tseno di abiwe a bo a sekaseka lekwalo la January 1, 1990 ka botlalo, leo le leng malebana le “Medical Document” ya baboledi bao ba kolobeditsweng le “Identity Card” ya bana ba babotlana bao ba iseng ba kolobetswe ba motsadi kana batsadi ba Basupi. Neela bareetsi mabaka a go bo ditaelo tseo di tshwanetse tsa latelwa ka kelotlhoko e le gore dikarata tseno di ke di thuse ka botlalo go re sireletsa.
15 mets: Go Bega Tirelo ya Tshimo. E tshwanetse ya neelwa ke mokwaledi. Re ka bontsha tlotlo mo dithulaganyong tsa phuthego ya ga Jehofa ka go bega tirelo ya tshimo ka tlhoafalo ka bonako fa kgwedi nngwe le nngwe e fela. Baboledi ba le bantsi le diphuthego di le dintsi di sa ntse di sa bege tirelo ya tsone ka metlha kgwedi nngwe le nngwe. Mo lobakeng lwa bosheng jaana lwa dikgwedi di le robedi, Mokgatlho o ile wa amogela dipego go tswa kwa diphuthegong tsotlhe mo kgweding e le nngwe fela. Ba bangwe ba tshwanelwa ke gore ba tokafatse mekgwa eo ba begang ka yone. Motshwari wa Thuto ya Buka ya Phuthego o na le seabe sa botlhokwa mo go seno. O tshwanetse a thusa botlhe gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo kgwedi e sa ntse e simologa. Baboledi ba tshwanetse ba bega tirelo ya tshimo mo motshwaring wa Thuto ya Buka ya Phuthego ka bonako fela fa kgwedi e fela e le gore mokwaledi a ke a kgone go romela pego go Mokgatlho e seng morago ga kgwedi e e latelang e tlhola malatsi a le marataro. E ke te tsela eo re begang tirelo ya tshimo ka yone kgwedi nngwe le nngwe e ka bontsha gore re tlotla dithulaganyo tsa phuthego e bile re a di anaanela.
Pina 63 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JANUARY 15
Pina 4
10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Pego ya madi. Kopanyeletsa kitsiso epe ya Mokgatlho ya meneelo yotlhe e o e amogetseng jaaka e bontshitswe mo tshupa-tuelong ya December. Akgolela phuthego go bo e tshegetsa tiro ya Bogosi ya mo lefelong la lona le ya lefatshe ka bophara ka dilo tse di bonalang.
20 mets: “Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Dirisa Dipampitshana ka Katlego.” Dipotso le dikarabo. Fa lo sekaseka serapa 5 le 6, nna le dipontsho di le pedi tseo di bontshang ka moo (1) Botshelo mo Lefatsheng Le Lesha Le Le Nang le Kagiso le (2) Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Bibela di ka dirisiwang ka gone jaaka bontlhabongwe jwa tsenyeletso. Ga go tlhokafale gore go dirwe neelano yotlhe mme pontsho e nne fela malebana le kafa go ka fetelwang mo Setlhogong sa Motlotlo ka gone. Bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore re ithaopele go dirisa dipampitshana ka sebaka sengwe le sengwe. Itsise gore dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa phuthego ke dife, o bo o kope botlhe gore ba nne le seabe mo go yone.
15 mets: Puo ka mogolwane yo o tshwanelegang eo e tserweng mo boroutšhareng ya Sekolo, ditsebe 30 le 31. Gakolola batsadi gore ba etele kwa sekolong le go buisana ka botlhale ka namana le mogokgo wa sekolo malebana le boemo jwa Basupi ba ga Jehofa joo ba bo tsayang ka ntlha ya segakolodi sa bone malebana le thuto ya bodumedi, dilo tse di dirwang fa sekolo se tswa, jalo le jalo. Batsadi ba tshwanetse ba dira gore bana ba bone ba nne ba ipaakanyeditse dikgwetlho tseo ba tla lebanang le tsone kwa sekolong. Nna le pontsho e khutshwane, e e baakanyeditsweng sentle ya motsadi a tlotla ka tsebe 3 ya boroutšhara ya Sekolo le morutabana. A tlogele boroutšhara eno mo morutabaneng.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 1986, tsebe 3, dir. 4, 5.
Pina 188 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JANUARY 22
Pina 171
8 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Boeletsa thulaganyo ya phuthego ya tirelo ya tshimo ya beke eo. Kgothaletsa botlhe bao ba ka kgonang gore ba dire dithulaganyo tsa tirelo mo mafelo-bekeng ano.
12 mets: Ke Ka Ntlhayang Fa O Tshwanetse go Nna Gone kwa Dipokanong ka Metlha? Bontsha melemo ya seo ka bokhutshwane. (g88 6/8 ts. 20, 21) Bangwe ba na le tlwaelo ya go fosa dipokano tsa mo gare ga beke. Tlotla ka palogare ya bao ba nnang gone kwa dipokanong mo phuthegong. Go nna gone kwa dipokanong tsotlhe go botlhokwa gore o ke o nne le pholo e e molemo ya semoya. Tlotla malebana le kafa go tlhokafalang ka gone gore go baakanyediwe dipokano le go nna le seabe mo go tsone, go nna le sekaelo sa gago ka namana sa kgatiso kwa pokanong, le go dula mmogo jaaka lelapa. Go tshwanela matsapa lefa e ka nna afe ao re tshwanelwang ke go a tsaya gore re nonotshe tumelo ya rona jaaka fa re bona letsatsi la ga Jehofa le atamela jaana.—Baheb. 10:23-25.
15 mets: “Go Tokafatsa Tsela Eo Re Nang le Katlego ka Yone Jaaka Badihedi.” Dipotso le dikarabo. Fa lo sekaseka serapa 4, nna le dipontsho di le pedi tse dikhutshwane tsa ditsenyeletso tseo di akantshiwang mo dirapeng 5 le 6 mo tsebeng 16 ya Tora ya Tebelo ya July 15,1988. Dipontsho tseno di tshwanetse tsa dirwa ka bopelo-e-phepa le ka mokgwa o o bontshang maikutlo a mantle.
10 mets: Ditlhokafalo tsa lefelo la lona kana puo e e leng malebana le “Seo go Nna Mokeresete go se Kayang.” E tshwanetse ya theiwa mo kgannyeng e e leng go Insight, Volume 1, ditsebe 440-1. (Tora ya Tebelo ya March 15, 1984, ditsebe 8-11) Bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore re latele sekao sa ga Jesu malebana le lorato le go intsha setlhabelo.
Pina 168 le thapelo e e konelang.
BEKE E E SIMOLOLANG KA JANUARY 29
Pina 135
12 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dikgang tsa Bolegodimo.
13 mets: “Go Kwala Diholo tsa Bogosi Maina.” Akgela malebana le kafa se ka dirisiwang ka gone mo lefelong la lona. Gape tlotla kafa go tlhokafalang ka gone gore go bolokiwe Holo ya Bogosi e le phepa e bile e baakantswe sentle. Balebedi ba potologo ba bega gore diholo dingwe ga di bolokiwe di baakantswe sentle. Tlotla le phuthego ka tshedimosetso e e dirang mo go yone e e mo ditsebeng 61 le 62 tsa buka ya Bodihedi jwa Rona. Akgola bakaulengwe go bo ba ema go phepafatsa Holo ya Bogosi le go e tlhokomela nokeng.
20 mets: “Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego.” Setlhogo seno se sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Dira pontsho ya tsenyeletso eo e bontshiwang mo serapeng 5. Gape dira pontsho ya nngwe ya ditsenyeletso tse di mo bukeng ya Go Fetolana (dits. 9-15) tseo di tla tshwanelang mo tshimong ya lona. Kgothaletsa bakaulengwe gore ba tsamaye ba tshotse buka ya Go Fetolana mo tirelong ya tshimo le gore ba e dirisetse go araba dipotso le go ka fenya diipato. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo mo mafelo-bekeng ano.
Pina 108 le thapelo e e konelang.