Botshelo jo bo Motlhofo bo Monate!
DANIEL LE MIRIAM ba nyalane ka September 2000 ba bo ba ya go nna kwa toropong ya Barcelona kwa Spain. Daniel a re: “Re ne re tshela botshelo jo batho ba neng ba tsaya gore bo tlwaelegile. Re ne re amogela madi a mantsi, ka jalo, re ne re ja kwa diresetšhurenteng tse di turang, re etela mafelo a a kgakala e bile re apara diaparo tsa maemo. Gape, re ne re ya bodireding ka metlha.” Mme go ne ga direga sengwe se se neng sa fetola botshelo jwa bone.
Ka 2006 fa ba le kwa kopanong, Daniel o ne a amiwa thata ke puo nngwe e e neng e na le potso e e reng: “A re dira bojotlhe jwa rona go thusa ba ba ‘kgokgweetsegelang kwa polaong’ gore ba tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng?” (Dia. 24:11) Puo eo e ne e gatelela boikarabelo jo re nang le jone jwa go itsise batho ka molaetsa wa Baebele o o bolokang matshelo. (Dit. 20:26, 27) Daniel a re: “Ke ne ke utlwa e kete Jehofa o bua le nna.” Gape puo eo e ne e tlhalosa gore go oketsa bodiredi go lere boitumelo. Daniel o ne a itse gore seno se boammaaruri ka gonne Miriam e ne e le mmulatsela mme o ne a itumetse tota.
Daniel a re: “Ke ne ka swetsa ka gore ke tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo.” O ne a dira fela jalo. O ne a fokotsa diura tse a di berekang kwa tirong, a nna mmulatsela mme a akanya kafa ene le Miriam ba ka itumelang ka gone fa ba ka ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone.
BA LEBANA LE DIKGWETLHO, MORAGO BA BO BA ITUMELA
Ka May 2007, Daniel le Miriam ba ne ba tlogela tiro mme ba fudugela kwa nageng e ba kileng ba e etela ya Panama. Naga eno e na le ditlhaketlhake di le mmalwa kwa Bocas del Toro Archipelago kwa Lewatleng la Caribbean mme go dula Ba-Ngabe koo. Daniel le Miriam ba ne ba akanya gore ba ka nna dikgwedi di le robedi kwa Panama ba dirisa madi a ba a bolokileng.
Ba ne ba tsamaya mo ditlhaketlhakeng tseo ba dirisa mokoro le baesekele. Ba sa ntse ba gopola loeto lwa bone lwa ntlha ka baesekele fa ba ne ba tsamaya dikilometara di le 32 mo dithabeng, letsatsi le lela. Daniel o ne a lapile thata jaana mo a batlileng a idibala. Le fa go ntse jalo, batho ba mo lefelong leo ba ne ba ba amogela ka diatla tsoopedi, segolobogolo fa ba sena go itse go bua mafoko mangwe ka Se-Ngabe. Go ise go ye kae, ba ne ba na le dithuto tsa Baebele di le 23.
Fa ba sena go felelwa ke madi, ba ne ba utlwa botlhoko fela thata. Daniel a re: “Dipelo tsa rona di ne di rotha madi fa re ne re simolola go akanya ka go boela kwa Spain. Re ne re utlwile botlhoko ka gonne re tlogela batho ba re neng re ithuta Baebele le bone.” Mme morago ga kgwedi, ba ne ba amogela dikgang tse di monate. Miriam a re: “Re ne ra abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Re ne re itumetse tota gore ga re tlhole re tsamaya!”
SE SE BA ITUMEDISANG THATA
E re ka go ile ga nna le diphetogo mo phuthegong ka 2015, Daniel le Miriam ba ne ba abelwa go nna babulatsela ba ka metlha gape. Ba ne ba tla dira eng? Ba ne ba ikanya tsholofetso eno e e mo go Pesalema 37:5: “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.” Ba ne ba bona tiro ya boitshediso mme ba kgona go itlamela ka dilo tse ba di tlhokang mme gone jaanong ba direla kwa phuthegong e e kwa porofenseng ya Veraguas kwa Panama.
Daniel a re: “Pele re fuduga kwa Spain, re ne re sa tlhomamisega gore a re tla kgona go tshela botshelo jo bo sa raraanang. Gone jaanong re a kgona mme ga re tlhaele sepe sa botlhokwa.” Ke eng se se ba itumedisang thata? Ba re: “Go thusa batho ba ba boikokobetso gore ba ithute ka Jehofa, go re tlisetsa boitumelo jo bo seng kana ka sepe!”