KGANG YA BOTSHELO
Go Etsa Dikao Tse di Molemo
Ke ne ka mmotsa jaana: “A o a itse gore ke na le dingwaga tse kae?” Izak Marais yo o neng a nteletsa go tswa kwa Colorado, Patterson, New York o ne a re: “Ke itse sentle gore o na le dingwaga tse kae.” Mma ke tlhalose gore go tlile jang gore re nne le motlotlo oo.
KE TSHOLETSWE kwa Wichita, Kansas, U.S.A., ka December 10, 1936. Batsadi ba me ba na le bana ba le banè mme nna ke leitibolo. Batsadi ba me e leng William le Jean e ne e le batlhanka ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa. Rre e ne e le motlhanka wa phuthego, leina leo le ne le dirisiwa go tlhalosa mongwe yo o etelelang pele mo phuthegong. Mmè o ne a rutiwa boammaaruri ke mmagwe e bong Emma Wagner. Emma o ne a ruta batho ba le bantsi boammaaruri, go akaretsa le Gertrude Steele yo o neng a nna morongwa dingwaga di le dintsi kwa Puerto Rico.a Ka jalo, ke ne ke na le dikao di le dintsi tse nka di etsang.
GO GOPOLA DIKAO TSE DI MOLEMO
Rre a tsamaisetsa batho ba ba fetang mo mmileng dimakasine
Fa ke na le dingwaga di le tlhano, letsatsi lengwe nna le rre re ne re tsamaisetsa batho ba ba neng ba feta mo mmileng makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Ka nako eo, naga ya rona e ne e tsene ka tlhogo mo Ntweng ya Lefatshe II. Ngaka nngwe e e neng e itshietse e ne ya kgoba rre ka mafoko ka gonne a sa tseye letlhakore mo ntweng, o ne a re rre ke legatlapa le le sa batleng go ya bosoleng. O ne a atamela rre mme a mo raya a re: “Goreng o sa mpetse legatlapa ke wena!” Ke ne ke tshogile, mme ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e rre a neng a tsiboga ka yone. O ne a itlhokomolosa monna yoo mme a tswelela a tsamaisetsa batho dimakasine. Go ne ga feta lesole, mme ngaka eo ya goa ya re: “Tshwara legatlapa leno!” Lesole leo le ne la lemoga gore monna yoo o ne a itshietse, ka jalo le ne la mo raya la re: “Tsamaya o ye go ikhutsa!” Boobabedi ba ne ba tsamaya. Ke itumela tota fa ke akanya ka tsela e Jehofa a ileng a thusa rre go nna pelokgale ka yone. Rre o ne a na le mafelo a mabedi a go beola banna moriri kwa Wichita, mme ngaka eo e ne e ne e tlhola e ipeola gone.
Ke na le batsadi ba me re ya kopanong kwa Wichita ka bo1940
Fa ke na le dingwaga di le robedi, batsadi ba me ba ne ba rekisa ntlo le kgwebo ya bone, mme ra fudugela kwa Colorado kwa go neng go tlhokega baboledi ba Bogosi gone. Re ne ra nna gaufi le Grand Junction mme batsadi ba me e ne e le babulatsela gape ba bereka ka nakwana mo dipolasing. Jehofa o ne a segofatsa tiro ya bone ya bonatla mme ga nna le phuthego koo. Ka June 20, 1948, rre o ne a nkolobetsa le bangwe ba ba neng ba amogetse boammaaruri go akaretsa le Billie Nichols le mosadi wa gagwe mo molatswaneng o o mo thabeng kwa Colorado. Moragonyana Billie le morwawe ba ne ba nna balebedi ba potologo.
Re ne re atamalane thata le batho ba ba neng ba dira ka natla mo tirong ya go rera e bile re ne re nna le metlotlo e e kgothatsang le bone, segolobogolo boora Steele e bong Don le Earlene, Dave le Julia le Si le Martha mme ba ne ba ntlhotlheletsa ka tsela e e molemo fela thata. Ba ne ba mpontsha gore go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele go dira gore motho a itumele e bile a kgotsofale.
GO FUDUGA GAPE
Fa ke na le dingwaga di le 19, Bud Hasty yo o neng a atamalane le ba lelapa la gaetsho, o ne a nkopa gore re ye go direla re le babulatsela kwa borwa jwa United States. Molebedi yo o etang o ne a re kopa gore re fudugele kwa Ruston e e kwa Louisiana kwa go neng go na le Basupi ba le bantsi ba ba neng ba tsidifetse. O ne a re laela gore re tshware dipokano tsotlhe beke le beke le fa re ka nna kae ka palo. Re ne ra bona lefelo le le siameng le re ka tshwarelang dipokano mo go lone mme ra le baakanya. Re ne re tshwara dipokano beke le beke mme kwa tshimologong, re ne re nna babedi fela. Re ne re refosana, yo mongwe o ne a tshwara dipokano mme yo mongwe a araba dipotso tsotlhe. Fa puo nngwe e ne e tlhoka gore go dirwe pontsho, re ne re e dira, mme go se ope yo o re reeditseng. Fa nako e ntse e ya, kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a simolola go tla dipokanong. Kgabagare, batho ba re neng re ithuta Baebele le bone le batho ba ba tsidifetseng ba ne ba simolola go tla dipokanong mme go ise go ye kae, phuthego e ne ya gola.
Letsatsi lengwe nna le Bud re ne ra kopana le moruti mongwe wa kereke ya Church of Christ, yo o neng a tlotla ka ditemana tse ke neng ke sa di itse. Seno se ne sa ntshosa go se kae mme sa dira gore ke akanye thata ka se ke neng ke se dumela. Mo bekeng eo yotlhe, ke ne ke sa robale bosigo, ke batla dikarabo tsa dipotso tse a di boditseng. Seo se ne sa nthusa gore ke tlhomamisege ka se ke se dumelang mme ke ne ke swegaswega pelo go kopana le moruti yo mongwe gape.
Moragonyana, molebedi wa potologo o ne a nkopa gore ke fudugele kwa El Dorado e e kwa Arkansas gore ke ye go thusa phuthego ya koo. Fa ke le koo, gangwe le gape ke ne ke ya kwa Colorado go ya go itlhagisa fa pele ga komiti e e kwadisetsang batho bosole. Nako nngwe fa nna le babulatsela bangwe re ya koo, re ne ra tlhagelwa ke kotsi kwa Texas mme koloi ya me e ne ya senyega fela thata. Re ne ra founela mokaulengwe mongwe mme a re isa kwa legaeng la gagwe le kwa dipokanong. Kwa dipokanong, ba ne ba itsise phuthego ka kotsi ya rona mme bakaulengwe ba ne ba re naya madi. Mokaulengwe yoo o ne a rekisa koloi ya me ka didolara di le 25.
Re ne ra etela tsala nngwe ya lelapa la gaetsho e bong Mokaulengwe McCartney yo e neng e le mmulatsela kwa Wichita. Bomorwawe ba mawelana e bong Frank le Francis, ga e bolo go nna ditsala tsa me tsa tlhogo ya kgomo. Ba ne ba nthekisetsa koloi ya bone ka didolara di le 25, e leng madi a ke neng ke rekisitse koloi ya me ka one. Leno e ne e le lekgetlo la ntlha ke bona Jehofa a nnaya dilo tse ke di tlhokang ka go bo ke ne ke dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo botshelong jwa me. Boora McCartney ba ne ba nkitsise kgaitsadi mongwe yo o tlhagafetseng e bong Bethel Crane. Mmagwe e bong Ruth e ne e le Mosupi yo o tlhagafetseng kwa Wellington e e kwa Kansas, o ne a tswelela e le mmulatsela le fa a ne a tsofetse. Dikgwedi di se kae moragonyana, nna le Bethel re ne ra nyalana ka 1958, mme re ne ra nna babulatsela mmogo kwa El Dorado.
DITALETSO TSE DI ITUMEDISANG
Morago ga go akanya ka dikao tse di molemo tsa batho ba re neng re atamalane le bone, re ne ra swetsa ka gore re tla dira sengwe le sengwe fela se phuthego ya ga Jehofa e neng e kopa gore re se dire. Re ne ra abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Walnut Ridge e e kwa Arkansas. Ka 1962, re ne ra itumela tota fa re amogela taletso ya go ya kwa tlelaseng ya bo37 ya sekolo sa Gileade. Re ne re itumetse tota go bona Don Steele le ene a le mo tlelaseng eo. Fa re aloga, nna le Bethel re ne ra abelwa go ya go direla kwa Nairobi kwa nageng ya Kenya. Fa re tswa kwa New York re ne re tshogile tota, mme fa re fitlha kwa Nairobi, letshogo leo le ne la fetoga boitumelo fa re kopana le bakaulengwe ba ba neng ba re emetse kwa boemafofaneng.
Re le mo bodireding le Mary le Chris Kanaiya kwa Nairobi
Re ne ra itumelela go nna kwa Kenya le go rerela batho ba koo. Re ne ra ithuta Baebele le Chris le Mary Kanaiya mme ba ne ba gatela pele. Ba sa ntse ba direla ka boikanyegi kwa Kenya mo tirelong ya nako e e tletseng. Morago ga ngwaga re ne ra kopiwa go ya go direla kwa Kampala e e kwa Uganda mme re ne re le barongwa ba ntlha koo. Re ne re itumelela tiro ya rona ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba kgatlhegela go ithuta Baebele e bile bangwe e ne ya nna bakaulengwe ba rona. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga tse tharo le halofo re le kwa Afrika, re ne ra boela kwa United States go ya go simolola lelapa. Fa re boela kwa New York, re ne re tshogile go feta fa re ne re ya kwa Afrika. Re ne re rata batho ba kwa Afrika thata mme re ne re solofela gore letsatsi lengwe re tla boela gone gape.
KABELO E NTŠHA
Re ne ra nna kwa Colorado kwa batsadi ba me ba neng ba nna gone. Moragonyana, morwadi wa rona e bong Kimberly o ne a tsholwa, mme morago ga dikgwedi di le 17, morwadi wa rona wa bobedi e bong Stephany o ne a tsholwa. Re ne re tsaya kabelo ya go nna batsadi masisi, mme re ne re ikemiseditse go jalelela boammaaruri mo dipelong tsa bana ba rona. Re ne re batla go nna dikao tse di molemo mo go bone fela jaaka batsadi ba rona ba ile ba re tlhomela sekao se se molemo. Le fa go ntse jalo, re ne re itse gore le fa re ka ba tlhomela sekao se se molemo, seo se ne se sa reye gore ba tla ikanyega mo go Jehofa ka gonne bonnake ba babedi ba ne ba tlogela phuthego. Ke solofela gore letsatsi lengwe ba tla boa gape ba etsa dikao tse di molemo tse ba neng ba di tlhomelwa.
Re ne re itumelela go godisa bana ba rona mme ka metlha re ne re leka go dira dilo re le lelapa. E re ka re ne re nna gaufi le kwa Aspen e e kwa Colorado, re ne ra ithuta motshameko wa go itheledisa mo aeseng gore re nne re tshameka mmogo. Dinako tseo tsa go itapolosa di ne di re thusa go tlotla le bana ba rona. Gape re ne re rata go kampa le bone mme re ne re nna le metlotlo e e monate re ora molelo. Le fa ba ne ba le bannye ka dingwaga, ba ne ba botsa dipotso tse di jaaka “Ke tla dira eng fa ke gola?” le “Ke batla molekane yo o ntseng jang wa lenyalo?” Re ne re leka go ba ruta gore ba nne ba akantse ka dilo tse di direlwang Bogosi. Re ne re ba kgothaletsa gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng e bile re ba ruta gore go molemo go tlhopha molekane wa lenyalo yo o nang le mekgele e e tshwanang. Gape re ne re leka go ba ruta gore go molemo gore ba se ka ba itlhaganelela go nyalwa ba sa le bannye. Re ne re tlhola re ba raya re re, “lo ka nna lwa nyalwa fa lo setse lo na le dingwaga di le 23 kgotsa go feta.”
Fela jaaka batsadi ba rona, re ne re leka ka natla go ya dipokanong ka metlha le go nna le seabe ka botlalo mo bodireding re le lelapa. Gape re ne re laletsa bangwe ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng go tla go nna le rona. Re ne re itumelela go bua ka dinako tse di monate tse re nnileng le tsone mo tirong ya borongwa. Re ne re tlhola re ba bolelela gore gongwe letsatsi lengwe re tla etela kwa Afrika le bone. Le bone ba ne ba eletsa go etela koo le rona.
Re ne re tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha, mme ka nako eo re ne re tle re dire diterama tse di amanang le maemo a ba ka lebanang le one fa ba le kwa sekolong. Mo diterameng tseo, nna le mosadi wa me re ne re itira bana ba sekolo mme bone ba araba dipotso tsa rona. Ba ne ba itumelela go ithuta ka tsela eo mme seo se ne se ba thusa gore ba nne pelokgale. Fa ba gola, ka dinako tse dingwe ba ne ba ngongorega fa re tshwara kobamelo ya lelapa. Letsatsi lengwe ke ne ka ba bolelela gore ga re kitla re nna le kobamelo ya lelapa. Ba ne ba gamaregile mo ba neng ba lela, ba nkopa gore re tshware kobamelo ya lelapa. Re ne ra lemoga gore ba ne ba rata boammaaruri. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba itumelela kobamelo ya lelapa fela thata, mme re ne re ba kgothaletsa go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng. Go ne go le thata ka dinako tse dingwe go utlwa ba re ga ba dumalane le dithuto dingwe tsa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, re ne re kgona go itse se se mo dipelong tsa bone. Fa re ba tlhalosetsa re dirisa Baebele, ba ne ba itumelela go utlwa tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone.
GO DIRA DIPHETOGO TSE DINGWE
Tiro eno ya go godisa bana ba rona e ne ya tsamaya ka bonako go feta kafa re neng re akanya ka gone. Re dirile sotlhe se re ka se kgonang gore ba rate Jehofa re thusiwa le go kaelwa ke phuthego ya Modimo. Re ne ra itumela tota fa bana ba rona ba nna babulatsela morago ga go fetsa sekolo se segolwane ba bo ba ithuta ditiro tse di neng di tla ba thusa go itshedisa. Ba ne ba fudugela kwa Cleveland e e kwa Tennessee le bokgaitsadi bangwe ba babedi go ya go direla kwa go neng go na le tlhokego ya baboledi gone. Re ne re ba gopola thata mme re ne re itumedisiwa ke go bo ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Nna le Bethel re ne ra nna babulatsela gape mme seo sa dira gore re nne le ditshiamelo tse dingwe tse di itumedisang. Ke ne ka nna molebedi wa potologo ka nakwana mme ka dira ditiro dingwe kwa dikopanong.
Pele bana ba rona ba fudugela kwa Tennessee, ba ne ba etela ofisi ya lekala ya kwa London e e kwa Engelane. Fa ba le koo, Stephany yo o neng a na le dingwaga di le 19, o ne a kopana le lekawana lengwe e bong Paul Norton. Fa ba etetse koo gape, Kimberly o ne a kopana le mongwe yo o neng a bereka le Paul e bong Brian Llewellyn. Fa Stephany a na le dingwaga di le 23, o ne a nyalana le Paul. Ngwaga morago ga moo, fa Kimberly a na le dingwaga di le 25, o ne a nyalana le Brian. Ka jalo, ga ba a ka ba nyalwa ba na le dingwaga tse di ka fa tlase ga 23. Re ne ra itumelela go bo ba ile ba tlhopha balekane ba lenyalo ka botlhale.
Re na le Paul, Stephany, Kimberly le Brian kwa ofising ya lekala ya kwa Malawi, ka 2002
Bana ba rona ba ne ba re bolelela gore sekao se se molemo sa rona le sa batsadi ba rona se ne sa ba thusa gore ba ikobele taelo ya ga Jesu ya gore ba “batle pele bogosi” tota le fa ba ne ba se na madi. (Math. 6:33) Ka April 1998, Paul le Stephany ba ne ba lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo105 ya sekolo sa Gileade mme moragonyana ba abelwa go ya go direla kwa Malawi e e kwa Afrika. Brian le Kimberly bone ba ne ba kopiwa go direla kwa Bethele ya kwa London mme moragonyana ba kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Malawi. Re ne re itumetse tota go bona bana ba rona ba dirisa matshelo a bone go direla Jehofa.
TALETSO E NNGWE E E ITUMEDISANG
Ka January 2001, ke ne ka founelwa ke mongwe yo ke buileng ka ene kwa tshimologong. Mokaulengwe Marais yo e leng molebedi wa Lefapha la Ditirelo Tsa Thanolo o ne a ntlhalosetsa gore bakaulengwe ba rulaganya gore go nne le khoso ya go ruta baranodi go tlhaloganya Seesemane mo lefatsheng lotlhe. Le fa ke ne ke le dingwaga di le 64, ba ne ba batla gore ke thapisiwe gore ke nne mongwe wa bakaedi. Nna le Bethel re ne ra rapela ka kgang eo mme ra kopa kgakololo mo batsading ba rona ba ba tsofetseng. Ba ne ba re kgothaletsa gore re tsamaye le fa seo se ne se raya gore re ka se tlhole re kgona go ba thusa. Ke ne ka founela mokaulengwe Marais mme ka mmolelela gore re ka itumelela kabelo eo.
Mmè o ne a tshwarwa ke kankere. Ke ne ka bolelela mmè gore ga re kitla re tsamaya, go na le moo re tla thusa kgaitsadiake e bong Linda go mo tlhokomela. O ne a re: “Lo se ka lwa dira jalo, tota nka utlwa botlhoko thata fa lo sa tsamaye.” Linda le ene o ne a batla gore re tsamaye. Re anaanela tsela e ba lebang dilo ka yone e bile re leboga go bo bakaulengwe ba ile ba ba thusa. Mmè o ne a tlhokafala morago ga letsatsi fa re se na go ya kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson. Re ne ra tswelela ka kabelo ya rona jaaka mmè a ile a re kgothaletsa go dira jalo.
Kabelo ya rona ya ntlha e ne e le kwa lekaleng la kwa Malawi mme re ne ra itumela tota ka gonne bana ba rona le banna ba bone ba ne ba direla koo. Re ne re itumeletse go kopana gape! Go tswa foo, re ne ra ya kwa Zimbabwe le kwa Zambia. Morago ga dingwaga di le tharo le halofo, re ne ra kopiwa go boela kwa Malawi go ya go kwala ka maitemogelo a Basupi ba koo, ba ba ileng ba bogisiwa ka gonne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking.b
Re le mo bodireding le ditlogolo tsa rona
Ka 2005 nna le Bethel re ne ra boela kwa Basalt e e kwa Colorado kwa re sa ntseng re le babulatsela gone. Ka 2006, Brian le Kimberly le bone ba ne ba fudugela kwano gore ba tle go godisa barwadi ba bone e bong Mackenzie le Elizabeth. Paul le Stephany ba sa ntse ba direla kwa Malawi, mme Paul ke leloko la Komiti ya Lekala. Jaanong ke na le dingwaga di ka nna 80, mme ke itumelela go bona makawana a ke neng ke dira le one mo dingwageng tse di fetileng ba dira dikabelo tse ke neng ke di dira. Gone jaanong re itumetse ka gonne re ile ra latela dikao tse di molemo tsa batho ba re neng re atamalane le bone, mme seo se ile sa re thusa gore re tlhomele bana le ditlogolo tsa rona sekao se se molemo.
a Go bala mo go oketsegileng ka tiro ya borongwa e lelapa la boora Steele ba neng ba e dira, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa May 1, 1956, tsebe 269-272, le wa March 15, 1971, tsebe 186-190 ka Seesemane.
b Bona kgang ya botshelo ya ga Trophim Nsomba mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2015 tsebe 27-31.