Lenaane la Diteng
November 15, 2014
© 2014 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
MAKASINE O O ITHUTIWANG
SEDIMONTHOLE 29, 2014–FERIKGONG 4 2015
Tsogo ya ga Jesu—Kafa e re Amang ka Teng
TSEBE 3 • DIPINA: 5, 60
FERIKGONG 5-11, 2015
Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Boitshepo
TSEBE 8 • DIPINA: 119, 17
FERIKGONG 12-18, 2015
Re Tshwanetse go Nna Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Rona
TSEBE 13 • DIPINA: 65, 106
FERIKGONG 19-25, 2015
“Setšhaba se Modimo wa Sone e Leng Jehofa”
TSEBE 18 • DIPINA: 46, 63
FERIKGONG 26, 2015–TLHAKOLE 1, 2015
“Jaanong lo Setšhaba sa Modimo”
TSEBE 23 • DIPINA: 112, 101
DITLHOGO TSA THUTO
▪ Tsogo ya ga Jesu—Kafa e re Amang ka Teng
Ithute lebaka la go bo re ka tlhomamisega gore Jesu o ne a tsosiwa le gore o a tshela gompieno. Gape setlhogo seno se bontsha kafa go tsosediwa ga ga Keresete kwa botshelong jwa go sa sweng kwa legodimong go tshwanetseng ga re ama ka teng le kafa go amang tiro ya rona ya baboledi ba Bogosi ka gone.
▪ Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Boitshepo
▪ Re Tshwanetse go Nna Boitshepo mo Boitshwarong Jotlhe Jwa Rona
Ditlhogo tseno tse di theilweng thata mo bukeng ya Lefitiko di bontsha lebaka la go bo Jehofa a batla gore batho ba gagwe ba nne boitshepo le kafa ba ka bontshang nonofo eno ka gone. Gape go tlotlwa ka ditsela tse re ka bontshang ka sone gore re boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa rona.
▪ “Setšhaba se Modimo wa Sone e Leng Jehofa”
▪ “Jaanong lo Setšhaba sa Modimo”
Batho bangwe ba re ithutang Baebele le bone ba fitlhela go le thata go tlhaloganya gore Jehofa o na le phuthego e le nngwe fela mo lefatsheng. Ba akanya gore go nna peloephepa ke gone fela go tlhokegang gore o itumedise Modimo go sa kgathalesege gore o wa bodumedi bofe. Ditlhogo tseno di tla bontsha botlhokwa jwa go lemoga batho ba Modimo le go direla Jehofa mmogo le bone.
KHABARA: Baboledi ba Bogosi ba rera kwa Santiago de Cuba, toropo ya bobedi e kgolo e e mo setlhaketlhakeng se se itsegeng ka mmino le motantsho wa setso
CUBA
BAAGI
11 163 934
BABOLEDI
96 206
BABULATSELA BA KA METLHA
9 040