Lenaane la Diteng
August 15, 2014
© 2014 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
MAKASINE O O ITHUTIWANG
LWETSE 29, 2014–DIPHALANE 5, 2014
Seabe sa Basadi ke Sefe mo Boikaelelong Jwa ga Jehofa?
TSEBE 6 • DIPINA: 86, 104
DIPHALANE 6-12, 2014
Dirisa Lefoko la Modimo—Le a Tshela!
TSEBE 11 • DIPINA: 114, 101
DIPHALANE 13-19, 2014
Kafa Jehofa a re Atamelang ka Teng
TSEBE 16 • DIPINA: 51, 91
DIPHALANE 20-26, 2014
Utlwa Lentswe la ga Jehofa Gongwe le Gongwe Kwa o Leng Gone
TSEBE 21 • DIPINA: 26, 89
DITLHOGO TSA THUTO
▪ Seabe sa Basadi ke Sefe mo Boikaelelong Jwa ga Jehofa?
Ithute kafa go tsuologela Modimo kwa Edene go ileng ga ama banna le basadi ka gone. Sekaseka se se ileng sa diragalela basadi bangwe ba ba boifang Modimo mo nakong e e fetileng. Bona gape gore basadi ba Bakeresete ba ile ba nna le seabe sefe mo boikaelelong jwa Modimo gompieno.
▪ Dirisa Lefoko la Modimo—Le a Tshela!
Mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi o batla go atlega mo bodireding. Sekaseka dikakantsho dingwe tsa kafa o ka dirisang Baebele le dipampitshana ka gone go tlotla le batho le go fitlhelela dipelo tsa bone ka Lefoko la ga Jehofa le le tshelang.
▪ Kafa Jehofa a re Atamelang ka Teng
Re tshwanetse go nna le kamano le Mmopi wa rona. Ithute kafa thulaganyo ya thekololo ya ga Jehofa le Lefoko la gagwe le le kwadilweng di re nayang bosupi jwa gore o ile a tsaya kgato pele go re atamalanya le ene.
▪ Utlwa Lentswe la ga Jehofa Gongwe le Gongwe Kwa o Leng Gone
Re tshwanetse go reetsa se Jehofa a se re bolelelang fa re batla go tsamaya mo tseleng ya boammaaruri. Le fa Satane mmogo le dikeletso tsa rona tsa boleo di ka re kgoreletsa, ithute kafa re ka kgonang ka gone go reetsa lentswe la ga Jehofa. Setlhogo seno se tla re thusa go anaanela botlhokwa jwa go buisana le Modimo wa boammaaruri.
GAPE MO MAKASINENG ONO
3 A o Amogela ‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’?
26 ‘Boa Mme o Nonotshe Bakaulengwe ba Gago’
KHABARA: Bokgaitsadi ba rera ka Se-Russia mo Tel Aviv mo tselaneng e e fa gaufi le lewatle. Mo morago go bonala dithaba tse di tletseng maje tsa kwa Jaffa, e leng boemakepe jwa bogologolo jwa Jopa
ISERAELE
BAAGI
8 050 000
TLHORA YA BABOLEDI KA 2013
1 459
BA BA ILENG BA NNA GONE KWA SEGOPOTSONG KA 2013
2 671