LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 4/15 ts. 27-31
  • A o Anaanela Tlhokomelo ya ga Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Anaanela Tlhokomelo ya ga Jehofa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MODIMO YO O RE TLHOKOMETSENG O A RE TLHAGISA
  • RRAARONA YO O LORATO O A RE KGALEMELA
  • RE SOLEGELWA MOLEMO KE GO DIRISA MELAOMETHEO YA BAEBELE
  • TSALA E E RE THUSANG GO ITSHOKELA DITEKO
  • ITUMELELE GO AMOGELWA KE MODIMO
  • ‘Reetsa Mafoko A ba Ba Botlhale’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Matlho “a a Phatsimang” a ga Jehofa a Tlhatlhoba Sengwe le Sengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Tota Go na Le Mongwe yo o Amegang ka Nna?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jehofa Rraarona o re Rata Fela Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 4/15 ts. 27-31
Babelegisi ba Bahebera e bong Shifera le Pua ba ntshitse matlho dinameng fa mosadi wa Mohebera a sena go tshola ngwana

A o Anaanela Tlhokomelo ya ga Jehofa?

“Matlho a ga Jehofa a mo lefelong lengwe le lengwe, a nna a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.”—DIA. 15:3.

DINTLHA TSA KONOKONO TSE O TSHWANETSENG GO DI GOPOLA

  • Ke ka ntlha yang fa matlho a ga Jehofa a nna a go lebile?

  • O ka amogela ditlhagiso, kgalemelo le kaelo ya ga Jehofa ka ditsela dife?

  • Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe Jehofa a sa re thuse mo mathateng a rona?

1, 2. Tlhokomelo ya ga Jehofa e farologana jang le se se bonwang ke dikhamera tse di bayang batho leitlho?

MO DINAGENG di le dintsi, dikhamera di simolotse go dirisiwa thata go laola pharakano le go tsaya ditshwantsho tsa dikotsi tse di diregang. Fa dikhamera di tsaya setshwantsho sa kotsi e mo go yone motho a thulang yo mongwe a bo a tshaba, ditshwantsho tseo di ka thusa balaodi go batla le go tshwara mokgwetsi yo o ileng a tshaba. Eleruri, e re ka go na le dikhamera gongwe le gongwe, go nna thata gore batho ba tshabele ditlamorago tsa ditiro tsa bone.

2 Le fa go ntse jalo, a go dirisiwa thata ga dikhamera tse di bayang batho leitlho go tshwanetse ga re gakolola ka Rraarona yo o lorato e bong Jehofa? Gone ke boammaaruri gore Baebele ya re matlho a gagwe a “mo lefelong lengwe le lengwe.” (Dia. 15:3) Mme a seo se kaya gore o nna a tlhatlhoba sengwe le sengwe se re se dirang? A Modimo o batla go bona fela gore re latela melao ya gagwe, a akantse ka go re otlhaya? (Jer. 16:17; Baheb. 4:13) Le e seng! Jehofa o re lebeletse segolobogolo ka gonne o rata mongwe le mongwe wa rona e bile o amegile ka boitekanelo jwa rona.—1 Pet. 3:12.

3. Ke dikarolo dife tse tlhano tsa tlhokomelo ya ga Jehofa e e lorato tse re tla di sekasekang?

3 Ke eng se se tla re thusang go anaanela lebaka la go bo Modimo a re tlhokometse ka go bo a re rata? Mma re sekaseke kafa a bontshang seno ka teng. O dira jalo (1) ka go re tlhagisa fa a bona gore re batla go dira dilo tse di sa siamang, (2) ka go re kgalemela fa re dira diphoso, (3) ka go re kaela ka melaometheo e e mo Lefokong la gagwe, (4) ka go re thusa fa re lebane le diteko tse di farologaneng le (5) ka go re duela fa a bona molemo mongwe mo go rona.

MODIMO YO O RE TLHOKOMETSENG O A RE TLHAGISA

4. Jehofa o ne a ikaeletse eng fa a ne a tlhagisa Kaine gore boleo bo ‘bobile fa kgorong’?

4 Sa ntlha, mma re sekaseke kafa Modimo a re tlhagisang ka teng fa re simolola go rata dilo tse di sa siamang. (1 Ditir. 28:9) E le gore re anaanele karolo eno ya tlhokomelo ya Modimo, ela tlhoko kafa Modimo a ileng a dirisana ka teng le Kaine, yo o ileng “a tuka ka bogale” fa Modimo a ne a sa mo amogele. (Bala Genesise 4:3-7.) Jehofa o ne a kgothaletsa Kaine go “simolola go dira molemo.” Fa a ne a sa dire jalo, Jehofa o ne a mo tlhagisa gore boleo bo ‘bobile fa kgorong.’ Modimo o ne a mmotsa jaana: “A o tla bo fenya?” O ne a batla gore Kaine a tsibogele tlhagiso ya gagwe le gore a ‘godisiwe.’ Go amogelwa ke Modimo go ne go tla dira gore a tswelele a na le kamano e e molemo le Modimo.

5. Jehofa o re tlhagisa jang malebana le dikeletso tse di sa siamang tse re ka tswang re na le tsone?

5 Go tweng ka rona gompieno? Matlho a ga Jehofa a bona mo teng ga dipelo tsa rona; ga re kgone go mo fitlhela se tota re batlang go se dira le boikaelelo jwa rona. Rraarona yo o lorato o batla gore re latele ditsela tsa tshiamo; le fa go tse jalo, ga a re patelele go fetola tsela e re leng mo go yone. Ka Lefoko la gagwe e leng Baebele, o a re tlhagisa fa re tsena mo tseleng e e sa siamang. Jang? Fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi, gantsi go na le temana e e re thusang go fenya mekgwa le dikeletso tsa rona tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, dikgatiso tsa rona tsa Bokeresete di ka re thusa ka bothata jo re ntseng re lwa le jone mme tsa re bontsha kafa re ka bo fenyang ka teng. Mme kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego, rotlhe re amogela kgakololo e e fitlhileng ka nako!

6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka re tshedimosetso e e kwalelwang batho ba le dimilione ke bosupi jwa gore Modimo o go tlhokometse ka lorato? (b) O ka solegelwa molemo jang ke kafa Jehofa a go tlhokomelang ka teng?

6 Tota ditlhagiso tse di ntseng jalo di bontsha kafa Jehofa a re tlhokometseng ka lorato ka teng. Gone ke boammaaruri gore mafoko a a mo Baebeleng ga a bolo go nna teng ka makgolokgolo a dingwaga, dikgatiso tse di gatisiwang ke phuthego ya Modimo di kwaletswe batho ba ba dimilionemilione mme kgakololo e re e amogelang kwa dipokanong ke ya go thusa phuthego yotlhe. Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong ano otlhe, Jehofa o lebisa tlhokomelo ya gago mo Lefokong la gagwe gore o tle o fetole dikeletso tsa gago. Ka jalo, re ka re jono ke bosupi jo bo bontshang kafa Jehofa a go tlhokometseng ka lorato ka gone.

Monna o gana dilo tse di ka mo raelang

Segakolodi sa rona se se thapisitsweng ke Baebele se re thusa go tila dikotsi tse di re dikologileng (Bona serapa 6, 7)

7 E le gore re solegelwe molemo ke ditlhagiso tsa Modimo, re tshwanetse go lemoga pele gore ruri o amegile ka rona. Go tswa foo re tshwanetse go tsibogela kgakololo ya Lefoko la gagwe ka tsela e e siameng, re bo re leka go tlosa megopolo yotlhe e re ka tswang re na le yone e e sa itumediseng Modimo. (Bala Isaia 55:6, 7.) Fa re tsaya tsia ditlhagiso tse re di newang, re tla tila mahutsana a mantsi. Mme, a re re re ineela mo dikeletsong tsa rona tse di sa siamang, Rraarona yo o lorato o tla re thusa jang ka tsela e e lorato?

RRAARONA YO O LORATO O A RE KGALEMELA

8, 9. Kgakololo e Jehofa a re e nayang a dirisa batlhanka ba gagwe e bontsha jang kafa a amegang thata ka rona ka teng? Bontsha.

8 Re lemoga tlhokomelo ya ga Jehofa segolobogolo fa re kgalemelwa. (Bala Bahebera 12:5, 6.) Ke boammaaruri gore ga re itumelele go gakololwa kgotsa go otlhaiwa. (Baheb. 12:11) Le fa go ntse jalo, akanya ka dilo tse motho yo o re gakololang a tshwanetseng go di akanyetsa. O tshwanetse go itse dilo tse re di dirang tse di ka amang kamano ya rona le Jehofa Modimo, o tshwanetse go amega ka maikutlo a rona mme o tshwanetse go ikemisetsa go ipha nako le go dira maiteko a go re bontsha mo Baebeleng kafa re ka fetolang tsela ya rona ka teng gore re itumedise Modimo. Mme Motswedi wa kgakololo e e ntseng jalo, e bong Jehofa le ene o amegile ka rona.

9 Mma re sekaseke sekai sa kafa bagakolodi ba batho ba ka bontshang kafa Modimo a amegileng ka rona ka teng. Mokaulengwe mongwe o ne a lebelela ditshwantsho tsa thobalano ka metlha pele ga a amogela boammaaruri mme o ne a kgona go fenya mokgwa oo. Le fa go ntse jalo, keletso ya go di lebelela e ne e sa ntse e le teng, e ntse jaaka magala a a ntshang mosi. Fa a nna le founo e ntšha ya selula, keletso ele ya gagwe e e bosula e ne ya tsoga. (Jak. 1:14, 15) O ne a dirisa founo ya gagwe go bula mafelo a mo Internet a a bontshang ditshwantsho tsa thobalano. Ka letsatsi lengwe, fa ba ntse ba neela bosupi ka founo, o ne a adima mogolwane mongwe founo ya gagwe gore a lebelele diaterese dingwe. Fa mogolwane yono a simolola go dirisa founo, go ne ga tlhaga dilo tse di belaetsang. Eno e ne ya itshupa e le tshegofatso mo mokaulengweng wa rona yo o neng a le mo kotsing ya semoya. O ne a amogela kgakololo e e tshwanelang, a solegelwa molemo ke kgalemelo e a neng a e amogela mme kgabagare a fenya dikeletso tsa gagwe tse di sa siamang. A bo re ka leboga Rraarona yo o kwa legodimong yo o re tlhokometseng jang ne, yo o bonang tota le maleo a rona a a fitlhegileng mme a bo a re kgalemela re ise re ye kgakala!

RE SOLEGELWA MOLEMO KE GO DIRISA MELAOMETHEO YA BAEBELE

10, 11. (a) Ke ka tsela efe o ka batlang kaelo mo Modimong ka yone? (b) Lelapa lengwe le ile la solegelwa molemo jang ke go latela kaelo ya ga Jehofa?

10 Mopesalema o ne a opelela Jehofa jaana: “O tla nkgoga ka kgakololo ya gago.” (Pes. 73:24) Fa re tlhoka kaelo, re ka ‘tsaya Jehofa tsia’ ka go bala Lefoko la gagwe go bona gore o leba dilo jang. Go dirisa melaometheo ya Baebele ga go re solegele molemo fela mo semoyeng mme ka dinako tse dingwe go re thusa ka dilo tse di bonalang.—Dia. 3:6.

11 Re ka bona sekai sa kafa Jehofa a ileng a kaela bangwe ka teng mo maitemogelong a molemirui yo o neng a hirile, yo o neng a nna mo kgaolong e e nang le dithaba ya Masbate kwa Philippines. Ene le mosadi wa gagwe e ne le babulatsela ba ka metlha mme ba na le lelapa le legolo. Ka letsatsi lengwe, ba ne ba gakgamala fa mong wa lefelo a ba naya kitsiso ya gore ba tswe mo polaseng. Go ne go diragetse eng? Ba ne ba latofadiwa ka gore ga ba ikanyege. Le fa mokaulengwe yono a ne a tshwenyegile gore o tla bona kae lefelo le lelapa la gagwe le tla nnang mo go lone, o ne a re: “Jehofa o tla re thusa. Ka metlha o re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang, go sa kgathalesege gore go direga eng.” Mokaulengwe yono o ne a sa feteletse dilo ka go nna le tsholofelo e e ntseng jalo. Malatsi a sekae morago ga foo, ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba wela makgwafo fa ba utlwa gore ga ba tlhoke go tsamaya. Go ne go diragetse eng? Mong wa lefelo leo o ne a lemoga gore le fa ba ne ba latofaditswe, lelapa leno la Basupi, le le kaelwang ke melaometheo ya Baebele, le ne la tswelela le bontsha tlotlo le go nna le moya wa kagisano. Seno se ne sa kgatlha mong wa lefelo thata mo e leng gore ga a ka a ba letla fela gore ba nne mo lefelong leo mme gape o ne a ba naya setsha se se oketsegileng go lema mo go sone. (Bala 1 Petere 2:12.) Ee, Jehofa o re kaela ka Lefoko la gagwe go re thusa go lepalepana le mathata a botshelo.

TSALA E E RE THUSANG GO ITSHOKELA DITEKO

12, 13. Ke mo maemong afe a mo go one bangwe ba ka ipotsang gore a tota Modimo o bona kafa ba bogang ka teng?

12 Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe maemo a a thata ga a fele. Re ka tswa re itshokela bolwetse jo bo sa foleng, re ganediwa nako e telele ke mongwe wa lelapa kgotsa re nna re bogisiwa. Mme go tweng ka dikgotlhang tse di masisi tse re nang le tsone le mongwe mo phuthegong?

13 Ka sekai, o ka nna wa utlwisiwa botlhoko ke sengwe se mongwe a se buileng se o akanyang gore se ne se le setlhogo. O ka nna wa re: ‘Seno ga se a tshwanela go direga mo phuthegong ya Modimo!’ Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yo o buileng seo a ka amogela ditshiamelo mo phuthegong e bile ga bonala ba bangwe ba mo tlotla. O ka ipotsa gore, ‘Ke eng fa seno se direga? A Jehofa ga a bone? A a ka se tseye kgato?’—Pes. 13:1, 2; Hab. 1:2, 3.

14. Lengwe la mabaka a go bo Modimo a sa tsereganye mo go rarabololeng mathata a re nang le one e ka tswa e le eng?

14 Jehofa a ka tswa a na le mabaka a a utlwalang a go bo a sa tseye kgato. Ka sekai, le fa wena o ka tswa o akanya gore motho yo mongwe o molato go go feta, Modimo ene a ka tswa a leba dilo ka tsela e e farologaneng. Go ya ka ene, o ka tswa o le phoso go feta kafa o lemogang ka teng. Mafoko a o akanyang gore a utlwisa botlhoko thata jalo, e ka tswa e ne e le kgakololo e o neng o e tlhoka, e o tshwanetseng go akanya ka yone. Mo kgannyeng ya gagwe ya botshelo, Mokaulengwe Karl Klein, yo e neng e le mongwe wa Setlhopha se se Laolang, o bua ka lekgetlho lengwe le ka lone Mokaulengwe J. F. Rutherford a neng a mo kgalemela a sa potapote. Moragonyana Mokaulengwe Rutherford o ne a dumedisa Mokaulengwe Klein ka boitumelo a re: “Dumela, Karl!” Le fa go ntse jalo, e re ka Mokaulengwe Klein a ne a sa ntse a utlwisitswe botlhoko ke kgakololo e a e amogetseng, o ne a ngunanguna tumediso fela a sa batle. Fa Mokaulengwe Rutherford a lemoga gore Mokaulengwe Klein o tshwere sekgopi, o ne a mo tlhagisa gore a se ka a wela mo diatleng tsa ga Diabolo. Moragonyana Mokaulengwe Klein o ne a re: “Fa re tshwara sekgopi ka mokaulengwe mongwe, segolobogolo ka go bo a buile sengwe se a tshwanetseng go se bua ka ntlha ya boikarabelo jwa gagwe, re ipaya mo kotsing ya go wela mo seraing sa ga Diabolo.”a

15. Ke go lemoga eng go go tla go thusang gore o tile go fela pelo fa o ntse o letetse thuso ya ga Jehofa mo maemong a a thata a o lebaneng le one?

15 Le fa go ntse jalo, re ka nna ra fela pelo fa mathata a bonala a sa fele. Re ka lepalepana jang le seo? A re re o kgweetsa koloi mo tseleng e kgolo mme o kgorelediwa ke pharakano. Ga o itse gore o tla nna nako e kana kang mo pharakanong. Fa o selekega mme o leka go batla tsela e nngwe, o ka nna wa timela. Mme o ka nna wa feleletsa o senya nako e e oketsegileng go fitlha kwa o batlang go ya gone, go na le kafa go ka bong go ntse ka teng fa o ka bo o ile wa nna ka bopelotelele mo tseleng e o neng o le mo go yone. Ka tsela e e tshwanang, fa o ngaparela ditsela tse di mo Lefokong la Modimo, fa nako e ntse e ya, o tla goroga kwa o batlang go ya gone.

16. Lebaka lengwe la go bo Jehofa a ka tlhopha gore a se ka a tsaya kgato ka diteko tsa rona ke lefe?

16 Go ka direga gore Jehofa a se ka a tsaya kgato mo ditekong tse re lebaneng le tsone ka gonne o batla gore re bone thapiso e e botlhokwa. (Bala 1 Petere 5:6-10.) Nnyaa, Modimo ga a bake diteko. (Jak. 1:13) “Mmaba wa lona, Diabolo,” ke ene a bakang bontsi jwa mathata. Le fa go ntse jalo, Modimo a ka dira gore seemo se se thata se re thuse go gola semoyeng. O bona go boga ga rona mme ‘ka gonne o a re kgathalela’ o tla tlhomamisa gore seemo seo se tswelela pele fela “ka lobakanyana.” A o anaanela tlhokomelo ya ga Jehofa fa o lebana le diteko, o tlhomamisegile gore o tla dira gore re bone kgoro ya botso?—2 Bakor. 4:7-9.

ITUMELELE GO AMOGELWA KE MODIMO

17. Jehofa o batla bomang mme ka ntlha yang?

17 Sa bofelo, Modimo o sekaseka botshelo jwa rona ka ntlha ya lebaka le le gomotsang thata. Ka go dirisa Hanani wa mmoni, O ne a raya Kgosi Asa a re: “Matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditir. 16:9) Le fa Modimo a ne a bona gore pelo ya ga Asa ga ya felela, o tla ‘bontsha nonofo ya gagwe’ mo go wena fa o tswelela o dira se se siameng.

18. Fa o ikutlwa o sa anaanelwe, o tshwanetse go gakologelwa eng ka Jehofa? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

18 Modimo o batla gore re ‘batle se se molemo,’ re “rate se se molemo,” le go ‘dira se se molemo’ gore a tle a re “utlwele botlhoko.” (Amos. 5:14, 15; 1 Pet. 3:11, 12) Jehofa o bona basiami mme a bo a ba segofatsa. (Pes. 34:15) Ka sekai, akanya ka babelegisi ba Bahebera e bong Shifera le Pua. Fa Baiseraele ba ne ba le mo bokgobeng kwa Egepeto, basadi ba babedi bano ba ne ba boifa Modimo go gaisa kafa ba boifang Faro ka teng, yo o neng a laela gore go bolawe bana botlhe ba basimane ba Bahebera fa ba tsholwa. Go bonala segakolodi se ba se neilweng ke Modimo se ile sa dira gore ba boloke matshelo a masea ao. Moragonyana, Shifera le Pua ba ne ba newa malapa a bone. (Ekes. 1:15-17, 20, 21) Jehofa o ne a ela tlhoko ditiro tsa bone tse di molemo. Ka dinako tse dingwe re ka akanya gore ga go na ope yo o elang tlhoko dilo tse di molemo tse re di dirang. Mme Jehofa o a re kgathalela. O ela tlhoko tiro nngwe le nngwe e e molemo e re e dirang mme o tla re duelela seo.—Math. 6:4, 6; 1 Tim. 5:25; Baheb. 6:10.

19. Kgaitsadi mongwe o ne a lemoga jang gore Jehofa o bona ditiro tsa gagwe tse di molemo?

19 Kgaitsadi mongwe wa kwa Austria o ne a lemoga gore Modimo o bone tiro ya gagwe ya bonatla. E re ka a tsholetswe kwa Hungary, o ne a amogela aterese ya motho yo o buang Se-Hungary yo a neng a tshwanetse go mo etela. Ka bonako fela, o ne a ya kwa atereseng eo mme go ne go se na ope kwa gae. O ne a boela gangwe le gape. Ka dinako tse dingwe, o ne a kgona go utlwa gore go na le mongwe mo ntlong mme ga go na ope yo o arabang. O ne a tlogela dikgatiso, makwalo a a kwadileng le tshedimosetso ya go ikgolaganya le ene jalo le jalo. Morago ga ngwaga le halofo a ntse a boela kwa ntlong eno, kgabagare kgoro e ne ya bulwa! Kgaitsadi yono o ne a dumedisiwa ke mosadi yo o botsalano, yo o neng a re: “Tsweetswee tsena. Ke badile sengwe le sengwe se o ntliseditseng sone mme ke ntse ke go letile.” Mong wa ntlo o ne a le mo kalafing e go dirisiwang dikhemikale mo go yone mme o ne a sa batle go kopana le batho. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele. Eleruri, Modimo o ne a segofatsa kgaitsadi yono ka ntlha ya go dira maiteko ka tlhoafalo!

20. O ikutlwa jang ka tlhokomelo ya ga Jehofa?

20 Jehofa o bona sengwe le sengwe se o se dirang mme kgabagare o tla go duela. Fa o lemoga gore matlho a ga Jehofa a go lebile, o se ka wa ikutlwa e kete o sekasekiwa ke khamera nngwe e e bayang batho leitlho. Go na le moo, e kete o ka ikutlwa o atamalane le Modimo yo o amegang yo tota a tshwenyegileng ka wena!

a Kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Klein e gatisitswe mo makasineng wa October 1, 1984 wa Tora ya Tebelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela