“A Bogosi Jwa Gago bo Tle” Mme Gone Leng?
“Fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi fa dikgorong.”—MATH. 24:33.
1, 2. (a) Ke eng se se ka tlhotlheletsang se re se bonang? (b) Re ka tlhomamisega ka eng malebana le Bogosi jwa Modimo?
JAAKA o ka tswa o setse o lemogile, gantsi batho ba ba boneng tiragalo nngwe, ba gopola dintlha tsa yone ka ditsela tse di farologaneng. Ka tsela e e tshwanang, motho a ka nna a thatafalelwa ke go gopola se tota ngaka e se buileng morago ga go mmolelela gore o tshwerwe ke eng. Kgotsa mongwe a ka nna le mathata a go bona dilotlolo kgotsa diborele, ntswa di le gaufi le ene. Maemo ano otlhe a ka tswa a bakiwa ke se babatlisisi ba reng ke mofuta mongwe wa bofofu—go se lemoge sengwe kgotsa go se lebala ka gonne o leka go dira dilo tse dintsi ka nako e le nngwe. Ga twe seno ke tsela nngwe e boboko jwa rona bo berekang ka yone.
2 Gompieno batho ba le bantsi ba foufetse ka tsela eo malebana le ditiragalo tsa lefatshe. Ba ka tswa ba dumela gore lefatshe le fetogile thata fa e sa le ka 1914, mme gone ga ba bone botlhokwa jwa ditiragalo tseno. E re ka rona re le baithuti ba Baebele, re a itse gore ka tsela nngwe Bogosi jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914, fa Jesu a ne a tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le dintsi tse di tshwanetseng go diragala gore go diragadiwe thapelo e e reng: “A Bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Math. 6:10) Ga go pelaelo gore seo se akaretsa bofelo jwa tsamaiso eno e e boikepo. Fa seo se sena go diragala, ke gone fela thato ya Modimo e ka diragalang mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.
3. Go ithuta Lefoko la Modimo go re thusa ka tsela efe?
3 Ka gonne re ithuta Lefoko la Modimo ka metlha, re kgona go bona gore boporofeti bo a diragadiwa gone jaanong. A bo re farologane le batho ba bangwe jang ne! Bone ba amegile ka matshelo a bone le dilo tse ba di dirang mo botshelong mme ba itlhokomolosa bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Keresete o ntse a busa fa e sa le ka 1914, mme go ise go ye kae o tla tlisa katlholo ya Modimo. Le fa go ntse jalo, akanya ka potso eno: Fa e le gore o na le masomesome a dingwaga o direla Modimo, a o sa ntse o tlhoafetse e bile o amegile ka dinako tse re tshelang mo go tsone fela jaaka mo dingwageng tse di fetileng? Mme fa e le gore o sa tswa go nna Mosupi, o tlhomile mogopolo mo go eng? Go sa kgathalesege gore re arabile dipotso tseno jang, a re sekasekeng mabaka a mararo a a botlhokwa a gore ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo e tla tloga e tsaya kgato, gore thato ya Modimo e diragadiwe ka botlalo mo lefatsheng.
BAPALAMI BA DIPITSE BA GOROGILE
4, 5. (a) Jesu o ntse a dira eng fa e sa le ka 1914? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Banna ba bararo ba ba palameng dipitse ba tshwantshetsa eng, mme go ile ga diragala eng?
4 Ka 1914, Jesu Keresete—yo o tlhalosiwang a palame pitse e tshweu—o ne a newa serwalo sa bogosi sa kwa legodimong. Fa a sena go nna kgosi, o ne a simolola ka yone nako eo go diragatsa boikarabelo jwa gagwe jwa go fenya lefatshe le le boikepo la ga Satane. (Bala Tshenolo 6:1, 2.) Boporofeti jo bo mo go Tshenolo kgaolo 6, bo re naya lebaka la go lebelela gore fa Bogosi jwa Modimo bo sena go tlhomiwa, maemo a lefatshe a ne a tla senyega ka bonako—ntwa, go tlhaela ga dijo, bolwetse, le dilo tse dingwe tse di bakang loso. Ditiragalo tseno di tshwantshiwa le banna ba bararo ba ba palameng dipitse, ba ba setseng Jesu Keresete morago.—Tshen. 6:3-8.
5 Jaaka go boleletswe pele, kagiso e ne ya ‘tlosiwa mo lefatsheng,’ go sa kgathalesege ditsholofetso tse ditšhaba di di dirileng tsa gore di tla dirisana mmogo gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe. Ntwa ya Lefatshe ya I e ne ya nna tshimologo ya dintwa tse dikgolo tse di tla fedisang kagiso, fela jaaka re ka tswa re bona ka ditiragalo tsa bosheng. Mme le fa go na le kgatelopele mo go tsa ikonomi le saense, fa e sa le ka 1914, go tlhaela ga dijo go tswelela go senya polokesego ya lefatshe. Mo godimo ga moo, ke mang yo o ka ganang gore mefutafuta ya malwetse, dikotsi tsa tlholego le ‘dipetso tse di bolayang’ di tswelela go bolaya dimilionemilione tsa batho ngwaga le ngwaga? Ditiragalo tseno di kotsi le go feta, di direga kgapetsa e bile di bolaya batho ba le bantsi go feta le fa e le leng pele. A o lemoga gore seno se kaya eng?
Fa banna ba ntse ba palame dipitse, maemo a lefatshe a nna maswe le go feta (Bona serapa 4 le 5)
6. Ke bomang ba ba lemogileng go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, mme seno se ne sa felela ka eng?
6 Batho ba le bantsi ba ne ba tshwenyegile fa go ne go runya Ntwa ya Lefatshe ya I le foluu ya Spain. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng bone ba ne ba ntse ba lebeletse gore 1914, e tla nna nako ya go fela ga Metlha ya Baditšhaba, kgotsa “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba.” (Luke 21:24) Ba ne ba sa tlhomamisega sentle gore go tla diragala eng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itse gore ka 1914, go tla diragala sengwe se se malebana le bogosi jwa Modimo. Ka bonako fela fa ba sena go lemoga gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa, ba ne ba bolelela ba bangwe ka bopelokgale gore puso ya Modimo e simolotse go busa. Maiteko a bone a go rera ka Bogosi a ne a dira gore ba bogisiwe botlhoko. Go bogisiwa goo, go go neng ga direga mo dinageng di le dintsi, e ne e le go diragadiwa ga boporofeti. Mo masomesomeng a dingwaga a a neng a tla latela, baba ba Bogosi ba ne ba bona go le botoka gore ‘ba rere mathata ka taelo.’ Gape ba ne ba ba bogisa, ba ba tsenya mo kgolegelong, le e leng go ba bolaya ka go ba kaletsa, ba ba hula, kgotsa ba ba kgaola ditlhogo.—Pes. 94:20; Tshen. 12:15.
7. Ke eng fa batho ba le bantsi ba sa lemoge bokao jwa mmatota jwa se se bakang ditiragalo tseno tsa lefatshe?
7 E re ka go na le bosupi jo bontsi jaana jwa gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo busa kwa legodimong, ke eng fa batho ba le bantsi ba sa batle go dumela bokao jwa seno? Ke eng fa ba sa kgone go lemoga boemo jwa lefatshe le dipolelelopele tse di rileng tse di mo Baebeleng tse batho ba Modimo ba sa bolong go bua ka tsone? A gongwe ke ka go bo batho ba le bantsi ba tlhomile mogopolo fela mo go se ba kgonang go se bona ka matlho? (2 Bakor. 5:7) A go tshwarega ka dikgang tsa bone go dirile gore ba se ka ba bona se Modimo a se dirang? (Math. 24:37-39) A bangwe ba bone ba itewa tsebe ke modumo wa tshedimosetso ya maaka ya ga Satane? (2 Bakor. 4:4) Go tlhokega gore motho a bo a na le tumelo e bile a lemoga dilo tsa semoya gore a kgone go bona se Bogosi jwa Modimo bo se dirang. Ruri rona re a itumela go bo re kgona go lemoga se se diragalang!
BOIKEPO BO ETEGELA PELE
8-10. (a) 2 Timotheo 3:1-5 e ile ya diragadiwa jang? (b) Ke eng fa re ka re maemo a ntse a nna maswe le go feta?
8 Go na le lebaka la bobedi la go bo re itse gore go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tsaya kgato malebana le dilo tse di diragalang mo lefatsheng: Batho ba nna boikepo le go feta. Mo e ka nnang lobaka lwa dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, maemo a a boleletsweng pele mo go 2 Timotheo 3:1-5 a ntse a diragala. Tota e bile, a ntse a anama mo lefatsheng, a nna maswe le go feta e bile a direga kgapetsa. A o a lemoga gore boporofeti jono bo direga ka tsela e kgolo? A re sekasekeng dingwe tsa dikao tse di bontshang seno sentle.—Bala 2 Timotheo 3:1, 13.
9 Bapisa se se neng se gakgamatsa batho ka bo1940 kgotsa 1950 le se se diregang gone jaanong mo mafelong a tiro, mo go tsa boitlosobodutu, mo metshamekong le mo fesheneng. Thubakanyo e e feteletseng le boitsholo jo bo sa siamang, gone jaanong di tlwaelegile. Batho ba gaisana ka gore ke mang yo o bogale thata, yo o nang le boitsholo jo bo maswe kgotsa yo o setlhogo go feta ba bangwe. Se se neng se tsewa se tshosa mo thelebisheneng ka bo1950, gone jaanong se tsewa e le selo se se ka lebelelwang ke lelapa lotlhe. Mme batho ba le bantsi ba tsaya gore batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang ba na le tlhotlheletso e kgolo mo go tsa boitlosobodutu le feshene, ba bapatsa botshelo jwa bone phatlalatsa. A bo re leboga jang ne go bo re itse tsela e Modimo a lebang dilo ka yone!—Bala Jude 14, 15.
10 Gape Mokeresete a ka akanya ka se se neng se tsewa e le go tsuologa ga basha ka bo1950, mme a se bapisa le se se diregang gone jaanong. Batsadi ba ne ba tshwenyega—mme go tshwanela—ka gore bana ba bone ba goga motsoko, ba nwa bojalwa kgotsa ba bina ka tsela e e hepisang. Gompieno dipego tse di gakgamatsang di setse di tlwaelegile: Moithuti wa dingwaga di le 15 o hula baithutikaene, a bolaya ba babedi le go gobatsa ba le 13. Setlhopha sa basha ba ba itshietseng se bolaya mosetsana wa dingwaga di le robongwe setlhogo, ba bo ba itaya rraagwe le ntsalae. Ga twe basha ba kwa nageng nngwe ya Asia ba ikarabelela halofo ya bokebekwa jo bo dirilweng mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. A go na le ope fela yo o ka ganang gore dilo di maswe le go feta?
11. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa lemoge gore dilo di nna maswe le go feta?
11 Moaposetoloi Petere o ne a opile kgomo lonaka fa a ne a re: “Mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’” (2 Pet. 3:3, 4) Re ka re ke ka ntlha yang fa bangwe ba batho ba itshwara ka tsela e e ntseng jaana? Go lebega e kete fa batho ba tlwaela go bona boemo bongwe, ga ba tlhole ba tshwenyega ka jone. Go oketsega ka bonya ka bonya ga boitshwaro jwa batho, go ka lebega go sa gakgamatse jaaka fa mongwe yo o tlwaelaneng le ene a ka fetoga ka bonako, go sa lebelelwa. Le fa go ntse jalo, go senyega gono ga boitsholo ka iketlo go kotsi.
12, 13. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go kgobega marapo ka ntlha ya dilo tse di diregang mo lefatsheng? (b) Ke eng se se tla re thusang go lepalepana le maemo a a ‘boima go lebana le one’?
12 Moaposetoloi Paulo o ne a re tlhagisa ka go re “mo metlheng ya bofelo,” go tla nna le maemo a a leng ‘boima go lebana le one.’ (2 Tim. 3:1) Le fa go ntse jalo, ga se maemo a motho a ka palelwang ke go lebana le one, ka jalo, ga go tlhokege gore re tshabele maemo ano. Re ka kgona go fenya mathata kgotsa dilo tse di boifisang tse re ka lebanang le tsone, ka thuso ya ga Jehofa, moya wa gagwe, le phuthego ya gagwe ya Bokeresete. Re ka kgona go nna re ikanyega. “Maatla a a fetang a a tlwaelegileng” ke a Modimo ga se a rona.—2 Bakor. 4:7-10.
13 Go molemo go ela tlhoko gore Paulo o simolola boporofeti jwa gagwe jo bo malebana le metlha ya bofelo ka mafoko a a reng “itse seno.” Mafoko ao a tlhomamisa gore se se tla latelang ruri se tla diragala. Ga go pelaelo gore batho ba ba sa rateng Modimo ba tla tswelela ba sulafalela pele, go fitlha Jehofa a tsaya kgato ya go ba fedisa. Baitsehisitori ba tlhalosa gore fa melao ya se se siameng le se se phoso e sa latelwe, ditšhaba di a phutlhama. Le fa go ntse jalo, ga go ise go direge gore boitshwaro jwa lefatshe lotlhe bo senyege jaaka go ntse gompieno. Batho ba le bantsi ba itlhokomolosa bokao jwa seno, mme gone ditiragalo tse di diregileng fa e sa le ka 1914, di bontsha sentle gore re ka tlhomamisega gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tsaya kgato.
KOKOMANA ENO GA E NA GO FETA
14-16. Lebaka la boraro la go bo re dumela gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo ‘tla’ ke lefe?
14 Go sa ntse go na le lebaka la boraro le le re thusang gore re nne le tsholofelo. Se se diragetseng mo bathong ba Modimo se bontsha gore bokhutlo bo gaufi. Ka sekai, pele ga Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa kwa legodimong, go ne go na le setlhopha sa batlodiwa ba ba ikanyegang ba ba direlang Modimo ka tlhagafalo. Fa dingwe tsa dilo tse ba neng ba lebeletse gore di direge ka 1914 di sa direge, ba ne ba dira eng? Bontsi jwa bone ba ne ba itshupa ba ikanyega fa ba lebane le diteko le pogiso mme ba tswelela ba direla Jehofa. Fa dingwaga di ntse di ya, bontsi jwa batlodiwa bao—fa e le gore ga se bone botlhe—ba ile ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ka boikanyegi.
15 Jesu o ne a tlhalosa jaana mo boporofeting jwa gagwe jo bo malebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo: “Kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” (Bala Mathaio 24:33-35.) Re tlhaloganya gore fa Jesu a ne a umaka “kokomana eno” o ne a kaya ditlhopha tse pedi tsa Bakeresete ba ba tloditsweng. Setlhopha sa ntlha ke se se neng se le gone ka 1914, mme se lemoga sesupo sa go nna gone ga ga Keresete mo ngwageng oo. Batho ba ba leng mo setlhopheng seno, ba ne ba sa tshele fela ka 1914, mme gape ba ne ba tloditswe ka moya e le bomorwa Modimo mo go one ngwaga oo kgotsa pele ga one.—Bar. 8:14-17.
16 Setlhopha sa bobedi se se akarediwang mo ‘kokomaneng eno’ ke batlodiwa ba ba tshetseng ka nako e le nngwe le ba setlhopha sa ntlha. Ba ne ba sa tshele fela mo motlheng o le mongwe le setlhopha sa ntlha, mme gape ba ne ba tloditswe ka moya o o boitshepo ka nako ya fa ba setlhopha sa ntlha ba ne ba sa ntse ba le mo lefatsheng. Ka jalo, ga se motho mongwe le mongwe yo o tloditsweng yo o akarediwang mo ‘kokomaneng’ eno e Jesu a neng a bua ka yone. Gompieno, ba setlhopha sa bobedi le bone ba setse ba godile thata. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:34 a re naya tsholofelo ya gore “kokomana eno ga e na go feta ka gope” pele pitlagano e kgolo e simolola. Seno se tshwanetse go oketsa tsholofelo e re nang le yone ya gore, go setse nako e se kae fela pele ga Bogosi jwa Modimo bo tsaya kgato go senya batho ba ba bosula le go tlisa lefatshe le lesha la tshiamo.—2 Pet. 3:13.
GO ISE GO YE KAE KERESETE O TLA WETSA PHENYO YA GAGWE
17. Bosupi jo re bo sekasekileng bo dira gore re tlhaloganye eng?
17 Re ka dira tshwetso efe malebana le dipolelelopele tse tharo tse re di sekasekileng? Jesu o ne a re tlhagisa gore ga re ka ke ra itse letsatsi le ura—mme ruri ga re le itse. (Math. 24:36; 25:13) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Paulo a umakile, re ka kgona go itse “paka.” (Bala Baroma 13:11.) Re tshela mo metlheng ya bofelo, e leng yone paka eo. Fa re ela tlhoko boporofeti jwa Baebele le se Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba se dirang, re ka se palelwe ke go bona bosupi jo bo tlhotlheletsang jwa gore tota re tshela go ela kwa bofelong jwa tsamaiso eno ya dilo.
18. Ba ba ganang go amogela Bogosi jwa Modimo, ba letetswe ke eng?
18 Ba ba ganang go amogela taolo e kgolo e e neilweng Jesu Keresete, Mopalami wa pitse e tshweu yo o fenyang, go ise go ye kae ba tla pateletsega go dumela gore ba phoso. Ga ba kitla ba bona kgoro ya botso. Ka nako eo, ba le bantsi ba tla lela ba tshogile ba re: “Ke mang yo o kgonang go ema?” (Tshen. 6:15-17) Le fa go ntse jalo, kgaolo e e latelang ya Tshenolo e re naya karabo. Batlodiwa le batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla “ema” mo letsatsing leo fa Modimo a ba letla. Go tswa foo “boidiidi jo bogolo” jwa dinku tse dingwe bo tla falola pitlagano e kgolo.—Tshen. 7:9, 13-15.
19. E re ka o le mongwe wa batho ba ba tlhatswegileng pelo gore bokhutlo bo gaufi, o lebile pele go dira eng?
19 Fa gone jaanong re tlhoma mogopolo mo go diragadiweng ga boporofeti mo dinakong tseno tse di kgatlhang, re ka se ka ra itewa tsebe ke modumo wa lefatshe la ga Satane; e bile re ka se ka ra foufala mo e leng gore ga re bone bokao jwa mmatota jwa ditiragalo tsa lefatshe. Go ise go ye kae, Keresete o tla wetsa phenyo ya gagwe ya go fedisa batho ba ba sa rateng Modimo ka ntwa ya gagwe ya bofelo ya tshiamo. (Tshen. 19:11, 19-21) Akanya fela gore morago ga seo re tla bo re itumetse jang!—Tshen. 20:1-3, 6; 21:3, 4.