LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 1/15 ts. 1-2
  • Lenaane la Diteng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lenaane la Diteng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • MAKASINE O O ITHUTIWANG
  • DITLHOGO TSA THUTO
  • GAPE MO MAKASINENG ONO
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 1/15 ts. 1-2

Lenaane la Diteng

January 15, 2014

© 2014 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

MAKASINE O O ITHUTIWANG

MOPITLWE 3-9, 2014

Obamela Jehofa, Kgosi ya Bosakhutleng

TSEBE 7 • DIPINA: 106, 46

MOPITLWE 10-16, 2014

Dingwaga di le 100 Tsa Puso ya Bogosi—Di go Ama Jang?

TSEBE 12 • DIPINA: 97, 101

MOPITLWE 17-23, 2014

Go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale o sa Ntse o le Mosha

TSEBE 17 • DIPINA: 41, 89

MOPITLWE 24-30, 2014

Go Direla Jehofa Pele ga Malatsi a Masetlapelo a Goroga

TSEBE 22 • DIPINA: 54, 17

MOPITLWE 31, 2014–MORANANG 6, 2014

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”—Mme Gone Leng?

TSEBE 27 • DIPINA: 108, 30

DITLHOGO TSA THUTO

▪ Obamela Jehofa, Kgosi ya Bosakhutleng

Setlhogo seno se re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a bolo go nna Kgosi mme se tla re bontsha kafa a ileng a bontsha ka gone dibopiwa tsa gagwe tsa kwa legodimong le mo lefatsheng gore ke Kgosi. Gape se tla re tlhotlheletsa gore re latele dikao tsa mo nakong e e fetileng tsa batho ba ba ileng ba tlhopha go obamela Jehofa, Kgosi ya bosakhutleng.

▪ Dingwaga di le 100 Tsa Puso ya Bogosi—Di go Ama Jang?

Setlhogo seno se tla oketsa kanaanelo ya rona ya se Bogosi jwa Bomesia bo se fitlheletseng mo dingwageng tsa ntlha tse 100. Gape se tla re kgothaletsa gore re nne babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi, e bile se tla re tlhotlheletsa gore re tlhatlhanye ka bokao jwa temana ya ngwaga ya 2014.

▪ Go Dira Ditshwetso Tse di Botlhale o sa Ntse o le Mosha

▪ Go Direla Jehofa Pele ga Malatsi a Masetlapelo a Goroga

Ke ikaeletse eng mo botshelong? Eno ke potso ya botlhokwa e mongwe le mongwe yo o ineetseng mo go Jehofa a tshwanetseng go ipotsa yone. Mo ditlhogong tseno re tla tlotla ka melaometheo e e ka thusang basha ba Bakeresete gore ba direle Modimo ka botlalo, le ditshono tse Bakeresete ba ba godileng ba nang le tsone tsa go oketsa bodiredi jwa bone.

▪ “A Bogosi Jwa Gago bo Tle”—Mme Gone Leng?

Gompieno batho ba le bantsi ba itewa tsebe ke maemo a lefatshe kgotsa go gagamalela dilo tse ba di batlang. Setlhogo seno se sekaseka dipolelelopele tse tharo tse di nayang bosupi jo bo ka thusang Bakeresete gore ba tlhomamisege gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo fedisa tsamaiso eno e e boikepo.

GAPE MO MAKASINENG ONO

3 Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Afrika Bophirima

32 Tshwetso E ke E Dirileng Fa ke Le Ngwana

KHABARA: Go rerela baithuti ba yunibesithi ba ba tswang kwa dinageng di sele mo toropong ya Lviv

UKRAINE

BAAGI

45 561 000

BABOLEDI

150 887

Diphuthego di le 1 737 le ditlhopha di le 373, ka dipuo tse 15 go akaretsa Se-Hungary, Se-Romania, Se-Russia, Puo ya Diatla ya Se-Russia le Se-Ukraine

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela