Lenaane la Diteng
November 15, 2013
© 2013 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
MAKASINE O O ITHUTIWANG
DECEMBER 30, 2013–JANUARY 5, 2014
“Lo Nne lo Thantse Malebana le Dithapelo”
TSEBE 3 • DIPINA: 67, 81
JANUARY 6-12, 2014
Re ka Tswelela Jang Re na Le “Boikutlo Jwa go Leta”?
TSEBE 10 • DIPINA: 119, 32
JANUARY 13-19, 2014
Badisa ba le Supa, Dikgosana di le Robedi—Se di Se Kayang mo go Rona Gompieno
TSEBE 16 • DIPINA: 43, 123
JANUARY 20-26, 2014
TSEBE 21 • DIPINA: 125, 122
JANUARY 27, 2014–FEBRUARY 2, 2014
Badisa, Etsang Badisa ba Bagolo
TSEBE 26 • DIPINA: 5, 84
DITLHOGO TSA THUTO
▪ “Lo Nne lo Thantse Malebana le Dithapelo”
Fa tsamaiso e e boikepo ya ga Satane e ntse e ya bokhutlong, go botlhokwa thata gore re se ka ra robala semoyeng. Setlhogo seno se tlotla kafa go nna re thantse malebana le dithapelo go ka re thusang ka gone gore re nne re tsogile.
▪ Re ka Tswelela Jang Re na Le “Boikutlo Jwa go Leta”?
Mo setlhogong seno, bona gore re ka ithuta eng ka bopelotelele jwa ga moporofeti Mika. Sekaseka gore ke ditiragalo dife tse di tla bontshang bokhutlo jwa nako ya rona ya go letela Jehofa gore a tseye kgato ka tsamaiso eno e e boikepo. Gape ela tlhoko kafa re ka bontshang ka gone gore re anaanela bopelotelele jwa Modimo.
▪ Badisa ba le Supa, Dikgosana di le Robedi —Se di Se Kayang mo go Rona Gompieno
Pego ya fa Senakeribe a ne a tlhasela Jerusalema mo motlheng wa ga Esekiele e ka re ruta dithuto tse di botlhokwa. Se go tlotliwang ka sone mo setlhogong seno se botlhokwa thata mo go ba ba neilweng maikarabelo a go nna badisa ba phuthego.
▪ Ikobele Badisa ba ga Jehofa
▪ Badisa, Etsang Badisa ba Bagolo
Setlhogo sa ntlha mo ditlhogong tseno tse pedi se tlotla ka tsela e Jehofa le Jesu ba disang ka gone letsomane la bone la mo lefatsheng gompieno e bile se bontsha kafa dinku tse ba di tlhokometseng di tshwanetseng go itshwara ka gone. Mo setlhogong sa bobedi re tla sekaseka boikutlo jo bagolwane ba phuthego ba tshwanetseng go lwela go nna le jone fa ba ntse ba dira tiro ya bone ya go nna badisa ba ba botlana ba letsomane.
GAPE MO MAKASINENG ONO
8 Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang
KHABARA: Go neela bosupi jwa mo mmileng kwa seteisheneng sa terena kwa Tokyo. Letsatsi le letsatsi batho ba feta dimilione di le 2,8 ba dirisa dipalangwa go ya kwa Tokyo. Go dirwa maiteko a go rerela batho ba ba sa fitlhelweng mo matlong a bone fa go rerwa ka ntlo le ntlo
JAPANE
BAAGI:
126 536 000
PALOGARE YA BABOLEDI:
216 692
BABULATSELA BA KA METLHA:
65 245