Lenaane la Diteng
September 15, 2013
© 2013 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. All rights reserved.
MAKASINE O O ITHUTIWANG
OCTOBER 28, 2013–NOVEMBER 3, 2013
Dikgakololo Tsa ga Jehofa di a Ikanyega
TSEBE 7 • DIPINA: 64, 114
NOVEMBER 4-10, 2013
Dira Gore Dikgakololo Tsa ga Jehofa e Nne Boitumelo Jwa Pelo ya Gago
TSEBE 12 • DIPINA: 116, 52
NOVEMBER 11-17, 2013
TSEBE 17 • DIPINA: 69, 106
NOVEMBER 18-24, 2013
Dira Ditshwetso Tsa Gago ka Botlhale
TSEBE 22 • DIPINA: 27, 83
NOVEMBER 25, 2013–DECEMBER 1, 2013
Bobulatsela bo Nonotsha Kamano ya Rona le Modimo
TSEBE 27 • DIPINA: 95, 104
DITLHOGO TSA THUTO
▪ Dikgakololo Tsa ga Jehofa di a Ikanyega
▪ Dira Gore Dikgakololo Tsa ga Jehofa e Nne Boitumelo Jwa Pelo ya Gago
Jehofa ga a bolo go nna a dirisa dikgakololo go kaela batho ba gagwe. Dikgakololo tseo di akaretsa eng? Setlhogo sa ntlha se bontsha kafa re ka ikanyang dikgakololo tsa Modimo ka gone. Setlhogo sa bobedi se tlhalosa ditsela di le tharo tsa kafa re ka ikanyang dikgakololo tsa ga Jehofa ka botlalo ka gone.
▪ A o Ile wa Fetoga?
▪ Dira Ditshwetso Tsa Gago ka Botlhale
Tsela e re lebang dilo ka yone le ditshwetso tse re di dirang di tlhotlhelediwa thata ke tsela e re godisitsweng ka yone le maemo a re tshelang mo go one. Re ka tlhomamisa jang gore ditshwetso tsa rona di dumalana le thato ya Modimo? Mme gone, ke eng se se ka re thusang go diragatsa tshwetso e re e dirileng? Ditlhogo tseno di tla re thusa go itlhatlhoba ka kelotlhoko mo dintlheng tseno.
▪ Bobulatsela bo Nonotsha Kamano ya Rona le Modimo
Re tla sekaseka ditsela di le robedi tsa kafa kamano e Mokeresete a nang le yone le Jehofa e ka nonotshiwang ka gone ke go nna mmulatsela. Fa e le gore gone jaanong o mmulatsela, ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o le mo tirelong eno le fa gone o lebana le dikgwetlho? Fa e le gore o batla go nna mmulatsela le go itumelela masego a bobulatsela bo a lereng, o ka dira eng?
KHABARA: Mo kgaolong ya Amazonas kwa bokone jwa Peru, go na le ditshono di le dintsi tsa gore motho a ka rera a se mo bodireding
PERU
PALO YA BAAGI
29 734 000
BABOLEDI
117 245
BA BA KOLOBEDITSWENG MO DINGWAGENG TSE TLHANO TSE DI FETILENG
28 824
Dikgatiso tsa rona di ranolelwa mo dipuong di le thataro kwa Peru. Babulatsela ba ba kgethegileng le barongwa ba ba fetang 120 ba rera ka dipuo tse dingwe kwantle ga puo ya Se-Spain