Lenaane la Diteng
December 15, 2011
Makasine o o Ithutiwang
DITLHOGO TSA THUTO TSA DIBEKE TSA:
January 30, 2012–February 5, 2012
A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?
TSEBE 8
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 61, 57
February 6-12, 2012
Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kaelwa ke Moya wa Modimo?
TSEBE 13
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 71, 63
February 13-19, 2012
Batlhanka ba ba Ikanyegang ba Bogologolo—Ba ne Ba Kaelwa ke Moya wa Modimo
TSEBE 18
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 81, 51
February 20-26, 2012
Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno
TSEBE 22
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 69, 122
Boikaelelo Jwa Ditlhogo Tsa Thuto
SETLHOGO SA THUTO 1 TSEBE 8-12
Batho bangwe ba ba umakilweng mo Baebeleng ke dikao tse di molemo mo go rona, le fa go ntse jalo, gape e ka nna dikao tse di re tlhagisang. Setlhogo seno se tla re thusa go sekaseka sekao sa ga Solomone mo dikarolong tseno tsoopedi. Ke eng se re ka ithutang sone mo go ene se se tla re thusang go tshela ka tsela e e bontshang gore re Bakeresete?
SETLHOGO SA THUTO 2 TSEBE 13-17
Go na le maatla a magolo mo lobopong a a ka re kaelang ka katlego mo botshelong mo lefatsheng leno le le boikepo. Maatla ao ke eng, ke ka ntlha yang fa re batla gore a re kaele, mme ke eng se re ka se dirang gore tlhotlheletso ya one e re solegele molemo ka botlalo?
DITLHOGO TSA THUTO 3, 4 TSEBE 18-26
Batlhanka ba le bantsi ba Modimo mo nakong e e fetileng ba ne ba tladiwa ka moya o o boitshepo. Moya wa Modimo o ne o dira mo go bone ka ditsela dife? Go ithuta kafa Jehofa a ileng a ba kaela ka gone go tla re kgothatsa thata mo bodireding jwa rona.
GAPE MO MAKASINENG ONO
3 Go Dira Diphetogo go Nnile le Melemo
27 O se Ka wa Letla Bolwetse bo go Amoga Boitumelo
32 Kaedi ya 2011 ya Ditlhogo Tsa Tora ya Tebelo