Lenaane la Diteng
October 15, 2011
Makasine o o Ithutiwang
DITLHOGO TSA THUTO TSA DIBEKE TSA:
November 28, 2011–December 4, 2011
A Boitlosobodutu Jwa Gago bo go Solegela Molemo?
TSEBE 8
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 70, 74
December 5-11, 2011
Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le ka Go se Nne mo Lenyalong
TSEBE 13
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 85, 36
December 12-18, 2011
Ikanye Jehofa, “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
TSEBE 23
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 75, 115
December 19-25, 2011
“Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”
TSEBE 27
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 68, 42
Boikaelelo Jwa Ditlhogo Tsa Thuto
SETLHOGO SA THUTO 1 TSEBE 8-12
Go sa kgathalesege gore re nna kae, go dirisa melaometheo ya Baebele go tla re thusa go tlhopha mofuta wa boitlosobodutu o o tla re solegelang molemo. Setlhogo seno se tla sekaseka kafa re ka lekang mofuta wa rona wa boitapoloso ka gone.
SETLHOGO SA THUTO 2 TSEBE 13-17
Tshwetso e motho a e dirang malebana le lenyalo le go se tsene mo lenyalong e ama botshelo jwa gagwe jotlhe le boemo jwa gagwe le Jehofa. Setlhogo seno se tla bontsha kafa batlhanka ba Modimo ba ba nyetseng kgotsa ba ba sa nyalang ba ka dirisang ka teng kgakololo ya Baebele e e fitlhelwang mo go 1 Bakorintha kgaolo 7 gore e ba solegele molemo mo karolong eno e e botlhokwa ya botshelo.
DITLHOGO TSA THUTO 3, 4 TSEBE 23-31
Mo metlheng eno ya bofelo, batlhanka ba ga Jehofa le batho ba bangwe ba lebana le maemo a le mantsi a a hutsafatsang. Mangwe a maemo ano ke afe? Re ka bona kae kgomotso e re e tlhokang? Ditlhogo tseno tse pedi di bontsha kafa Jehofa le Basupi ba gagwe ba nayang batho kgomotso mo metlheng eno ya matshwenyego ka teng.
GAPE MO MAKASINENG ONO
3 “Nnang lo Disitse”—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Jaana?
18 Ke Ntse ke Itumelela go Direla Jehofa
32 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Globe: Courtesy of Replogle Globes