Lenaane la Diteng
April 15, 2011
Makasine o o Ithutiwang
DITLHOGO TSA THUTO TSA DIBEKE TSA:
May 30, 2011–June 5, 2011
Go Direla Jehofa ka Bomasisi Jotlhe
TSEBE 9
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 125, 66
June 6-12, 2011
Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo
TSEBE 13
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 112, 104
June 13-19, 2011
‘Dinonofo Tse Moya o di Tlhagisang’ di Galaletsa Modimo
TSEBE 18
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 25, 11
June 20-26, 2011
A o Letla Moya wa Modimo o go Goga?
TSEBE 23
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 120, 48
Boikaelelo Jwa Ditlhogo Tsa Thuto
SETLHOGO SA THUTO 1 TSEBE 9-13
Mo lefatsheng le bontsi jwa batho ba sa tseyeng boikarabelo jwa bone masisi, Bakeresete ba tshwanetse go dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone tse di tlang pele mo botshelong. Seno se botlhokwa thata mo kobamelong ya rona e re e direlang Jehofa. Setlhogo seno se tla bontsha tsela e e lekalekaneng e e tlhalosiwang mo Dikwalong ya gore re tshwanetse go tsaya jang boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete masisi.
SETLHOGO SA THUTO 2 TSEBE 13-17
Batho ba le bantsi ba thatafalelwa ke go dira ditshwetso. Setlhogo seno se tla re thusa go sekaseka gore ke eng fa go le botlhokwa gore re ithute kafa re ka dirang ditshwetso tse di siameng ka gone. Gape se tla tlotla ka ditsela tse re ka di dirisang go tlhomamisa gore ditshwetso tse re di dirang di tlotla Modimo.
DITLHOGO TSA THUTO 3, 4 TSEBE 18-27
‘Dinonofo tse moya o di tlhagisang’ ke eng? Re ka dira jang gore re nne le tsone? Mme ke eng fa re tshwanetse go dira jalo? O tla bona dikarabo tsa dipotso tseno fa re ntse re sekaseka dikarolo di le robongwe tsa dinonofo tse moya o di tlhagisang. Gape ditlhogo tseno di tla akaretsa dikakantsho tse di tla thusang ba le bantsi.
GAPE MO MAKASINENG ONO
3 A o Lemoga Bosupi Jwa Gore re Kaelwa ke Modimo?
6 Kafa o ka Nnang o Ikanyega ka Gone mo Lefatsheng Le le Sa Ikanyegeng
29 Ke Fitlhetse Dilo di le Dintsi Tse di Molemo