LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 2/1 ts. 3
  • Ke ka Ntlha Yang fa Manyalo a Thubega?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa Manyalo a Thubega?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Iphitlhela O le Mo Lenyalong Le le Se Nang Lorato
    Tsogang!—2001
  • A Lenyalo le ka Kgona go Emelana le Difefo?
    Tsogang!—2006
  • Tlhalo—Tota Bibela ya Reng ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Basupi ba ga Jehofa ba Leba Tlhalo Jang?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 2/1 ts. 3

Ke ka Ntlha Yang fa Manyalo a Thubega?

“Bafarasai ba tla kwa go [Jesu], ba ikaeletse go mo raela mme ba re: ‘A go kafa molaong gore monna a tlhale mosadi wa gagwe ka lebaka le fa e ka nna la mofuta ofe?’”—Mathaio 19:3.

BATHO bangwe ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba belaela gore a manyalo a ka nnela ruri kgotsa gore a a tshwanetse go nnela ruri. Jesu o ne a ba raya a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”a (Mathaio 19:4-6) Ga go pelaelo gore Modimo o ne a ikaeletse gore manyalo a nnele ruri.

Mo dinageng di le dintsi gompieno, manyalo a palo e e ka nnang diperesente di le 40 kgotsa go feta tsa manyalo otlhe, a a thubega a bo a felela ka tlhalo. A kgakololo ya Baebele malebana le lenyalo e feletswe ke nako? A manyalo a ka tswa a thubega ka gonne thulaganyo ya lenyalo ka boyone e na le bothata?

Akanya ka sekai seno: Malapa a mabedi a reka dikoloi tsa modiro o o tshwanang. Banyalani ba lelapa la ntlha ba tlhokomela koloi ya bone e bile ba e kgweetsa sentle. Koloi ya bone ga e senyege. Banyalani ba lelapa le lengwe bone ga ba iphe nako ya go tlhokomela koloi ya bone mme ba e kgweetsa botlhaswa. Koloi ya bone e a senyega ba bo ba e latlha. Ke eng se se dirileng gore koloi ya banyalani ba bobedi e senyege—a ke bothata jwa koloi kgotsa ke jwa beng ba yone? Ga go pelaelo gore ke jwa beng ba yone.

Ka tsela e e tshwanang, lebaka la go bo manyalo a le mantsi a thubega ga se ka gonne thulaganyo ya lenyalo e na le bothata. Manyalo a le mantsi a a atlegang a bontsha seo. Manyalo a a ntseng jalo a tlisa boitumelo mo banyalaning, mo malapeng le mo setšhabeng. Mme fela jaaka koloi, lenyalo le tshwanetse go tlhokomelwa sentle ka metlha gore le nnele ruri.

Le fa lo ka tswa lo na le malatsi a le mmalwa kgotsa dingwaga di le dintsi lo nyalane, kgakololo ya Baebele e e malebana le kafa lo ka nonotshang lenyalo la lona ka yone ruri e solegela molemo. Ela tlhoko dikai tse di mo ditsebeng tse di latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Baebele e letla batho gore ba tlhalane fela ka ntlha ya boaka.—Mathaio 19:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela