Lenaane la Diteng
November 15, 2010
Makasine o o Ithutiwang
DITLHOGO TSA THUTO TSA DIBEKE TSA:
December 27, 2010–January 2, 2011
Basha—Kaelwang ke Lefoko la Modimo
TSEBE 3
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 37, 57
January 3-9, 2011
Basha—Fenyang Kgatelelo ya Balekane
TSEBE 7
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 24, 52
January 10-16, 2011
Basha—Lo Ikaeletse Eng mo Botshelong?
TSEBE 12
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 95, 89
January 17-23, 2011
Jehofa ke Morena Molaodimogolo wa Rona!
TSEBE 24
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 23, 91
January 24-30, 2011
Re Tla Tsamaya mo Bothokgaming Jwa Rona!
TSEBE 28
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 29, 45
Boikaelelo Jwa Ditlhogo Tsa Thuto
DITLHOGO TSA THUTO 1-3 TSEBE 3-16
Ditlhogo tseno di kwaletswe segolobogolo basha. Setlhogo sa ntlha se bontsha kafa basha ba ka kaelwang ka gone ke kgakololo e e mo Lefokong la Modimo, Baebele. Sa bobedi se tlhalosa kafa ba ka fenyang kgatelelo ya balekane ka gone. Mme sa bofelo se tlhalosa gore basha ba ka ipeela mekgele efe e ba ka kgonang go e fitlhelela.
DITLHOGO TSA THUTO 4, 5 TSEBE 24-32
Ithute kafa o ka tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa Modimo ka gone. Ithute gore go kaya eng go nna mmoloka bothokgami. Sekaseka dilo dingwe tse di ileng tsa diragalela Jobe yo o thokgameng. Ditlhogo tseno di tlhalosa gore o ka tsamaya jang mo bothokgaming jwa gago le go nna o ikanyega mo go Jehofa yo e leng Morena Molaodimogolo wa gago fela jaaka Jobe le baobamedi ba bangwe ba mo nakong e e fetileng.
GAPE MO MAKASINENG ONO:
Jehofa o Reetsa Selelo Sa yo O Pelo e Phatlogileng 17
‘Mma re Iseng Tshupelo ya ga Jehofa’ 20
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading 22
‘Dilo Tse a Neng a di Dira di Tsamaile le Ene’ 23