LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 11/1 ts. 8
  • Bona Se o Se Tlhokang Semoyeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bona Se o Se Tlhokang Semoyeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Latela Sekao sa ga Jesu sa Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Latelelang Poifomodimo Jaaka Bakeresete ba ba Kolobeditsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Mo Boitshokong jwa Lona Lo Tsenye Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 11/1 ts. 8

Tsela 5

Bona Se o Se Tlhokang Semoyeng

BAEBELE E RUTA ENG? “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

RE KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Go na le dikereke di le dintsintsi, mme bontsi jwa tsone di ruta ditsela tse di ganetsanang tsa kafa o ka bonang ka teng se o se tlhokang semoyeng. O ka itse jang gore ke efe e e rutang boammaaruri e bile e itumedisa Modimo? Bakwadi bangwe ba ba itsegeng ba re go dumela mo Modimong le go ineela mo go ene ga go utlwale e bile go kotsi. Makasine wa Maclean’s o kwala jaana fa o sobokanya se se dumelwang ke molatolamodimo mongwe yo o itsegeng: “Kgopolo eno ya Bokeresete ya gore botshelo bo akaretsa dilo tse di sa bonweng tse di ka se tlhomamisiweng ka saense . . . e dira gore botshelo jo re bo tshelang bo lebege bo se botlhokwa mme ke gone ka moo batho ba ganelelang mo go direng thubakanyo.”

O KA DIRANG? Sekaseka bosupi jwa gore Modimo o teng. (Baroma 1:20; Bahebera 3:4) O se ka wa letla ope gore a go kgobe marapo fa o senka dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa, tse di jaaka tse di latelang: Ke eng fa re le mono? A go na le botshelo morago ga loso? Ke ka ntlha yang fa batho ba boga go le kana kana? Modimo o batla gore ke direng? Go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseo go ka go thusa thata gore o nne o ritibetse.

Le fa go ntse jalo, o se ka wa dumela sengwe le sengwe fela se batho ba go bolelelang sone. Lefoko la Modimo le go kgothaletsa go dirisa ‘maatla a go akanya’ go iponela se se amogelesegang mo go ene. (Baroma 12:1, 2) Matsapa a gago e ka se nne a bophiri. Fa o ipha nako ya go ithuta Baebele le go dirisa kgakololo ya yone e e molemo, o tla tila mathata le go tshwenyega thata mme o tla itumelela botshelo le go feta pele. Eno ke tsholofetso e re ka e ikanyang. Batho ba le bantsi ba ba godisitsweng ka ditsela tse di sa tshwaneng ba ile ba solegelwa molemo ke go ithuta boammaaruri ka Modimo le boikaelelo jwa gagwe. Ka sekai, bala maitemogelo a a kwadilweng mo go tsebe 18 go ya go 21 mo makasineng ono.

Fa o ntse o solegelwa molemo ke go dirisa kgakololo e e molemo ya Baebele, o tla rata Modimo le go feta. Ke ka ntlha yang fa o sa dumele go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa? Fa o ka dira jalo, ga go pelaelo gore o tla dumalana le se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala: “Boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo.”—1 Timotheo 6:6.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Iponele se se amogelesegang mo Modimong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela