Lenaane la Diteng
August 15, 2010
Makasine o o Ithutiwang
DITLHOGO TSA THUTO TSA DIBEKE TSA:
September 27, 2010–October 3, 2010
Kafa Jesu a Tlotlomatsang Tshiamo ya Modimo ka Teng
TSEBE 8
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 46 [33], 133 [195]
October 4-10, 2010
Kafa Thekololo e re Bolokang ka Teng
TSEBE 12
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 62 [207], 99 [168]
October 11-17, 2010
A “Molao wa Bopelonomi Jwa Lorato” o Dibele Loleme Lwa Gago
TSEBE 21
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 77 [110], 79 [66]
October 18-24, 2010
Ke Mang Yo o Ka Gololang ba ba Goang ba Kopa Thuso?
TSEBE 28
DIPINA TSE DI TLA OPELWANG: 68 [188], 23 [47]
Boikaelelo Jwa Ditlhogo Tsa Thuto
DITLHOGO TSA THUTO 1, 2 TSEBE 8-16
Ithute kafa Satane a neng a gwetlha Modimo ka teng. Sekaseka kafa Jesu a neng a tlotlomatsa tshiamo ya bolaodi jwa ga Jehofa ka gone. Akanya kafa Jehofa le Jesu ba latlhegetsweng thata ka teng gore thekololo e nne teng, mme o bone gore e ka go boloka jang. Go tla tlotliwa ka dintlha tseno mo ditlhogong tseno.
SETLHOGO SA THUTO 3 TSEBE 21-25
Ithute gore bopelonomi jwa lorato ke eng le gore bo ka ama jang tsela e o dirisang loleme ka yone. Gape akanya ka ditsela tse motho a ka bontshang nonofo eno ya bomodimo ka tsone mo tseleng e a buang ka yone letsatsi le letsatsi. Dintlha tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong seno.
SETLHOGO SA THUTO 4 TSEBE 28-32
Pesalema ya 72 e umaka maoko a se Morwa Modimo e bong Jesu Keresete a tla se dirang mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. O tla gomotsega e bile o tla kgothala fa o ntse o ithuta setlhogo seno mme o tlhatlhanya ka tsela e Jehofa Modimo a tla dirisang Solomone yo Mogolwane ka yone go golola ba ba goang ba kopa thuso.
GAPE MO MAKASINENG ONO:
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading 6
Ke Eng fa re Tshwanetse go Tshwara Nako? 25