Polao e e Setlhogo Kwa Sekolong—Kafa Batho ba Ileng ba Gomodiwa ka Gone
TSEBE ya ntlha ya lokwalodikgang e ne e le ntsho yotlhe fela. Mo go yone go ne go kwadilwe lefoko leno le le lengwe ka ditlhaka tse dikgolo: “Goreng?” Batho ba ne ba ipotsa potso eno gangwe le gape morago ga gore mosha mongwe wa dingwaga di le 17 a thuntshakake batho kwa Winnenden kwa borwa jwa Jeremane mo go neng ga swa batho ba le 15, mme morago ga moo le ene a ipolaya. Go ralala Jeremane difolaga di ne tsa folosiwa tsa bewa mo bogareng jwa pinagare, mme dikgang tseno tsa masetlapelo di ne tsa anama ka bonako mo lefatsheng lotlhe.
Winnenden ke toropo e e humileng e ntle e e nang le ditshimo tsa mofine le tsa maungo. Letsatsi la March 11, 2009, e ne e le letsatsi le le tlwaelegileng fela jaaka malatsi a mangwe kwa Sekolong sa Sekontari sa Albertville. Ka tshoganyetso fela ka 9:30 a.m., go ne ga nna le thubakanyo le tlhakatlhakano mo sekolong.
Lekawana lengwe le le neng le galefile le ne la tsena mo sekolong seno se le kileng la bo le ithuta mo go sone le tshotse tlhobolo e le neng le e tsere mo kamoreng ya batsadi ba lone. Mo lobakeng lo lokhutshwane fela, o ne a thuntsha le go bolaya baithuti ba le robongwe le barutabana ba le bararo mo ditlelaseng tse tharo le mo phashiting, mme a gobatsa ba bangwe ba le mmalwa. Mapodise a ne a goroga mo metsotsong e se kae fela. Mmolai yono o ne a siela kwa tliliniking e e fa gaufi e e alafang batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo. Mme o ne a bolaya modiri mongwe yo o baakanyang lefelo leo. Morago ga moo o ne a tsaya koloi ya mokgweetsi mongwe ka dikgoka a mo supile ka tlhobolo. Dikilometara di ka nna 40 go tswa kwa lefelong leo, mokgweetsi yoo o ne a kgona go tshaba. Fa lekawana leno le fitlha kwa go rekisiwang dikoloi gone, le ne la bolaya morekisi mongwe le motho mongwe yo o neng a reka mme la gobatsa thata mapodise a le mabedi a a neng a leka go mo tshwara. Fa kgabagare mapodise a kgona go mo tshwara, o ne a ithuntsha mo tlhogong.
Batho ba ba itseng lekawana leno ba re e ne e le motho fela yo o neng a batla gore batho ba bangwe ba mo rate e bile a batla go nna le ditsala. Matsapa di a tsere kae? Gongwe o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong kgotsa gongwe o ne a tle a tshameke ka tlhobolo e e seng ya mmatota gape a tshameka le metshameko e e tlwaelegileng ya khomputara e e nang le thubakanyo. Mme batho bangwe ba re basha ba le bantsi le bone ba a tle ba dire jalo. Gone go tweng ka batho ba ba bolailweng? A o ne a thuntsha batho ba ba rileng kgotsa o ne a thuntshakaka fela? Batho bangwe ba ne ba fopholetsa gore ke eng a thuntshitse basetsana ba le robedi le mosimane a le mongwe fela. Mme ga go ope yo o neng a kgona go ntsha lebaka le le utlwalang.
Kafa Batho ba Ileng ba Itshwara ka Teng
Heike a re: “Fa morwaarona a founa mme a mpolelela ka tiragalo eo ya go thuntshakaka kwa sekolong, ke ne ke sa mo dumele. Mme e rile ke utlwa dikoloi tse dintsi tsa mapodise le diambulanse di feta ka lobelo lo logolo, ke ne ka tshoga.” Gongwe go tla ka bonako ga mapodise ke gone go dirileng gore lekawana leno le se ka la bolaya batho ba le bantsi thata kwa sekolong. Fa batho ba sena go ntshiwa mo sekolong, badiri ba kalafi ya potlako, baithutatlhaloganyo le baruti ba sesole ba ne ba tla mo lefelong la tiragalo mme ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa baithuti bano.
Ka bonako fela babegadikgang ke fa ba setse ba le kwa sekolong, ba leka go botsolotsa baithuti bao, ba bontsi jwa bone ba neng ba sa ntse ba tshogile. Moithuti mongwe a re o bone dikoloi di le 28 tsa thelebishene mme e le tsa diteishene tse di farologaneng di le 26, di eme fa pele ga sekolo. Metswedi eo ya tshedimosetso e ne e gaisana, mme seo sa felela ka gore dipego tsa bone di se ka tsa nna le dintlha tse di boammaaruri. Mo go lone letsatsi leo la polao e e setlhogo, mmegadikgang mongwe o ne a ya kwa lelapeng la gaabo mosetsana mongwe yo a neng a bolailwe mme a kopa ditshwantsho tsa gagwe, mme ba bangwe bone ba ne ba duela baithuti bangwe gore ba ba tseye dinepe. E re ka go ne go tlhakatlhakane kwa sekolong, babegadikgang bangwe ba ne ba sa kgone go nna tekatekano fa ba ne ba lwela gore e nne bone ba ntlha ba begang dikgang tse di boammaaruri e bile ba ne ba sa akanyetse batswasetlhabelo le go ba bontsha tlotlo.
Jaaka go a tle go direge gantsi mo maemong a a tshwanang le ano, batho bangwe ba ne ba ya kwa madumeding mangwe gore ba bone kgomotso le gore ba tlhaloganye se se diregileng. Mo letsatsing leo la polao e e setlhogo, batho ba dikereke tse di farologaneng ba ne ba tshwara tirelo. Ba le bantsi ba ne ba lebogela tshegetso eo. Mme ba ba neng ba batla go gomodiwa ka Lefoko la Modimo le go batla dikarabo tsa dipotso tsa bone ba ne ba swabile nko go feta molomo. Lelapa lengwe le ne la ya phitlhong ya ngwana yo a neng a le mo tlelaseng e le nngwe le morwaabone. Mmè wa ngwana yoo o ne a re: “Bishopo o ne a bua ka go boga ga ga Jobe. Ke ne ke letetse gore a tlhalose se re se ithutang mo pegong eo kgotsa a re kgothatse—mme ga a ka a dira jalo. Ga a ka a tlhalosa gore ke eng fa Jobe a ile a boga kgotsa gore go ne ga felela jang ka ene.”
Monna mongwe o ne a tennwe ke mafoko a a sa utlwaleng a a neng a a utlwa. Monna yono o ne a kile a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa dingwaga di ka nna 30 tse di fetileng mme a tlogela go ithuta. Mme jaanong o ne a simolola go ya dipokanong tsa bone gape.
Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 14 e bong Valisa, yo o neng a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ne a le mo tlelaseng gaufi le fa lekawana leno le neng le thuntsha batho gone. E rile a utlwa modumo wa tlhobolo, o ne a rapela Jehofa. Moragonyana fa a bodiwa gore o ne a kgona jang go itshokela maemo ao, o ne a re tiragalo eo e ne e bontsha gore se a se ithutileng mo Baebeleng malebana le metlha eno ya bofelo e e thata, se boammaaruri. (2 Timotheo 3:1-5) Basupi bangwe ba babedi ba ne ba ntse ba gomotsa baagelani ba bone. Mosadi mongwe yo o godileng o ne a ba raya a re, “Batho ba bantsi ba tshwanetse go dira se lo se dirang.” E re ka polao eno e e setlhogo e ne e utlwisa botlhoko e bile e garola pelo, e ne ya dira gore batho bangwe ba reetse molaetsa wa tsholofelo le wa kgomotso o o tswang mo Lefokong la Modimo.
Ditlamorago Tse di sa Feleng Tsa Masetlapelo Ano
Ke boammaaruri gore mafoko a a tswang pelong a kgomotso a ne a ka se fedise letshogo le tlalelo ya batho ba ba amilweng ke tiragalo eo ka tlhamalalo. Ga go mafoko ape a a neng a ka fedisa gotlhelele botlhoko jwa motsadi yo o swetsweng ke ngwana kgotsa tlalelo ya lepodise le le neng la itlhaganelela kwa sekolong mme la fitlhela mosadi wa lone e le mongwe wa batho ba ba bolailweng.
Baithuti ba ba neng ba falola masetlapelo ano, mmogo le ba malapa a bone, ba ne ba tshogile fela thata ka ditsela tse di sa tshwaneng. Vassilios o ne a tswa ka bonako ka kgoro ya tshoganyetso fa lekawana leno le simolola go thuntsha. A re: “Fa ke ne ke tlolela kwa ntle ka fensetere, ke ne ka rapela Jehofa. Ke ne ke akanya gore ke tlile go swa. Ke ne ke akanya gore eno ke thapelo ya me ya bofelo.” Mo dibekeng tse di latelang, o ne a lora ditoro tse di maswe, mme o ne a sa batle go bua le ope. O ne a tenwa thata ke go bona kafa metswedi ya tshedimosetso e gaisanang ka teng ka go bega kgang eno le go tlhoka kutlwelobotlhoko ga ba ba neng ba batla dintlha tsa tiragalo eno. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a kgona go amogela se se diragetseng.
Jonas o ne a le mo tlelaseng e le nngwe le Vassilios mme o ne a bona baithuti ba le batlhano ba a tsenang le bone ba bolawa. O ne a re: “Morago fela ga tiragalo eo, ke ne ke se na bothata jwa go tlhalosa se se diragetseng; e ne e kete ke bone filimi e e tshosang. Mme gone jaanong, go thata go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka gone. Maikutlo a me a nna a fetofetoga. Ka dinako dingwe ga ke batle go bua ka kgang eno; mme ka dinako tse dingwe ke bua thata ka yone.” Le ene o nna le ditoro tse di maswe e bile ga a kgone go robala sentle.
Morago ga malatsi a le mmalwa, baithuti ba ne ba newa dilwana tsa bone tse di neng di le mo ditlelaseng. Bagakolodi bangwe ba ne ba re go bona dilwana tseo go ne go tla ba gopotsa masetlapelo ao. Kwa tshimologong, Jonas o ne a sa batle go kgoma baki ya gagwe, beke ya gagwe ya sekolo le helemete ya sethuthuthu. Gape nako le nako o ne a tshoga fa a bona motho yo o tshwanang le ratlhobolo kgotsa motho yo o belegeng kgetsana e e tshwanang le ya gagwe. Fa batsadi ba gagwe ba lebile filimi nngwe mme go bo go nna le modumo wa tlhobolo, o ne a tshoga fela thata. Ba tsa kalafi ba ile ba leka go thusa batswasetlhabelo gore ba se ka ba akanya ka dilo tse di utlwisang botlhoko tse di ba diragaletseng.
Rraagwe Jonas e bong Jürgen, o bereka kwa tliliniking e modiri mongwe wa yone a bolailweng. O ne a re batsadi ba le bantsi le badiri bangwe ba ne ba tlhobaela ba ipotsa dipotso tse di jaaka goreng? go tweng fa le nna nkabo ke thuntshitswe? Ka sekai, modiri mongwe wa kwa tliliniking, yo e rileng a le mo mathuding a bona ratlhobolo, o ne a tshwenngwa thata ke go akanya gore le ene a ka bo a thuntshitswe ke ratlhobolo, mo a neng a newa thuso e a neng a e tlhoka ya bongaka.
Kafa Bangwe ba Ileng ba Thusiwa ka Gone Gore ba Lebane le Maemo Ano
Ke eng se se ileng sa thusa batho bangwe gore ba kgone go lebana le tiragalo eno e e setlhogo? Jürgen a re: “Gone le fa go le thata ka dinako dingwe, go a thusa go nna le batho ba bangwe. Go a thusa go itse gore batho ba bangwe ba amega ka wena.”
Jonas le ene o anaanela go bo batho ba bangwe ba amega ka ene, a re: “Ba le bantsi ba romela dikarata le melaetsa. Ba bangwe ba ne ba umaka ditemana tsa Baebele, ke bo ke di bala. Seo se molemo.” Ke eng gape se se mo thusang? “Fa ke thanya bosigo mme ke sa tlhole ke kgona go itshoka, ke a rapela. Ka dinako tse dingwe ke reetsa mmino kgotsa di-CD tsa Tsogang!”a O oketsa ka go re Baebele e re bolelela gore ke eng fa dilo tseno tsotlhe di direga: Satane o busa lefatshe leno, e bile re tshela mo metlheng ya bofelo. Rraagwe a re go itse dilo tseno go ba thusa gore ba kgone go lebana le maemo ano.
Pogo Yotlhe e Tloga e Fela
Mo malatsing a le mmalwa fela, go ne go tletse dikerese, malomo le makwalo fa pele ga sekolo. Kerstin o ne a lemoga gore mo makwalong mangwe, batho ba le mmalwa ba ne ba botsa gore ke ka ntlha yang fa seno se diregile le gore ke eng fa Modimo a se letlile go direga. E re ka a ne a akanya gore dipotso tseno di tlhoka go arabiwa, ene le Basupi ba bangwe ba babedi ba ne ba kwala lekwalo mme ba le baya le a mangwe.
Fa go ne go dirilwe tirelo ya segopotso sa tiragalo eno, seteishene sengwe sa thelebishene se ne sa tlhagisa lekwalo la gagwe mme sa nopola mela ya ntlha e e reng: “Goreng? Mo metlheng eno ya bofelo, potso eno ga e bolo go nna e bodiwa ka makgetlokgetlo, segolobogolo dipotso tse di jaaka: Modimo o ne a le kae? Mme ke eng fa a letlile gore seno se direge?” Ka maswabi, ba ne ba le nopola go fitlha fela foo.
Ke eng fa re re ka maswabi? Ka gonne lekwalo leo le ne le tswelela pele go tlhalosa gore pogo e simologile jang le gore Modimo “o tla tlhomamisa gore masetlapelo otlhe a a bakilweng ke batho a tla dirololwa.” Mme le tswelela ka go re: “Mo bukeng ya bofelo ya Baebele, Modimo a re o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a batho, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Gape Jehofa Modimo o tla tsosa batho ba ba suleng. Mo Bogosing jwa gagwe jo bo tlogang bo tla, ga go kitla go tlhola go nna le masetlapelo, dipolao tse di setlhogo kgotsa pogo. Modimo o solofeditse jaana: “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:4, 5.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dikgatiso tsa makasine wa Tsogang! le di-CD tsa one di gatisiwa ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jonas o ne a amogela karata e e kwadilweng, “Re akantse ka wena”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Focus Agency/WPN
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
© imagebroker/Alamy
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
Foto: picture alliance
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]
Foto: picture alliance