LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 5/1 ts. 22-25
  • Bethele ya Brooklyn E na Le Dingwaga di le 100

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bethele ya Brooklyn E na Le Dingwaga di le 100
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang Fa go Ne go Fudugelwa Kwa Brooklyn?
  • Ke Eng fa le Bidiwa Bethele?
  • Baeng ba Amogelwa ka Lorato
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Anaanela “Ntlo ya Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Bolela Kaga go Boa ga Morena (1870-1914)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 5/1 ts. 22-25

Bethele ya Brooklyn E na Le Dingwaga di le 100

NGWAGA wa 1909 e ne e le ngwaga o o botlhokwa thata kwa New York City. Go ne ga bulwa Borogo jwa Queensboro jo bo golaganyang toropo ya Queens le Manhattan, gape go ne ga bulwa Borogo jwa Manhattan jo bo neng bo golaganya Manhattan le Brooklyn.

Mme gape e ne e le ngwaga o o botlhokwa thata mo Basuping ba ga Jehofa. Pelenyana, Charles Taze Russell, poresidente ya Watch Tower Bible and Tract Society, e leng lekgotla la semolao la Basupi ba ga Jehofa, o ile a bona gore go ka kgonega gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e atolosiwe. (Mathaio 24:14) O ne a bona go tlhokega gore ntlokgolo ya Mokgatlho e fudusiwe go tswa kwa Pittsburgh, Pennsylvania, go ya kwa Brooklyn, New York. Go ne go setse go dirilwe dithulaganyo tsa go fuduga ka 1908 mme go ne ga fudugwa mo tshimologong ya ngwaga o o latelang.

Ke ka Ntlha Yang Fa go Ne go Fudugelwa Kwa Brooklyn?

Bakaulengwe ba ba neng ba eteletse tiro ya go rera pele ka nako eo ba ne ba itse gore go rera go dirisiwa dithero tse di gatisitsweng mo makwalodikgannyeng e ne e le tsela e e nang le matswela ya go anamisa boammaaruri jwa Baebele. Tota e bile, ka ngwaga wa 1908, dithero tsa ga Russell tsa Baebele tsa beke le beke di ne di gatisitswe mo makwalodikgannyeng a le 11 a dikhopi tsotlhe tsa one fa di kopane di neng di le 402 000.

Le fa go ntse jalo, Russell o ne a kwala jaana: “Bakaulengwe ba ba neng ba tlhaloganya kafa makwalodikgang a nang le go refosana ditlhogo ka gone, ba ne ba re fa dithero tseno tsa beke le beke di ne di tswa mo makwalodikgannyeng a toropo e kgolo, seno se ne se ka dira gore di feleletse di gatisitswe mo United States yotlhe; mo e leng gore ka ngwaga fela go ne go tla nna le makwalodikgang a le mantsi a a di gatisang ka metlha.” Ka jalo, ba ne ba simolola go batla lefelo le le siametseng go ka atolosa tiro ya go rera mo go lone.

Ke ka ntlha yang fa go ne ga tlhophiwa Brooklyn? Russell o ne a re: “Fa re sena go rapela ka kgang eno, rotlhe re ne ra swetsa ka gore Brooklyn, N.Y., e e nang le baagi ba bantsi . . . e bile e itsege e le ‘Motse wa Dikereke,’ e ne e tla nna lone lefelo le le tshwanelang thata tiro ya thobo.” Matswela a bontsha gore eno e ne e le tshwetso e e botlhale. Mo lobakeng lo lokhutshwane, makwalodikgang a le 2 000 a ne a gatisa dithero tsa ga Russell.

New York e ne e le lefelo le le tshwanelang ka ntlha ya lebaka le lengwe gape. Ka 1909, go ne go tlhomilwe diofisi tsa makala kwa Great Britain, Jeremane le Australia, mme go ne go sa ntse go tlile go nna le tse dingwe. Ka jalo, go ne go utlwala go tlhoma ntlokgolo ya lefatshe mo motseng o o gaufi le boemakepe le o o nang le ditsela di le dintsi le diporo tse di neng di ya kwa mafelong a mangwe.

Ke Eng fa le Bidiwa Bethele?

Ntlokgolo ya ntlha ya Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya tlhomiwa ka bo1880, kwa Allegheny (e jaanong e leng karolo ya Pittsburgh), kwa Pennsylvania. Ka nako eo, e ne e bidiwa Ntlo ya Baebele. Ka 1896, lefelo leno le ne le na le badiri ba le 12.

Le fa go ntse jalo, fa go fudugelwa kwa Brooklyn ka 1909, leina la lefelo le lesha la bonno la badiri le ne la bidiwa Bethele.a Ke eng fa le ne le bidiwa Bethele? Moago o Watch Tower Society e neng ya o reka kwa 13-17 Hicks Street e ne e le wa moruti yo o tumileng e bong Henry Ward Beecher mme o ne o itsege e le Beecher Bethel. Ntlo ya pele ya ga Beecher, e e neng e le kwa 124 Columbia Heights le yone e ne ya rekwa. Tora ya Tebelo ya March 1, 1909, e ne ya bega jaana: “Ruri go a gakgamatsa go bo re ile ra kgona go reka se pele e neng e le Beecher Bethel mme gape re bo re kgona go reka le se pele e neng e le ntlo ya gagwe. . . . Re tla bitsa legae le lesha ‘Bethele,’ mme ofisi e ntšha le holo tsone e tla nna ‘Motlaagana wa Brooklyn’; maina ano a tla emela leina ‘Ntlo ya Baebele.’”

Gompieno, mafelo a a okeditsweng thata kwa Brooklyn le kwa mafelong a mangwe a mabedi kwa New York State, e leng Wallkill le Patterson, go akaretsa lefelo la bonno, bogatisetso le diofisi di bidiwa Bethele. Tota e bile, gone jaanong go na le magae a Bethele mo dinageng di le 113 mo lefatsheng lotlhe. A na le badiredi ba feta 19 000 ba ba thusang go anamisa tshedimosetso ya Baebele.

Baeng ba Amogelwa ka Lorato

Dikago tseo di ile tsa kgakolwa ka January 31, 1909. Mantaga, September 6, 1909, e ne e le letsatsi le le kgethegileng la go amogela baeng kwa Bethele. Bontsi jwa Baithuti ba Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsewe ka nako eo, ba ne ba tla go bona moago oo. Bontsi jwa bone bo ne bo tswa kwa kopanong ya Bokeresete e e neng e tshwaretswe kwa Saratoga Springs, dikilometara di ka nna 320 kwa bokone jwa New York City. Charles Taze Russell o ne a amogela baeng ka boene le go ba dumedisa.b

Le gompieno baeng ba sa ntse ba amogelwa ka diatla tsoopedi kwa Bethele. Tota e bile, ngwaga le ngwaga batho ba feta 40 000 ba etela dikago tsa Brooklyn. Bethele ya Brooklyn e sa ntse e na le seabe sa botlhokwa mo go atoloseng dilo tse di direlwang Bogosi jwa ga Jehofa gore dimilione tsa batho di solegelwe molemo.

a Lefoko la Sehebera “Bethele” le kaya “Ntlo ya Modimo.” Mo Baebeleng, Bethele e ne e le motse o o itsegeng thata kwa Iseraele. Motse wa Jerusalema ke one fela o o umakiwang gantsi go e feta.

b Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 718-723, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O Itse Eng ka Watch Tower Bible and Tract Society?

Mokgatlho o jaanong o itsegeng e le Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania o ne wa tlhomiwa ka 1884 e le Zion’s Watch Tower Tract Society. Boikaelelo jwa one e ne e le go anamisa boammaaruri jwa Baebele, segolobogolo ka dikgatiso. Gompieno, Watch Tower Bible and Tract Society e sa ntse e le sone sedirisiwa sa semolao se se dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.c—Bafilipi 1:7.

Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society o gatisitse Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di le 473. O gatisitse dikhopi di feta dimilione di le 150 tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone ka dipuo di le 72. Mo godimo ga go gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha, Mokgatlho o ne wa dirisa metšhine ya one go gatisa kgotsa go duelela go gatisiwa ga dithanolo tse di latelang tsa Baebele: American Standard Version, The Bible in Living English, The Emphatic Diaglott, Holman’s Linear Parallel Edition, King James Version (go akaretsa le Bible Students Edition), le The New Testament Newly Translated and Critically Emphasized, Second Edition.

Ntle le go gatisa Dibaebele, mo dingwageng tse di fetang lesome tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse dikgatiso tse dingwe di feta dibilione di le 20, tse di jaaka dibuka, dimakasine, dipampitshana, di-CD, di-DVD le dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng.d Bontsi jwa dikgatiso tseno di gatisitswe, tsa pakiwa le go romelwa go tswa kwa magaeng a Bethele a a leng mo dinageng tse di jaaka Afrika Borwa, Argentina, Australia, Boritane, Brazil, Canada, Colombia, Finland, India, Italy, Japane, Jeremane, Korea, Mexico, Myanmar, Nigeria, Philippines, Spain, le United States.

1998-2008

KGATISO

Dibuka

458 230 708

Dimakasine

11 292 413,199

Dipampitshana

7 996 906 376

Diboroutšhara

862 050 233

Di-CD/Di-MP3

34 621 130

Di-DVD

13 500 125

Tse Dingwe

129 083 031

Palogotlhe

20 786 804 802

c Ka 2008, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 7 124443 mo dinageng di le 236. Diphuthego tsa bone di ne di le 103 267.

d Dikgatiso tseno ga di rekisiwe. Tiro ya go ruta Baebele ya Basupi ba ga Jehofa e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela