Ditsala Tsa Modimo Kwa “Ditlhaketlhakeng Tse di Botsalano”
Ka 1932 sekepe sengwe se ne sa tlisa dipeo tse di botlhokwa thata kwa Tonga. Motsamaisi wa sekepe seno o ne a naya Charles Vete bukana e e reng “Where Are the Dead?” Charles o ne a tlhatswegile pelo gore o bone boammaaruri. Moragonyana, ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya dumela kopo ya ga Charles ya gore a ranole bukana eno ka puo ya gaabo. Fa a fetsa go e ranola, o ne a romelelwa dibukana tseno tse di gatisitsweng di le 1 000 gore a di anamise. Ke kafa dipeo tsa boammaaruri ka Bogosi jwa ga Jehofa di neng tsa simolola go anamisiwa ka gone mo bogosing jwa Tonga.
MO MMAPENG wa South Pacific, Tonga e kafa bophirima jwa koo mola o o mo mmapeng o o farologanyang dinako tsa dinaga (international date line) o kopanang teng le Tropic of Capricorn. Setlhaketlhake se segolo sa yone, e leng Tongatapu, se dikilometara tse di ka nnang 2 000 kwa bokonebotlhaba jwa Auckland, kwa New Zealand. Tonga e dirilwe ke ditlhaketlhake di le 171, tse 45 tsa tsone di na le batho ba ba nnang kwa go tsone. Mmatlisisi yo o itsegeng thata wa lekgolo la bo18 la dingwaga wa Moboritane e bong James Cook o ne a bitsa ditlhaketlhake tseno tse di kwa thoko a re ke Ditlhaketlhake Tse di Botsalano.
Tonga e na le batho ba ba ka nnang 106 000, mme e na le ditlhopha di le tharo tsa ditlhaketlhake—tse dikgolo ke Tongatapu, Ha’apai, le Vava’u. Mo diphuthegong di le tlhano tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong leo, tse tharo tsa tsone di kwa setlhopheng sa batho ba bantsi ba kwa Tongatapu, e nngwe e kwa Ha’apai mme e nngwe e kwa Vava’u. Go thusa batho gore ba nne ditsala le Modimo, Basupi ba ga Jehofa ba na le legae la barongwa le ofisi ya go ranola gaufi le Nuku’alofa, e e leng motsemogolo.—Isaia 41:8.
Go tloga ka bo1930, Charles Vete o ne a itsege thata e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, le fa a ne a sa kolobediwa go fitlha ka 1964. Ba bangwe ba ne ba kopanela le ene mo tirong ya go rera mme ka 1966 go ne ga agiwa Holo ya Bogosi e e kgonang go tsaya batho ba le 30. Go ne ga tlhomiwa phuthego ya baboledi ba le 20 ba Bogosi kwa Nuku’alofa ka 1970.
Fa e sa le go tloga ka nako eo, go diragadiwa ga mafoko a ga moporofeti Isaia go ne ga bonala sentle kwa ditlhaketlhakeng tsa Tonga: “A ba neye Jehofa kgalalelo, ba bo ba bolele pako ya gagwe mo ditlhaketlhakeng.” (Isaia 42:12) Tiro ya Bogosi e tsweletse pele go gola, e thusa ba le bantsi go nna le kamano e ntle le Jehofa. Kwa kopanong ya kgaolo kwa Nuku’alofa ka 2003, batho botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba le 407, mme go ne ga kolobediwa ba le 5. Batho ba le 621 ba ne ba tla Segopotsong ka 2004, mme seno se bontsha gore go sa ntse go ka nna le koketsego e nngwe gape.
Ba Tshela Botshelo Jo bo Sa Raraanang
Le fa go ntse jalo, kwa mafelong a a kgakala le motsemoshate, go sa ntse go tlhokega thata baboledi ba Bogosi. Ka sekai, batho ba le 8 500 ba ba nnang kwa ditlhaketlhakeng tse 16 tsa setlhopha sa kwa Ha’apai ba tlhoka go utlwa mo go oketsegileng ka boammaaruri jwa Baebele. Bontsi jwa ditlhaketlhake tsa Ha’apai ke tse di kwa tlase tse di nang le ditlhare tse ditelele tsa mokolane le dintshi tsa lewatle tse di tletseng moshawa o mosweu. Metsi a lewatle a phepa ka tsela e e gakgamatsang, mo motho a kgonang go bona go fitlha go dimetara tse di fetang 30 go ya kwa tlase. Go kgatlha tota go thuma mo gare ga mekgatšha e e tletseng dikorale o tla o ntse o kopana le mefuta e e fetang lekgolo ya ditlhapi tse di mebalabala tsa boboatsatsi. Gantsi metse ya teng e mennye. Le fa matlo a teng e se a maemo a a kwa godimo, a agilwe gore a emelane le ditsuatsue tsa boboatsatsi.
Ditlhare tsa breadfruit le menku di tlamela batho ka moriti le dijo. Tiro e kgolo e ba e dirang koo letsatsi le letsatsi ke go kokoanya dijo le go di apaya. Kwantle ga nama ya kolobe, batho ba ditlhaketlhake tseno ba rata go ja ditshedi le dimela tsa mo lewatleng. Ditshingwana tsa bone di tlhagisa digwere le merogo. Ditlhare tsa citrus di gola kwa nageng; ditlhare tsa khokonate le tsa dipanana di tletsetletse. Kitso e batho ba nang le yone ka ditlhatshana tsa melemo, makakaba, makwati le medi e fetisediwa go tswa mo losikeng lo longwe go ya go lo longwe.
Gone mme, selo se se botlhokwa thata ka ditlhaketlhake tsa Ha’apai ke batho ba tsone ba ba botsalano, ba ba ratang kagiso. Ba rata botshelo jo bo sa raraanang. Basadi ba le bantsi ba a taka—ba dira maselo, matsela a tapa le dimmetshe. Basadi ba Ba-Tonga fa ba bereka, gantsi ba bo ba ntse fa fatshe, ba tlotla, ba opela ba bo ba tshege ba le kafa tlase ga setlhare se se nang le moriti, gantsi bana le masea ba tshameka kgotsa ba robetse fa gaufi. Mme basadi ke bone ba gantsi ba tsamayang ka dikepe ka nako ya fa metsi a lewatle a le kwa tlase go tshwara ditlhapi le ditshedi tse dingwe tsa mo lewatleng tse di jewang mmogo le dimela tsa mo lewatleng tse ba dirang salate e e monate ka tsone.
Banna ba le bantsi ba dirisa nako ya bone ba bereka mo tshingwaneng, ba tshwara ditlhapi, ba betla, ba dira mekoro e bile ba roka matloa a go tshwara ditlhapi. Banna, basadi le bana ba etela ditlhaketlhake tse dingwe ka mekoro e mennye ya go tshwara ditlhapi, e e nang le marulelo, ba etela ba losika, go batla thuso ya kalafi, le go dira kgwebo.
Dikgang Tse di Molemo di Fitlha le Kwa Mafelong a a Kwa Kgakala
Barongwa ba babedi le badiredi ba babedi ba babulatsela ba ne ba goroga mo lefelong leno le lentle ka paka ya Segopotso ya 2002. Batho ba kwa Ha’apai ba ne ba setse ba kile ba etelwa e bile ba ne ba amogetse dibuka tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e bile ba ithuta Baebele le Basupi.
Barutisi ba Baebele ba banè ba ba etileng ba ne ba na le maikaelelo a le mararo: go tsamaisa dibuka tsa Baebele, go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele le go laletsa ba ba kgatlhegang kwa moketeng wa Sejo sa Morena sa Maitseboa. Maikaelelo ao a mararo a ne a fitlhelelwa. Batho ba le 97 ba ne ba amogela taletso ya gore ba nne teng mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu. Bangwe ba bone ba ne ba tsamaya ka dikepe tse di bulegileng le fa go ne go na le pula le diphefo tse di maatla. Ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng a bosa, ba le bantsi ba ne ba robala kwa lefelong le go neng go tshwaretswe Segopotso kwa go lone mme ba boela kwa magaeng a bone letsatsi le le latelang.
Go neela puo ya Segopotso e ne e le selo se se gwetlhang tota mo sebuing ka bosone. Morongwa yo e neng e le sebui o gakologelwa jaana: “Ga go na selo se se gwetlhang tota jaaka go neela dipuo tse pedi tsa Segopotso ka puo e e seng ya gago mo maitseboeng a le mangwe fela. O ka akanya fela kafa ke neng ke tlhobaela ka gone. Thapelo e ne ya nthusa tota! Ke ne ka dirisa mafoko le dipolelo tse ke neng ke sa lemoge gore ke ne ke di ithutile.”
Ka ntlha ya go bo bareri ba ne ba tlhagolela kgatlhego e e neng e ntse e le teng kwa ditlhaketlhakeng tsa kwa Ha’apai, banyalani ba le banè ba mo lefelong leo ba ne ba kolobediwa. Ka nako nngwe, monna yo mongwe mo banyalaning bano o ne a kgatlhegela dibuka tsa Basupi fa a ne a ithutela go nna moreri mo kerekeng ya lefelo la gaabo.
Le fa monna yono le mosadi wa gagwe ba ne ba humanegile, ba ne ba tlwaetse go ntsha madi a le mantsi moneelo fa maina a bone a ne a bidiwa kwa kerekeng ka nako ya tirelo ya ngwaga le ngwaga ya go kokoanya madi. Mosupi mongwe yo o neng a kile a eta pele o ne a kopile monna yono go bula Baebele ya gagwe mme a bale 1 Timotheo 5:8. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” Molaomotheo ono wa Baebele o ne wa ama pelo ya monna yono. O ne a lemoga gore fa a dumela go ntsha madi a mantsi a a batliwang ke kereke, o ne a palelwa ke go tlhokomela dilo tse lelapa la gagwe le neng le di tlhoka. Mo tirelong e e latelang ya go kokoanya madi, le fa a ne a na le madi mo potleng ya gagwe, o ne a sa kgone go lebala 1 Timotheo 5:8. Fa leina la gagwe le ne le bidiwa, o ne a itsise moruti ka bopelokgale gore dilo tse lelapa la gagwe le di tlhokang di tla pele. Ka ntlha ya go bua jalo, banyalani bano ba ne ba nyadiwa phatlalatsa ba bo ba omanngwa ke baruti ba kereke.
Monna yono le mosadi wa gagwe ba ne ba nna baboledi ba dikgang tse di molemo fa ba sena go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Monna a re: “Boammaaruri jwa Baebele bo mphetotse. Ga ke sa tlhole ke tshwara ba lelapa la me setlhogo. Ga ke sa tlhole ke nwa bobe. Batho ba mo motseng o ke nnang mo go one ba kgona go bona pharologanyo e boammaaruri bo e dirileng mo botshelong jwa me. Ke solofela gore ba tla rata boammaaruri fela jaaka le nna ke bo rata.”
Go Dirisiwa ga Sekepe sa Quest go Batla ba ba Kgatlhegang
Dikgwedi di le mmalwa morago ga Segopotso sa 2002, sekepe se sengwe se ne sa tlisa dithoto tse di botlhokwa thata kwa Ha’apai e e kwa kgakala. Sekepe sa dimetara di le 18 sa Quest go tswa kwa New Zealand se ne sa ralala ditlhaketlhake tsa Tonga. Mo go sone go ne go na le Gary le Hetty le morwadiabone, e bong Katie. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le robongwe ba kwa Tonga le barongwa ba le babedi ba ne ba tsamaya le bone ka dikepe di le pedi. Basupi ba lefelo leo ba ne ba thusa ka bokgoni jwa bone jwa go tsamaisa sekepe, ka dinako tse dingwe ba feta mo mekgatšheng e go neng go ise go iwe kwa go yone. Eno e ne e se maeto a go ijesa monate. Ba ba neng ba le mo sekepeng ba ne ba ya go ruta batho boammaaruri jwa Baebele. Ba ne ba tsamaya sekgala se seleele fa ba etela ditlhaketlhake tse 14. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ne di ise di rerwe mo go tse dingwe tsa ditlhaketlhake tseo.
Batho ba ne ba arabela jang? Bareri bano ba ba neng ba tlile ka sekepe ba ne ba kgatlhantshiwa ke batho ba ba neng ba lerilwe foo ke kgakgamalo, ke go nna botsalano le ke gore ka tlhago ke batho ba ba ratang go amogela baeng. Fa batho ba kwa ditlhaketlhakeng tseno ba sena go tlhaloganya boikaelelo jwa go bo ba etile, ba ne ba leboga fela thata. Go ne go bonala sentle mo Basuping ba ba neng ba etile gore batho ba kwa ditlhaketlhakeng ba ne ba tlotla Lefoko la Modimo e bile ba ne ba tshwenyega ka se ba se tlhokang semoyeng.—Mathaio 5:3.
Ka dinako tse dintsi, baeti ba ne ba nna kafa tlase ga ditlhare tsa boboatsatsi ba dikologilwe ke batho ba ba nang le dipotso tse dintsi ka Dikwalo. Fa go sena go nna bosigo, dipuisano ka Baebele di ne di tswelela pele mo malapeng. Batho bangwe kwa setlhaketlhakeng sengwe ba ne ba kopa Basupi ba ba tsamayang, ba ba raya ba re: “Lo se ka lwa tsamaya! Ke mang yo o tla arabang dipotso tsa rona fa lo tsamaya?” Mosupi mongwe o ne a bolela jaana: “Ka dinako tsotlhe go ne go le thata go tlogela batho ba le bantsi ba ba tshwanang le dinku ba ba bolailweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri. Dipeo di le dintsi tsa boammaaruri di jetswe.” Fa sekepe sa Quest se goroga kwa setlhaketlhakeng sengwe, Basupi ba ne ba fitlhela mongwe le mongwe a apere diaparo tse di bontshang khutsafalo. Mosadi wa ratoropo o ne a sa tswa go tlhokafala. Ratoropo o ne a leboga bakaulengwe go tlisa molaetsa wa kgomotso o o tswang mo Baebeleng.
Go ne go se motlhofo go ya kwa ditlhaketlhakeng dingwe. Hetty o tlhalosa jaana: “Setlhaketlhake sengwe se ne se se na fa re neng re ka fologa sekepe gone, e ne e le mangope fela a a goletseng kwa godimo fa dintshing tsa lewatle. Re ne re kgona go atamela fa dintshing tsa lewatle fela ka seketswana sa rona sa rabara. Sa ntlha, re ne re tshwanetse go latlhelela batho ba ba neng ba le kwa dintshing tsa lewatle dibeke tsa rona. Morago ga moo, fa seketswana seno sa rona se sena go fitlha fa losing, re ne re tshwanetse go tlola ka bonako re tswe mo teng ga sone pele ga makhubu a se busetsa gape mo lewatleng.”
Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba neng ba le mo sekepeng seno ba ba neng ba tlwaetse go tsamaya ka sekepe. Morago ga go tsamaya dibeke di le pedi, mokgweetsi wa sekepe o ne a kwala jaana malebana le loeto lwa go boela kwa setlhaketlhakeng se segolo sa Tongatapu: “Re letetswe ke loeto lwa diura di le 18 ka sekepe. Ga re kgone go tsamaya diura tseo tsotlhe ka go bo ba bangwe ba lwadiwa ke lewatle. Re itumelela go ya gae mme gape re utlwile botlhoko thata go tlogela kwa morago batho ba le bantsi ba ba setseng ba utlwile molaetsa wa Bogosi. Re ba tlogela mo diatleng tsa ga Jehofa, le moya wa gagwe o o boitshepo le baengele ba ba ba thusang gore ba gole semoyeng.”
Ditlhaketlhake Tse go Nang le Tsholofelo ka Tsone
Dikgwedi tse di ka nnang thataro fa sekepe sa Quest se sena go tloga, babulatsela ba ba kgethegileng ba babedi, Stephen le Malaki, ba ne ba abelwa go ya go rera kwa bathong ba kwa setlhaketlhakeng sa Ha’apai. Fa ba le koo ba ne ba kopanela le banyalani ba banè ba ba sa tswang go kolobediwa, mo tirong ya go ruta Baebele. Ba nna le dipuisano tse di itumedisang ka dithuto tsa motheo e bile baboledi ba dirisa Baebele ka tsela e e molemo.
Ka December 1, 2003, phuthego nngwe e ne ya tlhomiwa kwa Haʹapai, e le phuthego ya botlhano kwa Tonga. Mo gare ga ba ba nnang gone ke bana ba le bantsi. Ba ithutile go reetsa ka kelotlhoko. Ba nna ka tidimalo mme ba tlhoafaletse go nna le seabe mo dipuong tse bareetsi ba tsayang karolo mo go tsone. Molebedi wa potologo o ne a re “kitso ya bone ka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e bontsha gore batsadi ba tsaya boikarabelo jwa bone jwa go ruta bana ba bone boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e masisi.” Eleruri, ditlhaketlhake tseo di tletse ka tsholofetso ya go nna le ditsala tse di oketsegileng tsa ga Jehofa.
Dingwaga tse di fetang 70 tse di fetileng, fa Charles Vete a ne a ranola bukana ya Where Are the Dead? ka puo ya gaabo, ya Setonga, o ne a sa itse kafa peo ya Bogosi e neng e tla mela ka gone mo dipelong tsa batho ba gaabo. Fa e sa le fa tiro ya Bogosi e ne e simolola mo lefelong leo, Jehofa o ntse a tswelela a segofatsa tiro ya go bolelwa ga dikgang tse di molemo mo lefelong leo. Gompieno, ruri go ka bolelwa gore Tonga e gareng ga ditlhaketlhake tse di kgakala tsa lewatle tse di lebang kwa go Jehofa, jaaka fa go ka tualo. (Pesalema 97:1; Isaia 51:5) “Ditlhaketlhake Tse di Botsalano” tseno jaanong e setse e le legae mo ditsaleng di le dintsi tsa ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Charles Vete, 1983
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go dira letsela la “tapa”
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Sekepe sa “Quest” se ne se dirisiwa go anamisa dikgang tse di molemo kwa Tonga
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Setlhopha sa baranodi, kwa Nukuʹalofa
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Ba dira letsela la “tapa”: © Jack Fields/CORBIS; setshwantsho se se kafa morago mo go tsebe 8 le 9, ba tshwara ditlhapi: © Fred J. Eckert