LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 4/15 ts. 8-11
  • Fa go Rera Go sa Lebalege

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa go Rera Go sa Lebalege
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ditlhogwana
  • Ba Arabela ka Bonako
  • Batho ba ba Godileng ba Nna le Seabe
  • Ba Arabela ka Tsela e e Kgothatsang
  • Kganetso e a Kokobela
  • “Maitemogelo a a Molemo”
  • Thobo e e Itumedisang
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 4/15 ts. 8-11

Fa go Rera Go sa Lebalege

“Letsatsi le a lela. Ga go bonale tselana e e mo dithabeng e fela. Fa re sena go fenya dikgoreletsi di le mmalwa, re goroga kwa re yang teng: kwa motseng o o kgakala thata. Letsapa la rona le fetoga boitumelo fa re kokota mo legaeng la ntlha mme re amogelwa ka lorato. Fa letsatsi le wela, re tsamaisitse dibuka tsotlhe tse re neng re di tshotse e bile re simolotse dithuto tsa Baebele di le mmalwa. Batho ba teng ba rata go ithuta. Jaanong re tshwanetse go tsamaya, mme re ba solofetsa gore re tla boa gape.”

MAITEMOGELO a a ntseng jalo a tlwaelegile mo setlhopheng sengwe sa badiredi ba babulatsela kwa Mexico. Ba ikemiseditse go nna le seabe ka matlhagatlhaga go diragatsa thomo e Jesu Keresete a e neileng barutwa ba gagwe: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Kwa Mexico, go rulaganngwa matsholo a a kgethegileng a go rera—a a bidiwang matsholo a babulatsela—gore go fitlhelelwe masimo a a sa abelwang phuthego epe mme ka jalo a sa rerelwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo ka metlha. Ka kakaretso, masimo ano ke a a kgakala kgotsa a go seng motlhofo go fitlha kwa go one. Diphuthego tse di kwa thoko tse di nang le tshimo e kgolo le tsone di a thusiwa.

Gore go bonwe gore matsholo a babulatsela a tla rera mo dikarolong dife tsa naga, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e sekaseka se se tlhokegang mo tshimong eo.a Fa seno se sena go dirwa, go romelwa ditlhopha tsa babulatsela ba ba kgethegileng go ya go rera kwa tshimong eo. Ba newa dikoloi tse di siametseng go tsamaya mo ditseleng tse di makgwakgwa tse di sa tshelwang sekonotere. Gape dikoloi tseo e nna mabolokelo a dibuka e bile ba robala mo go tsone fa go tlhokega.

Ba Arabela ka Bonako

Fa e sale go simolola ka October 1996, go ntse go lalediwa bareri ba bangwe ba dikgang tse di molemo gore ba nne le seabe mo tirong eno, ba tsamaya le babulatsela ba ba kgethegileng. Baboledi ba Bogosi mmogo le babulatsela ba ka metlha ba ba ratang go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane teng, ba tsena mo letsholong leno ka dinako tse di farologaneng. Bangwe ba abelwa kwa diphuthegong tse di gaufi gore ba rere mo tshimong ya teng le gore ba boele kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego. Baboledi ba bantsi ba basha le babulatsela ba amogetse taletso eno mme ba nnile le maitemogelo a a kgothatsang thata.

Ka sekai, Abimael, mosha mongwe wa Mokeresete yo o neng a na le tiro e e duelang sentle mo khampaneng ya difouno tsa selula, o ne a swetsa ka gore a thuse mo tirong ya go rera kwa mafelong a a kgakala. Fa bathapi ba gagwe ba utlwa gore o ne a batla go tlogela tiro, ba ne ba mo solofetsa gore ba tla mo okeletsa maemo le madi a a a amogelang. Badirikaene ba ne ba mo tlhotlheletsa ba re o iphetisa maemo a a ka se kang a tlhola a a bona gape e bile ba re ke boeleele tota go bo a a gana. Le fa go ntse jalo, Abimael o ne a ikemiseditse gore o tla ema nokeng letsholo leno le le kgethegileng la go rera ka dikgwedi di le tharo. Abimael o ne a ipelela tirelo eno, mme jaanong o sweditse ka gore a nnele ruri mo phuthegong e e kwa thoko kwa baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata teng. Gone jaanong o na le tiro e a kgonang go itshedisa sentle fela ka yone e bile o ithutile go tshela botshelo jo bo sa raraanang.

Mo tiragalong e nngwe, Julissa o ne a tshwanelwa ke go tsamaya diura di le 22 ka bese gore a goroge kwa kabelong ya gagwe. E ne ya re fa a tshwanetse go palama bese ya bofelo e e tla mo gorosang, a fitlhela e mo siile. Le fa go ntse jalo, go ne go na le lori e e neng e pega babereki. Julissa o ne a ipeta sebete mme a kopa gore ba mo pege. Go a utlwala go bo a ne a tshogile ka gonne e ne e le ene fela mosadi mo gare ga banna ba bantsi jaana. E rile a simolola go rerela lekawana lengwe le le neng le pagame, a lemoga gore lekawana leno ke Mosupi wa ga Jehofa! Julissa o gakologelwa jaana: “Mo godimo ga moo, ke ne ka fitlhela gore mokgweetsi wa lori eo e ne e le mogolwane mo phuthegong e ke abetsweng kwa go yone!”

Batho ba ba Godileng ba Nna le Seabe

Le fa go ntse jalo, tiro eno ga se ya basha fela. Kgaitsadi mongwe yo o godileng, e bong Adela o ne a sa bolo go nna a batla go dirisa nako e e oketsegileng mo tirong ya go rera. O ne a bulegelwa ke sebaka sa go dira jalo fa a ne a lalediwa go tla go kopanela mo tirong eno e e kgethegileng ya go rera. O anela jaana: “Ke ne ka itumelela kabelo ya me thata mo e leng gore ke ne ka kopa bagolwane mo phuthegong gore ba ntetle ke nnele ruri kwa go yone. Ke a itumela ka gonne le fa ke godile, ke sa ntse nka direla Jehofa.”

Ka tsela e e tshwanang, Martha wa dingwaga tse 60 o ne a tlhotlhelediwa ke go anaanela Jehofa le ke go rata mongwe ka ene gore a tsenye letsogo mo letsholong leo. E rile a lemoga gore setlhopha sa gagwe se ne se sa kgone go fitlhelela batho botlhe ka ntlha ya sekgala se seleele le ditsela tse di sa siamang tsa tshimo ya bone, o ne a reka kara gore babulatsela ba e dirise. Mpho ya kgaitsadi yono e ne ya ba thusa gore ba kgone go dira tshimo e e oketsegileng le go bolelela batho ba ba oketsegileng boammaaruri jwa Baebele.

Ba Arabela ka Tsela e e Kgothatsang

Mokgele wa batho ba ba nnang le seabe mo matsholong ano a a kgethegileng a go rera ke ‘go dira barutwa.’ Mme ba nnile le diphelelo tse di molemo thata. Batho ba ba kwa tshimong e e kwa thoko ba ile ba rutiwa dithuto tsa boammaaruri tse di bolokang botshelo tse di mo Baebeleng. (Mathaio 28:19, 20) Go simolotswe dithuto di le dintsi tsa Baebele. Di tshwarwa ke baboledi ba ba nnang mo lefelong leo kgotsa ke bareri ba ba ileng ba tswelela ba nna mo tshimong eo. Fa gongwe go ile ga rulaganngwa ditlhopha tsa baboledi mme mo mafelong a mangwe ga tlhomiwa diphuthego tse dinnye.

Magdaleno le ba a neng a tsamaya le bone ba ile ba dirisa dipalangwa tsa botlhe gore ba fitlhe kwa tshimong e ba neng ba e abetswe. Fa ba le mo tseleng, ba ile ba dirisa sebaka seo gore ba rerele mokgweetsi. “Monna yono o ne a re bolelela gore beke pele ga foo, Basupi bangwe ba ne ba ile ba tla kwa legaeng la gagwe a seyo. Fa a boa, ba lelapa la gagwe ba ne ba mmolelela se ba se utlwileng. Re ne ra mmolelela gore re tswa kgakala e bile re tswa kwa dintlheng tse di farologaneng tsa naga re tlile letsholong le le kgethegileng la go rera, le gore rotlhe re ne re itueletse mosepele ono. Mokgweetsi yono o ne a kgatlhegile mme a bolela gore o ne a tla simolola go ithuta Baebele le lelapa la gagwe mo go yone beke eo. O ne a ba a tshegetsa tiro ya rona ka go sa re duedisetse mosepele oo.”

Gape Magdaleno o ne a kgatlhwa thata ke tsela e banni ba kwa dithabeng tsa Chiapas ba neng ba arabela ka teng. “Nna le mosadi wa me re ne ra bolelela setlhopha sa basha ba le 26 ba ba neng ba tsena Kereke ya Presbyterian molaetsa wa Bogosi. Botlhe ba ne ba reetsa ka tlhoafalo ka metsotso e le 30. Ba ne ba ntsha Dibaebele tsa bone mme re ne ra kgona go ba rerela ka botlalo ka maikaelelo a ga Jehofa. Bontsi jwa batho ba na le Dibaebele tsa Se-Tzeltal.” Go ne ga simololwa dithuto tsa Baebele di le mmalwa tse di gatelang pele.

Kganetso e a Kokobela

Go ne go setse go fetile dingwaga tse pedi batho ba motse mongwe wa kwa Chiapas ba sa rerelwe molaetsa wa Baebele ka ntlha ya kganetso ya batho bangwe. Teresa, moreri mongwe wa nako e e tletseng, o ne a lemoga gore Basupi bangwe ba ne ba tshaba go ya go rera kwa motseng oo. “Botlhe ba ne ba gakgamadiwa ke gore batho bao ba ne ba itumelela go reetsa. Fa re fetsa go rera, pula e ne ya simolola go tsorotla. Fa re ntse re batla fa re ka tshabelang pula teng, re ne ra goroga fa legaeng la motho mongwe yo o ratang go amogela baeng yo o bidiwang Sebastián, yo o neng a re letla gore re tshabele pula mo ntlong ya gagwe. Fa re setse re tsene, ke ne ka mmotsa gore a o setse a kile a etelwa. Fa a re nnyaa, ke ne ka simolola go mo rerela mme ka simolola thuto ya Baebele le ene ke dirisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.b Fa re fetsa, Sebastián o ne a re rapela gore re boe re tle go ithuta le ene.”

Setlhopha se sengwe sa babulatsela ba ba neng ba etela kwa Chiapas se bega jaana: “Ka thuso ya ga Jehofa re ne ra atlega. Mo bekeng ya ntlha, re ne ra simolola dithuto di le 27; mo go ya bobedi re ne ra laletsa batho gore ba tle go bona bidio ya rona ya The Bible—Its Power in Your Life. Go ne ga tla batho ba le 60. Botlhe ba ne ba e itumelela. Kwa bokhutlong re ne ra akantsha go simolola setlhopha sa go ithuta Baebele. Se se gakgamatsang ke gore go ne ga tlhomiwa ditlhopha tse pedi tsa go ithuta mo motseng ono.

“Fa re sena go fetsa mo tshimong e re e abetsweng re ne ra boela kwa motseng oo go ya go kgothatsa batho ba ba kgatlhegang le go bona gore ditlhopha tsa go ithuta Baebele tse di neng di tlhomilwe di ne di tsweletse jang. Re ne ra ba laletsa gore ba tle pokanong ya phatlalatsa le Thuto ya Tora ya Tebelo. Le fa go ntse jalo, go ne go se na lefelo le le lekaneng gore go ka tshwarelwa pokano mo go lone. Motho yo o neng a ithaopile gore setlhopha sa thuto se tsenele mo ga gagwe o ne a re bontsha jarata ya gagwe kafa morago ga ntlo mme a re: ‘Dipokano di ka tshwarelwa kafa morago ga ntlo.’”

Mo mafelobekeng ao babulatsela ba ba neng ba etile mmogo le batho ba ba kgatlhegang ba ne ba tsenya letsogo ka matlhagatlhaga ba baakanya jarata gore e dirisediwe dipokano. Go ne go tlile batho ba le 103 mo pokanong ya ntlha. Jaanong go tshwarwa dithuto tsa Baebele di le 40 mo motseng oo.

“Maitemogelo a a Molemo”

Kwantle ga gore batho ba ba nnileng le seabe mo tirong ya go rera ba ile ba nna le matswela a a molemo, gape ba ile ba solegelwa molemo thata ka bobone. María, mmulatsela yo mmotlana yo o neng a nna le seabe mo go lengwe la matsholo ano o ntsha maikutlo a gagwe jaana: “E ne e le maitemogelo a a molemo ka ntlha ya mabaka a mabedi. Ke ne ka itumelela tiro ya go rera go feta pele mme gape ka atamalana thata le Jehofa. Nako nngwe fa re ntse re tlhatloga thaba re ne ra ikutlwa re lapile thata. Fa re sena go kopa thuso ya ga Jehofa re ne ra diragalelwa ke se se bolelwang ke Isaia 40:29-31: ‘Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape.’ Ka jalo re ne ra goroga mme ra tshwara dithuto le batho ba ba neng ba re amogela sentle thata.”

Mmulatsela yo mongwe yo mmotlana wa dingwaga tse 17 e bong Claudia a re: “Ke solegetswe molemo thata. Ke ithutile go nna le bokgoni mo bodireding, mme seo se ntliseditse boipelo jo bogolo mme se feletse ka gore ke nne le mekgele ya semoya. Gape ke godile semoyeng. Fa ke le kwa gae mmè o ne a ntirela sengwe le sengwe. Jaanong ka gonne ke na le maitemogelo, ke na le maikarabelo go feta pele. Ka sekai, nkile ka bo ke tlhopha dijo. Mme jaanong ka gonne ke tshwanetse go fetofetoga le maemo, ga ke tlhole ke ngongorega ka dijo. Tirelo eno e nthusitse gore ke nne le ditsala tse di molemo thata. Re dirisa dilo tsotlhe tse re nang le tsone mmogo e bile re a thusana.”

Thobo e e Itumedisang

Matswela a boiteko jono jo bo kgethegileng ke afe? Kwa tshimologong ya 2002, babulatsela ba ka nna 28 300 ba ne ba nnile le seabe mo matsholong ano a babulatsela. Ba ne ba tshwere dithuto tsa Baebele di feta 140 000, mme ba dirisitse diura di feta dimilione tse pedi mo tirong ya go rera. Ba ne ba tsamaisitse dibuka di ka nna 121 000 le dimakasine di ka tshwara 730 000 go thusa batho gore ba ithute boammaaruri jwa Baebele. Go tlwaelegile gore babulatsela bangwe ba tshware dithuto tsa Baebele di le 20 kgotsa go feta.

Batho ba ba direlwang molemo ono ba anaanela thata maiteko a magolo a a dirwang gore ba newe molaetsa wa Baebele. Le fa batho ba koo ba humanegile, ba le bantsi ba pateletsa baboledi gore ba amogele meneelo ya bone. Mosadimogolo mongwe wa motlhoki wa dingwaga tse 70 o rata gore ka metlha fa babulatsela ba mo etetse a ba neye sengwe. Fa ba gana go se tsaya, o a lela. Lelapa lengwe le le humanegileng le bolelela bareri ba nako e e tletseng gore koko e ba beetse mae, mme le ba kopa gore ba a tseye.

Sa botlhokwa le go feta, batho bano ba ba peloephepa eleruri ba anaanela dilo tsa semoya. Ka sekai, lekgarebe lengwe le tsamaya diura di le tharo le sephatlo go ya dipokanong tsa Bokeresete, mme ga a ke a fetwa le ke e le nngwe fela. Le fa mosadimogolo mongwe yo o kgatlhegang a tshwenngwa ke mangole, o ne a tsamaya diura di le pedi go ya go reetsa thuto ya Baebele ka nako ya loeto lwa molebedi yo o etang. Bangwe ba ba neng ba sa itse go bala le go kwala ba ne ba batla go ithuta go bala le go kwala gore ba solegelwe molemo ke thuto ya Baebele. Ba bone matswela a a molemo ka ntlha ya maiteko a bone.

Mo bukeng ya Ditiro, Luke o tlhalosa ponatshegelo e moaposetoloi Paulo a neng a e bona jaana: “Monna mongwe wa Momakedonia o ne a eme a mo rapela a re: ‘Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.’” Paulo o ne a dira jalo ka go rata. Gompieno mo mafelong a a kwa thoko a Mexico, batho ba le bantsi ba ile ba arabela ka tsela e e tshwanang, ba ithaopa go bolela dikgang tse di molemo “le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8; 16:9, 10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico di ne di sa kgone go dira tshimo ya selekanyo sa diperesente di feta 8 ka metlha. Seno se raya gore go na le batho ba feta 8 200 000 ba ba nnang kwa mafelong a a kwa thoko a a sa rerelweng thata.

b E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Basupi ba le bantsi ba kwa Mexico ba ile ba nna le seabe mo matsholong a a kgethegileng a go rera

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela