LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w02 4/1 ts. 21-24
  • Modimo o Amogela Ditšhaba Tsotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Amogela Ditšhaba Tsotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekai sa Bogologolo
  • Go Amogela Basamarea Le ba E Seng Bajuda
  • Paulo—Sejana se se Tlhophilweng go ya Kwa Ditšhabeng
  • Go Thusa Ditšhaba Tsotlhe Tsa Lefatshe
  • O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Ithuta Thuto ya go Nna Pelotlhomogi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Leka go Leba Batho ba Bangwe Jaaka Jehofa a ba Leba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Buka ya Bibela ya bo 32—Yona
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
w02 4/1 ts. 21-24

Modimo o Amogela Ditšhaba Tsotlhe

MO LOETONG lwa gagwe lwa ntlha go ya Mali, John o ne a kgatlhwa thata ke moya o montle wa go amogela baeng o o neng wa bontshiwa ke Mamadou le ba lelapa la gagwe. Fa John a ne a ntse fa fatshe a jela le ba bangwe botlhe mo sejaneng se le sengwe fela, e leng selo se a neng a sa se tlwaela, o ne a ipotsa gore o ne a ka abela moamogedi yono wa gagwe mpho e e tlhwatlhwakgolo jang ka tsela e e molemo—mpho ya dikgang tse di molemo tsa Bogosi tse di tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele. Le mororo a ne a itse go bua Sefora, puo e e buiwang kwa Mali, John o ne a ipotsa gore o ne a ka kgona jang go buisana le lelapa le le neng le na le bodumedi jo bo farologaneng gotlhelele e bile le na le tsela e e farologaneng ya go akanya.

Ga go gakgamatse go bo John a ne a akanya ka pego ya Baebele ya motse wa Babele. Modimo o ne a tlhakatlhakanya puo ya batho ba ba tsuologileng gone koo. (Genesise 11:1-9) Ka ntlha ya seno, go ile ga nna le batho ba dipuo tse di farologaneng, madumedi a a farologaneng le tsela e e farologaneng ya go akanya mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Gompieno, e re ka batho ba le bantsi ba tsaya maeto e bile ba fudugela kwa dinageng di sele, ba le bantsi ba bone ba nna le bothata jo bo tshwanang le jo John a neng a nna najo, tota le mo lefelong le ba nnang mo go lone: Ba ka abela jang batho ba setšhaba se sele tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng?

Sekai sa Bogologolo

Jaaka baporofeti ba bangwe kwa Iseraele, Jona o ne a bua thata le Baiseraele. O ne a porofeta ka nako ya fa bogosi jwa ditso tse di lesome tsa batlhanogi di ne di dira ditiro tse di tlontlololang Modimo di sa fitlhe. (2 Dikgosi 14:23-25) Akanya kafa Jona a ileng a itshwara ka gone fa a ne a amogela thomo e e kgethegileng ya gore a tswe mo nagagaeng ya gaabo a ye kwa Asiria go ya go rerela baagi ba Ninife, batho ba bodumedi jo bo farologaneng le setso se se farologaneng. Gongwe Jona o ne a sa itse le gone go bua puo ya Baninife, gongwe o ne a sa kgone go e bua ka thelelo. Le fa boemo bo ka tswa e ne e le bofe, go bonala seno se ile sa gwetlha Jona thata, mme a tshaba.—Jona 1:1-3.

Go phepafetse gore Jona o ne a tshwanelwa ke go lemoga gore Jehofa Modimo ga a lebe bokafantle fela mme o hukutsa pelo. (1 Samuele 16:7) Fa Jehofa a sena go namola Jona ka kgakgamatso gore a se ka a nwela, o ne a mo laela lekgetlo la bobedi gore a ye go rerela baagi ba Ninife. Jona o ne a ikobela taolo eno, mme ka ntlha ya moo, Baninife ba ne ba ikwatlhaya ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, Jona o ne a ise a lebe dilo ka tsela e e siameng. Jehofa o ne a mo ruta a dirisa sekai sengwe se se utlwalang sentle gore o ne a tshwanetse go fetola maikutlo a gagwe. Jehofa o ne a botsa Jona jaana: “A ga ke a tshwanela go utlwela Ninife botlhoko motse o mogolo, o go nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo le masome a mabedi mo go one ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema?” (Jona 4:5-11) Go tweng ka rona gompieno? Re ka thusa jang batho ba setšhaba se sele?

Go Amogela Basamarea Le ba E Seng Bajuda

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa. (Mathaio 28:19) Go dira jalo go ne go se motlhofo. Barutwa ba ga Jesu e ne e le Bajuda mme jaaka Jona, ba ne ba tlwaetse go bua fela le batho ba setšhaba sa bone le setso sa bone. Ga go na pelaelo gore gape ba ile ba tlhotlhelediwa ke bothata jo bo neng bo le teng ka nako eo jwa go tlhaola batho ka lotso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a kaela dilo gore batlhanka ba gagwe ba lemoge kgato ka kgato se a neng a batla ba se dira.

Kgato ya ntlha e ne e le go fenya bothata jwa go tlhaolana ka lotso ga Bajuda le Basamarea. Bajuda ba ne ba sa dirisane ka gope le Basamarea. Le fa go ntse jalo, ka makgetlo a le mmalwa Jesu o ile a baakanya tsela ya gore Basamarea ba amogele dikgang tse di molemo mo isagweng. O ne a bontsha gore ga a na tlhaolele ka go bua le mosadi wa Mosamarea. (Johane 4:7-26) Ka lekgetlo le lengwe, o ne a dirisa setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo go bontsha modumedi mongwe wa Mojuda gore batho ba bangwe ba e neng e se Bajuda ba ne ba kgona go bontsha lorato lwa boagelani. (Luke 10:25-37) E ne ya re fa nako e tla ya gore Jehofa a tsenye Basamarea mo phuthegong ya Bokeresete, Filipo, Petere le Johane—ba botlhe e neng e le Bajuda—ba rerela banni ba Samarea. Molaetsa wa bone o ne wa lere boitumelo jo bo seng kana ka sepe mo motseng oo.—Ditiro 8:4-8, 14-17.

E re ka go ne go le thata gore Bakeresete ba Bajuda ba rate Basamarea ba tota e neng e le masika a a kgakala a Bajuda, go tshwanetse ga bo go ne go le thata le go feta gore ba bontshe batho ba e neng e se Bajuda, kgotsa Baditšhaba ba ba neng ba sotlwa e bile ba ilwa ke Bajuda lorato lwa boagelani. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a sena go swa, lobota lo lo neng lo le fa gare ga Bakeresete ba Bajuda le Baditšhaba lo ne lwa tlosiwa. (Baefeso 2:13, 14) Gore Petere a kgone go amogela thulaganyo e ntšha eno, Jehofa o ne a mmontsha ponatshegelo e mo go yone A neng a mo raya a re a ‘tlogele go bitsa dilo tse Modimo a di ntlafaditseng a re di leswafetse.’ Morago ga moo moya wa ga Jehofa o ne wa mo isa kwa go Moditšhaba mongwe yo o bidiwang Korenelio. E ne ya re fa Petere a tlhaloganya tsela e Modimo a lebang dilo ka yone—ya gore a se ka a bitsa monna yono wa setšhaba se sele a re o leswafetse ka gonne Modimo a ne a mo ntlafaditse—a bua jaana a tlhotlheleditswe ka moya: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:9-35) A bo Petere a ne a gakgametse jang ne fa Modimo a ne a mmontsha gore o ne a amogetse Korenelio le ba lelapa la gagwe ka go tshololela moya o o boitshepo mo go bone!

Paulo—Sejana se se Tlhophilweng go ya Kwa Ditšhabeng

Bodiredi jwa ga Paulo ke sekai se se tlhomologileng sa kafa Jehofa a tswelelang pele ka gone go ruta batlhanka ba gagwe go rata le go thusa batho ba mefuta yotlhe. Ka nako ya fa Paulo a ne a sokologa, Jesu o ne a re Paulo o ne a tla nna sejana se se tlhophilweng gore a sikarele leina la Gagwe kwa ditšhabeng. (Ditiro 9:15) Morago ga moo Paulo o ne a ya Arabia, gongwe a ya go tlhatlhanya ka boikaelelo jwa Modimo jwa go mo dirisa mo go boleleleng ditšhaba dikgang tse di molemo.—Bagalatia 1:15-17.

Mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, Paulo o ne a rerela batho ba e seng Bajuda ka tlhoafalo. (Ditiro 13:46-48) Jehofa o ne a segofatsa tiro ya ga Paulo, mme seo e ne e le sesupo sa gore moaposetoloi yono o ne a dira dilo kafa thulaganyong ya ga Jehofa. Paulo o ne a bontsha gore o ne a tlhaloganya ka botlalo tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone fa a ne a kgalemela Petere ka bopelokgale, yo o neng a bontshitse moya wa tlhaolele ka go sa batle go kopana mmogo le bakaulengwe ba gagwe ba e neng e se Bajuda.—Bagalatia 2:11-14.

Bosupi jo bongwe gape jwa gore Modimo o ne a kaela maiteko a ga Paulo bo bonwa mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa fa moya o o boitshepo o ne o thibela Paulo go rera mo porofenseng ya Roma ya Bithinia. (Ditiro 16:7) Go bonala e ne e ise e nne nako ya go dira jalo. Le fa go ntse jalo, moragonyana Babithinia bangwe ba ne ba nna Bakeresete. (1 Petere 1:1) Mo ponatshegelong, Momakedonia mongwe o ne a kopa Paulo, a re: “Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.” Paulo o ne a swetsa ka gore a fetole tsela ya gagwe gore a ye go bolela dikgang tse di molemo kwa porofenseng eo ya Roma.—Ditiro 16:9, 10.

Bokgoni jwa ga Paulo jwa go fetofetoga le maemo bo ne jwa lekwa thata fa a ne a rerela Baathena. Molao wa kwa Gerika le wa Roma o ne o iletsa go tlisiwa ga medimo e sele le dingwao tse disha tsa bodumedi mo dinageng tsa yone. Go rata batho ga ga Paulo go ne ga mo tlhotlheletsa gore a ithute thata mekgwa ya bone ya bodumedi. Kwa Athena, o ne a bona sebeso sengwe se kwadilwe “Go Modimo O o Sa Itsiweng.” O ne a dirisa ntlha eno fa a ne a neela batho ba teng bosupi. (Ditiro 17:22, 23) A bo e ne e le tsela e e molemo jang ne ya go rola molaetsa wa gagwe ka tsela e e pelonomi le e e bontshang tlotlo!

A bo Paulo a tshwanetse a bo a ile a itumela jang ne fa a ne a akanya ka matswela a tiro ya gagwe jaaka moaposetoloi mo ditšhabeng! O ne a thusa go tlhoma diphuthego tse di neng di na le Bakeresete ba le bantsi ba e neng e se Bajuda kwa Korintha, Filipi, Thesalonika le mo metseng e e mo Galatia. O ne a thusa banna le basadi ba tumelo, jaaka Damarise, Dionisio, Seregio Paulose le Tito. A bo e ne e le tshiamelo e kgolo jang ne go bona batho ba ba neng ba sa itse Jehofa le fa e le Baebele ba amogela boammaaruri jwa Bokeresete! Malebana le seabe se a nnileng le sone mo go thuseng batho ba e seng Bajuda gore ba itse boammaaruri, Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Ka tsela eno, eleruri ke ne ka go dira boikaelelo jwa me gore ke se ka ka bolela dikgang tse di molemo koo Keresete a setseng a umakilwe gone, . . . mme, fela jaaka go kwadilwe: ‘Ba ba sa newang kitsiso epe ka ga gagwe ba tla bona, mme ba ba sa utlwang ba tla tlhaloganya.’” (Baroma 15:20, 21) A re ka nna le seabe mo go boleleleng batho ba e seng ba lotso lwa rona dikgang tse di molemo?

Go Thusa Ditšhaba Tsotlhe Tsa Lefatshe

Solomone o ne a rapela Jehofa ka batho ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba tla tla go obamela mo tempeleng kwa Jerusalema. O ne a rapela jaana: “E kete o ka reetsa o le kwa magodimong, kwa lefelong la gago le le tlhomameng la bonno, mme o dire go ya ka sotlhe se motswakwa a se go biletsang; gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tle di itse leina la gago.” (1 Dikgosi 8:41-43) Baboledi ba le diketekete ba Bogosi mo dinageng di le dintsi gompieno ba bontsha maikutlo a a tshwanang le ano. Ba kopana le batho ba ba tshwanang le Baninife, ba ka tsela ya semoya ‘ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema.’ Mme bareri ba Bogosi ba iketleeleditse go nna le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jo bo amanang le go phutha baobamedi ba boammaaruri go tswa mo ditšhabeng tse dintsi tse di farologaneng.—Isaia 2:2, 3; Mika 4:1-3.

Fela jaaka batho ba ba mo go Labokeresete ba amogetse molaetsa wa Baebele o o nang le tsholofelo, batho ba ba tswang mo madumeding a mangwe le bone ba dira jalo. Seno se tshwanetse go go ama jang wena ka namana? Itshekatsheke ka boikanyegi. Fa o iphitlhela o na le bothata jo bogolo jwa go tlhaola batho ka lotso lwa bone, bo fedise ka go bontsha lorato.a O se ka wa gana batho ba Modimo a iketleeleditseng go ba amogela.—Johane 3:16.

Dira dipatlisiso dingwe pele o bua le batho ba setšhaba se sele. Ithute ka ditumelo tsa bone, dilo tse di ba tshwenyang le tsela e ba akanyang ka yone; morago ga moo batla sengwe se o dumalanang le bone ka sone. Ba bontshe bomolemo le kutlwelobotlhoko. O se ka wa ngangisana le bone, fetoga go ya le maemo mme o bue ka tsela e e agang. (Luke 9:52-56) Fa o dira jalo, o tla bo o itumedisa Jehofa, “yo thato ya gagwe e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4.

A bo re itumela jang ne go bo mo diphuthegong tsa rona re na le batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse dintsi tse di farologaneng! (Isaia 56:6, 7) Gompieno, a bo go itumedisa jang ne go utlwa e seng fela maina a a jaaka Modiegi, Pule, Itumeleng le Tshepo mme gape le maina a a jaaka Mamadou, Jegan, Reza le Chan! Eleruri re “buletswe kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.” (1 Bakorintha 16:9) E kete re ka dirisa sebaka sengwe le sengwe se re nang le sone go naya batho taletso e e tswang kwa Modimong yo o se nang tlhaolele, Jehofa, ya go amogela batho ba ditšhaba tsotlhe!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tsogang!, July 8, 1996, ditsebe 4-8, “Dilo Tse di Kgoreletsang Puisano.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Paulo o ne a bolelela batho gongwe le gongwe dikgang tse di molemo ka go fetofetoga le maemo

. . . kwa Athena

. . . kwa Filipi

. . . fa a le mo maetong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela