LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 8/15 ts. 9-13
  • Go Phatsima Jaaka Masedi mo Motseng wa Lesedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phatsima Jaaka Masedi mo Motseng wa Lesedi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ditlhogwana
  • Motse o o Nang le Dikgwetlho
  • Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo jo bo Nang le Matswela
  • Lesedi la Ditšhaba Tsotlhe
  • Matlotlo a a Subegileng a ka Bonwa
  • Go Didimatsa Sefefo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 8/15 ts. 9-13

Go Phatsima Jaaka Masedi mo Motseng wa Lesedi

Fluctuat nec mergitur, kana “Makhubu a itaaganela mo go ene mme ga a nwele,” ke moano wa motse wa Paris.

MO DINGWAGENG tse di ka fetang 2 000 tse di fetileng, Paris e ne ya kgona go nna e kokobetse mo metsing le fa e ile ya itaakwa ke difefo tse di seng kana ka sepe go tswa kwa ntle le ditlhaselo go tswa mo teng. Gone jaanong Paris e e leng mongwe wa metse e mentle go gaisa yotlhe mo lefatsheng, e ratwa ke batho ka ntlha ya meago ya yone e mentlentle, ditsela tsa yone tse di mafaratlhatlha le dimusiamo tse di tumileng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Bangwe ba e tsaya e le lefelo le le ratwang thata ke baboki, bataki le borafilosofi. Bangwe ba e ratela dijo tsa teng tse di monate le mafelo a teng a diaparo tsa basadi.

Go ya ka ditiragalo, Paris e ile ya nna lefelo le legolo la Bokatoliki. Paris e ile ya itsege e le Motse wa Lesedi dingwaga di le 200 tse di fetileng ka ntlha ya seabe sa yone mo mokgatlhong wa batlhalefi wa Yuropa o o bidiwang Tshedimosetso. Gompieno bontsi ba batho ba Paris ba tlhotlhelediwa thata ke filosofi ya motlha oo go feta go tlhotlhelediwa ke bodumedi, e ka ne ba itse seno kana nnyaa.

Le fa go ntse jalo, botlhale jwa batho ga bo a ka jwa sedimosa botshelo jwa batho jaaka go ne go lebeletswe. Gompieno batho ba le bantsi ba senka tshedimosetso go tswa go sele. Go setse go fetile dingwaga di ka nna 90 jaanong Basupi ba ga Jehofa ba ‘phatsima jaaka masedi’ kwa Paris. (Bafilipi 2:15) Fela jaaka balaolasekepe ba ba ditswerere, ba ile ba tshwanelwa ke go fetofetoga le makhubu kana ditiragalo gore ba akaretse le “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba” mo sekepeng sa bone.—Hagai 2:7.

Motse o o Nang le Dikgwetlho

Morago kwa ka 1850, Paris e ne e le motse o o nang le baagi ba le 600 000. Palo ya gone jaanong ya baagi ba teng e feta dimilione tse robongwe go akaretsa le ba metsethoko ya teng. Koketsego eo e dirile gore Paris e fetoge motse o o nang le baagi ba mefutafuta go feta yotlhe mo Fora. Ke lefelo la thuto e e kwa godimo mo lefatsheng, e na le nngwe ya diyunibesithi tsa bogologolo go feta tsotlhe mo lefatsheng e bile ke lefelo le go nnang baithuti ba ka nna 250 000 mo go lone. Dilo dingwe tse di sa itumediseng ka Paris ke gore go na le metsethoko mengwe ya teng e e nang le matlo a matlhatlaganyane a magolo a a tletseng boganana le botlhokatiro. Ga go pelaelo gore go tlhoka Basupi ba ga Jehofa bokgoni le go lepalepana le maemo go neela batho ba mefuta yotlhe dikgang tse di molemo ka tsela e e kgatlhang.—1 Timotheo 4:10.

Paris e etelwa ke bajanala ba feta dimilione tse 20 ngwaga le ngwaga. Ba ka itumelela go etela Eiffel Tower, go tsamayatsamaya go bapa le noka ya Seine, kana go iketla mo dikhefing le mo diresetšhurenteng tse dinnye, ba fokwa ke moya wa

teng. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa batho ba Paris bo lebelo tota. Modiredi mongwe wa nako e e tletseng wa Mokeresete a re: “Batho ba aga ba le mo lebelong. Ba boa ba lapile tota fa ba tswa tirong.” Ga go motlhofo go bua le batho bano ba ba agang ba le makgabe a dipapetla.

Le fa go ntse jalo, bongwe jwa mathata a magolo a Basupi ba ga Jehofa ba Paris ba lebanang le one ke go se fitlhele batho mo magaeng a bone. Dikago dingwe di tsentswe didirisiwa tsa go tlhaeletsana le beng ba tsone go tswa kwa ntle. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go oketsega ga bokebekwa, gantsi dikago tsa teng tse di tshwaraganeng di nna le didirisiwa tsa tshireletsego tsa ileketeroniki mme ga go motlhofo go tsena mo go tsone. Ga go pelaelo gore seno ke sone se se dirang gore mo mafelong mangwe go nne le palogare ya Mosupi a le 1 mo bathong bangwe le bangwe ba le 1 400. Ka gone go dirisiwa thata mokgwa wa go neela bosupi ka founo le go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. A Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go dira gore ‘lesedi la bone le phatsime’ ka ditsela tse dingwe?—Mathaio 5:16.

Go na le ditshono tse dintsi le mafelo a mantsi a go ka neelwang bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo mo go one. Martine o ne a bona mosadi mongwe yo go neng go bonala a tshwenyegile thata mo maikutlong kwa boemelong jwa dibese. Mosadi yono o ne a sa tswa go swelwa ke morwadie yo o esi. Martine o ne a mo abela boroutšhara jo bo buang ka tsholofelo e e gomotsang ya Baebele ya tsogo. Go tswa foo go ne ga feta dikgwedi di se kae a sa tlhole a kopana le ene. Fa Martine a kopana le mosadi yono gape, o ne a kgona go simolola thuto ya Baebele le ene. Mosadi yono o ne a nna Mosupi le fa a ne a ganediwa ke monna wa gagwe.

Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo jo bo Nang le Matswela

Thulaganyo ya dipalangwa tsa botlhe ya Paris ke nngwe ya tse di maatlametlo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Diterena tsa teng di pega bapalami ba le 5 000 000 ka letsatsi. Ga twe seteishene sa Paris sa kafa tlase ga lefatshe sa Châtelet-Les-Halles, ke se segolo e bile ke se se tlhanaselang go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Go na le ditshono tse dintsi tsa go kopana le batho moo. Alexandra o tsamaya ka terena letsatsi le letsatsi fa a ya tirong. Letsatsi lengwe o ne a tlotla le lekawana lengwe le le neng le lwala thata ka ntlha ya lukemia. Alexandra o ne a mo abela pampitshana e e buang ka tsholofelo ya Paradaise. Ba ne ba fetsa dibeke tse thataro ba tlhola ba tlotla ka Baebele mo lefelong le le tshwanang le ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi. Mme letsatsi lengwe monna yono o ne a seka a tlhola a tla. Ka bonako fela morago ga foo, mosadi wa monna yono o ne a founela Alexandra mme a mo kopa gore a tle kwa bookelong e re ka monna wa gagwe a ne a lwala thata. Ka maswabi, Alexandra o ne a fitlha go setse go le thari. Morago ga loso lwa monna yono mosadi wa gagwe o ne a fudugela kwa Bordeaux, kwa borwabophirima jwa Fora koo a neng a fitlha a etelwa ke Basupi ba teng. A bo go ile ga itumedisa Alexandra thata jang ne fa a ne a utlwa mo ngwageng oo moragonyana gore motlholagadi yono ke Mokeresete yo o kolobeditsweng go nna Mosupi wa ga Jehofa, yo o nang le tsholofelo ya go boa a bona monna wa gagwe gape ka nako ya tsogo!—Johane 5:28, 29.

Mosadi mongwe yo o godileng wa Mokeresete o ne a tlotla le Renata fa ba le mo loetong ka terena go tloga kwa Paris go ya kwa Limoges, kwa bogareng jwa Fora. Fa Renata a ne a sa ntse a nna kwa nageng ya gaabo ya Poland, o ne a fetsa dingwaga tse tlhano a ithuta thutabodumedi, Sehebera le Segerika, le fa go ntse jalo o ne a feletswe ke tumelo. Dikgwedi di le tharo pelenyana o ne a ile a rapela Modimo. Le fa tota Renata a ne a sa kgatlhegele se kgaitsadi yono yo o godileng a neng a bua ka sone, o ne a mo naya dinomore tsa gagwe tsa founo ka a ne a akanya gore a ka se tlhole a kopana le ene. Le fa go ntse jalo, kgaitsadi o ne a gagamalela go dira dithulaganyo tsa gore Renata a etelwe ka bonako morago ga foo. E ne ya re fa banyalani ba Basupi ba etetse Renata o ne a ipotsa gore ‘Ba tlile go mo ruta eng?’ Le fa Renata a ne a na le dithuto tsa bodumedi, ka boikokobetso o ne a kgatlhiwa ke boammaaruri jwa Baebele. O tlhalosa jaana: “Ka yone nako eo fela ke ne ka lemoga gore ke boammaaruri.” Gone jaanong o itumelela go tlotlela batho ba bangwe molaetsa wa Baebele.

Michèle o ne a le kwa sekolong sa go kgweetsa. Baithuti ba bangwe mo sekolong seno sa go kgweetsa ba ne ba simolola go tlotla ka kgang ya go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Michèle o ne a ba bolelela fa a sa dumalane le seo. Beke morago ga foo, mokaedi wa bone wa go kgweetsa e bong Sylvie, o ne a mmotsa jaana: “A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Sylvie o ne a kgatlhilwe ke tsela e Michèle a lebang dilo ka yone go ya ka Baebele. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele, mme ngwaga moragonyana Sylvie o ne a kolobediwa.

Diparaka le ditshingwana tse dintsi tse di leng mo Paris di neela batho tshono e ntle ya go tlotla. Josette o ne a dirisa nako ya boikhutso jwa motshegare ka botlalo ka go ya kwa parakeng mme a kopana le mosadi mongwe yo o godileng, e bong Aline, yo o neng a iphokisa phefo. Josette o ne a tlhalosa ditsholofetso tse di molemolemo tse di fitlhelwang mo Baebeleng. Ba ne ba dira dithulaganyo tsa go ithuta Baebele mme go ise go ye kae, Aline o ne a gatela pele go fitlha a kolobediwa. Gone jaanong Aline yo o nang le dingwaga tse 74 ke mmulatsela wa ka metlha yo o nang le matswela mo bodireding yo o itumelelang go tlotlela batho ba bangwe boammaaruri jwa Bokeresete.

Lesedi la Ditšhaba Tsotlhe

Basupi ba Paris ga ba tlhoke go ya kwa dinageng tse di kwa kgakala go kopana le batho ba ditšhaba tse di farologaneng. Mo e ka nnang diperesente di le 20 tsa batho ba teng ke batswakwa. Go na le diphuthego le ditlhopha tsa Bokeresete tsa dipuo tse di farologaneng di ka nna 25.

Botswerere le go akanyetsa dilo sentle gantsi go felela ka matswela a a molemo mo kabelong eno e e kgethegileng ya go rera. Mosupi mongwe wa Mo-Philippine o itiretse tshimo ya gagwe e e kgethegileng. Fa a ntse a reka mo mabenkeleng, o ile a kgona go simolola dithuto tsa Baebele le Ba-Philippine ba le bantsi ka go simolola motlotlo le bone mo mabenkeleng.

Go a thusa go simolola motlotlo le batho fa o rera. Ka December 1996, fa Basupi ba phuthego nngwe ya puo e sele ba sena go utlwa gore diserekisi dingwe tse di tumileng thata mo lefatsheng di ne di tlile go etela toropo ya bone, ba ne ba dira tshwetso ya go leka go kopana le batshameki ba tsone. Maitseboa mangwe morago ga motshameko wa tsone, ba ne ba kgona go tlotla le batshameki ba ba neng ba boela kwa dihoteleng tsa bone. Go simolola motlotlo jalo le bone go ne ga felela ka gore ba ba tsamaisetse Dibaebele di le 28, dibuka tsa Bokeresete di le 59, diboroutšhara di le 131 le dimakasine di le 290. Fa loeto lwa dibeke tse tharo lwa batshameki bano ba diserekisi lo fela, mongwe wa bone o ne a botsa jaana: “Nka dira eng gore ke nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Yo mongwe o ne a re: “Ke tla fitlha ke rera kwa nageng ya rona!”

Matlotlo a a Subegileng a ka Bonwa

Gongwe le gongwe kwa batho ba ba etelang Paris ba ka lebang gone ba bona matlotlo a dikago tse dintle tsa bogologolo. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dilo tse di botlhokwa go feta tse di letetseng go ribololwa. Aniza o ne a tla kwa Fora le monna wa ga rakgadiagwe yo e leng moemedi wa puso. O bala Baebele ka metlha kwa gae. Letsatsi lengwe o ne a tswa mo gae a itlhaganetse fa a tla kopana le mmulatsela yo o neng a mo abela pampitshana ya Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Baebele. Ba ne ba rulaganya go kopana mo bekeng e e latelang, mme ba simolola go ithuta Baebele. Lelapa la gaabo Aniza le ne la mo ganetsa fela thata. O ne a gatela pele go fitlha a kolobediwa. O leba jang tshiamelo e a nang le yone ya go bolelela ba bangwe boammaaruri? “Kwa tshimologong tiro ya go rera e ne e se motlhofo ka gonne ke motho yo o ditlhong. Le fa go ntse jalo, fa ke bala Baebele, e a nnonotsha. Nka se nne fela ke sa dire sepe.” Bontsi jwa Basupi ba Paris ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo, ba na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakorintha 15:58.

Boammaaruri jwa Baebele gape bo phatsimela dikago tsa matlo tsa metsethoko ya Paris, go ribolola “dilo tse dingwe tse di botlhokwa.” Bruce o ne a etela tsala ya gagwe e e neng e sa tswa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka boikaelelo jwa go ya go adima dikhasete dingwe. Fa Bruce a fitlha teng o ne a fitlhela tsala ya gagwe e tlotla ka Baebele le motho mongwe yo a mo itseng, mme Bruce o ne a reetsa motlotlo wa teng. O ne a dumela go rutwa Baebele mme gone o ne a na le mathata mangwe. “Ke ne ke itsege thata mo lefelong la rona. Nkgonne o ne a tlhola a lole le batho mme nna ke ne ke rata go rulaganya diphathi tsa go tansa tse di modumo. Batho ba ne ba tlile go reng fa ba utlwa gore ke nna Mosupi?” Bruce o ne a tlogela go tlhola a rulaganya diphathi tse di ntseng jalo le fa batho ba ne ba aga ba mo kopa go di dira. Kgwedi morago ga foo o ne a simolola go rera: “Batho botlhe mo lefelong la rona ba ne ba batla go itse gore ke eng fa ke le Mosupi.” Go ise go ye kae morago ga foo o ne a kolobediwa. Moragonyana o ne a nna le tshiamelo ya go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi.

Go senka matlotlo go tlhoka motho matsapa a magolo. Le fa go ntse jalo, a bo e le boipelo jo bogolo jang ne fa motho a bona maduo a matsapa ao! Jacky, Bruno le Damien e ne e le badiri ba kgwebo ya go baka kwa Paris. Jacky a re: “Go ne go se motlhofo go kopana le rona ka gonne re ne re bereka ka metlha mme re ne re se ke re fitlhelwa mo gae.” Patrick, yo e leng mmulatsela wa ka metlha, o ne a lemoga gore go ne go na le dikamotshana kwa godimo ga kago nngwe, mme o ne a akanya gore bobotlana go tshwanetse ga bo go na le nngwe e e nang le batho. O ne a bona maduo a matsapa a gagwe a go nna a senka beng ba tsone fa kgabagare ka thapama nngwe a kopana le Jacky, yo o neng a nna moo ka nakwana. Go ne ga felela ka eng? Ditsala tseno tse tharo di ne tsa nna Basupi mme ba ne ba kgona go bona tiro e nngwe e e neng e ba letla go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa puso ya Modimo.

Go Didimatsa Sefefo

Bosheng bangwe ba babegadikgang ba Fora ba ile ba dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tsewe e le lekoko la bodumedi le le kotsi. Ka 1996, Basupi ba ne ba nna le seabe ka pelo yotlhe mo go anamiseng dikhopi tse di fetang dimilione tse robonngwe tsa pampitshana e e nang le tshedimosetso e e kgethegileng ya setlhogo se se reng Jehovah’s Witnesses—What You Need to Know. Go ile ga nna le matswela a a molemo tota.

Go ile ga dirwa maiteko a a kgethegileng go e abela batho botlhe. Badiredipuso ba le bantsi ba ile ba bolela ba fa anaanela Basupi. Mokhansele mongwe wa ga masepala o ne a kwala jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba dirile sentle go aba pampitshana eno. E baakanya maaka a a builweng ka bone.” Ngaka nngwe e ile ya re: “Ga ke bolo go letela seno!” Monna mongwe wa kwa Paris o ile a kwala jaana: “Go ne ga direga fela ka phoso gore ke bale Jehovah’s Witnesses—What You Need to Know. Ke tla rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng e bile ke tla rata go nna le thuto ya Baebele ya mahala.” Yo mongwe o ne a kwala jaana: “Ke leboga boikanyegi jwa lona.” Mosadi mongwe wa Mokatoliki o ile a raya Basupi a re: “Ehee! Kgabagare lo tsibogetse maaka ano!”

Selo se se ileng sa itumedisa basha ba bantsi ba Basupi kwa Paris e ne e le letsholo la go rera le le neng le rulaganyeditswe Matsatsi a Basha a Dinaga Tsa Bokatoliki ka 1997. Le fa go ne go le mogote wa didikirii tsa Celsius di le 35, Basupi ba ka nna 2 500 ba ne ba nna le seabe. Mo lobakeng lwa malatsi a sekae fela ba ne ba abela basha ba ba tswang kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe dikhopi di le 18 000 tsa boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe. Mo godimo ga go neela bosupi jo bo molemo ka leina la ga Jehofa le go jala peo ya boammaaruri, letsholo leno le ne la tsosolosa matlhagatlhaga a basha ba Basupi. Kgaitsadi mongwe yo mmotlana yo o neng a fokotsa malatsi a gagwe a boikhutso gore a nne le seabe ka botlalo mo tirong eno e e kgethegileng o ne a kwala jaana: “Jehofa o na le batho ba ba itumetseng mono lefatsheng, ba ba dirisang nonofo ya bone go mo galaletsa. Ruri malatsi ao a mabedi a a neng a tletse ditiragalo tse di molemo a ne a le botlhokwa go gaisa malatsi ape fela a boikhutso! (Pesalema 84:10)”

Letsatsi la February 28, 1998 e ne e le la ngwaga wa bo65 fa e sa le Hitler a ntshitse taelo e e neng ya felela ka gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe kwa Jeremane. Basupi ba Fora ba ne ba dirisa letsatsi leo go bontsha batho bidio ya Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault mo diholong tse di hirilweng, e e tlhalosang tsela e batho ba ga Jehofa ba ileng ba bogisiwa ka yone. Go ne ga anamisiwa ditaletso di feta dimilione tse supa. Boraditiragalo le batho ba e kileng ya nna batshwarwa mo dikampeng tsa teng ba ne ba ntsha bosupi jo bo amang pelo. Kwa Paris, batho ba ka nna 5 000 ba ne ba nna gone, go akaretsa le palo e kgolo ya ba e seng Basupi.

Bontsi jwa batho ba Paris ba anaanela lesedi la semoya fela thata, mme ba itumelela gore baboledi ba Bogosi ba phatsima thata jaaka masedi. Go ntse fela jaaka Jesu a ile a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana.” (Mathaio 9:37) Go ititaya sehuba ga Basupi ba ga Jehofa mo go fenyeng dikgwetlho tsa go rera mo motseng ono go dirile gore Paris e nne Motse wa Lesedi ka tsela e e kgethegileng, e e dirang gore Jehofa a galalediwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Holo ya Motse

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Louvre Museum

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Opera Garnier

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go bolelela batho ba ba agang ba tshwaregile molaetsa wa Baebele gongwe le gongwe kwa ba ka fitlhelwang gone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela