LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 11/15 ts. 21-23
  • Direla Modimo ka go Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Direla Modimo ka go Rata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Gana go Dira Gotlhelele
  • Go Batlega Tirelo e e Dirwang ka go Rata
  • Go Tweng ka Tirelo e e Dirwang ka go Itsemeletsa?
  • Itumelele go Dira go Rata ga Modimo
  • ‘Moya o a Fisega, Mme Nama Yone e Bokoa’
  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • O Tla Ithontsha Eng Gore o Nne o Tshela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • “Lo Amogetse Mahala, Nayang Mahala”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Dipontsho tsa Lorato tse Dikgolo tse Pedi tse di Kileng tsa Dirwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 11/15 ts. 21-23

Direla Modimo ka go Rata

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a kwala jaana: “Ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata ke ba ke dirisediwa meya ya lona ka mo go feletseng.” (2 Bakorintha 12:15) Mafoko ano a go lemotsha eng malebana le pono le boikutlo jo batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetseng go leka go nna le tsone? Go ya ka mokanoki mongwe wa Baebele, fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha mafoko ao, o ne a re: “Ke iketleeditse go dirisa maatla le nako le botshelo jwa me, le sengwe le sengwe se ke nang naso go solegela lona molemo, jaaka rre a direla bana ba gagwe ka boitumelo.” Paulo o ne a ikemiseditse go ‘dirisa sotlhe se a nang le sone,’ kana “go lapa le go tsenwa ke letsapa,” fa e le gore e ne e le seo se neng se tla tlhokega gore a diragatse bodiredi jwa gagwe jwa Bokeresete.

Mo godimo ga moo, Paulo o ne a dira dilo tseno tsotlhe “ka go itumela thata.” The Jerusalem Bible ya re o ne a “iketleeditse ka botlalo” go dira jalo. Go tweng ka wena? A o iketleeditse go dirisa nako, maatla, ditalenta le dithoto tsa gago go direla Jehofa Modimo le go thusa ba bangwe, le fa go dira jalo go ka raya “go lapa le go tsenwa ke letsapa” ka dinako tse dingwe? A o tla dira seno “ka go itumela thata”?

Ba Gana go Dira Gotlhelele

Batho ba le bantsi ga ba etsaetsege fela go direla Modimo mme ba gana gotlhelele. Ba na le moya wa go sa leboge, wa go itaola ka bopelotshetlha tota le wa botsuolodi. Satane o ne a raela Adame le Efa gore le bone ba akanye ka tsela eo. O ne a bua maaka a re ba tla “nna jaaka Modimo, ba itse molemo le bosula”—ba kgona go itirela ditshwetso malebana le gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. (Genesise 3:1-5) Batho ba ba nang le moya o o ntseng jalo gompieno ba akanya gore ba tshwanetse go nna le kgololesego e e feletseng gore ba dire se ba se batlang ba sa ikarabele ka tsela epe mo Modimong kana gore a se ka a tsenelela mo dikgannyeng tsa bone. (Pesalema 81:11, 12) Ba batla go dirisetsa dilo tsotlhe tse ba nang le tsone go gagamalela mekgele ya bone ka namana.—Diane 18:1.

Gongwe ga o na boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo feteletseng. Ga go na pelaelo gore o anaanela mpho ya botshelo jo o bo ipelelang gone jaanong tota le tsholofelo e e itumedisang thata ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:10, 11; Tshenolo 21:1-4) O ka tswa o leboga Jehofa thata go bo a go diretse molemo. Mme le fa go ntse jalo rotlhe re tshwanetse go nna podimatseba ka kotsi ya gore Satane a ka kgona go sokamisa tsela e re akanyang ka yone gore tirelo ya rona e bo e nne e e sa amogelweng ke Modimo. (2 Bakorintha 11:3) Seno se ka direga jang?

Go Batlega Tirelo e e Dirwang ka go Rata

Jehofa o batla tirelo e e dirwang ka go rata ya ka pelo yotlhe. Le ka motlha ga a ke a re patelela go dira go rata ga gagwe. Satane ke ene yo o tla dirang sengwe le sengwe go gatelela kana go raela batho gore ba dire go rata ga gagwe. Malebana le go direla Modimo, Baebele e bua ka tshwanelo, ditaelo, dipatlafalo, jalo le jalo. (Moreri 12:13; Luke 1:6) Le fa go ntse jalo, lebaka le legolo la go bo re direla Modimo ke ka go bo re mo rata.—Ekesodo 35:21; Duteronome 11:1.

Go sa kgathalesege gore Paulo o ne a dira ka bojotlhe go le kana kang mo tirelong ya Modimo, o ne a itse gore seno se ne se se kitla se kaya sepe ‘fa a ne a se na lorato.’ (1 Bakorintha 13:1-3) Fa bakwadi ba Baebele ba re Bakeresete ke batlhanka ba Modimo, ga ba bue ka botlhanka jo bo tlhomolang pelo jo bo remeletseng mo go patikeng. (Baroma 12:11; Bakolosa 3:24) Go buiwa ka go ineela ka go rata go go ikaegileng ka go rata Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete thata.—Mathaio 22:37; 2 Bakorintha 5:14; 1 Johane 4:10, 11.

Tirelo ya rona mo Modimong e tshwanetse gape ya supa gore re rata batho thata. Paulo o ne a kwalela phuthego ya kwa Thesalonika jaana: “Re ne ra nna bonolo gareng ga lona, jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.” (1 Bathesalonika 2:7) Mo dinageng di le dintsi gompieno, bommè ba na le tshwanelo e e kafa molaong ya gore ba tlhokomele bana ba bone. Gone mme, bommè ba bantsi ga ba dire seno fela ka go bo ba batla go ikobela molao oo, a ga go jalo? Nnyaa. Ba dira jalo ka gonne ba rata bana ba bone! Ebu, mmè yo o amusang o ithontsha dilo tse dintsi ka boitumelo ka ntlha ya bana ba gagwe. E re ka Paulo le ene a ne a na le “katamalano e e bothito ya tlekeetso” e e ntseng jalo ka batho ba a neng a ba direla, o ne a “itumelela thata” (“a rata,” King James Version; “a itumelela,” New International Version) go dirisa botshelo jwa gagwe go ba thusa. (1 Bathesalonika 2:8) Lorato lo re tlhotlheletsa go etsa sekao sa ga Paulo.—Mathaio 22:39.

Go Tweng ka Tirelo e e Dirwang ka go Itsemeletsa?

Gone mme, ga re a tshwanela go letlelela go ithata gore go gaise tsela e re ratang Modimo le batho ka yone. Fa re ka dira jalo, go na le kotsi ya gore re tla dira tiro e e sa tsweng pelong, re e dira ka go itsemeletsa. Re ka nna ra simolola go ikutlwa re kgopisega ka tsela nngwe, re tshwenyega go bo re sa kgone go tshela botshelo jwa rona go ya ka tsela e rona re ratang ka yone. Seno se ile sa diragalela Baiseraele bangwe ba go rata Modimo ga bone go ileng ga fela mme le fa go ntse jalo ba nna ba ntse ba mo direla ka go bo ba tshwanetse. Matswela a seno e nnile eng? Go direla Modimo e ile ya nna “letsapa le legolo” mo go bone.—Malaki 1:13.

Ditshupelo dipe fela tse di isediwang Modimo di tshwanetse tsa bo di “itekanetse sentle” ka metlha, di se na bogole, e le “tse di gaisang” dipe fela tse di leng teng. (Lefitiko 22:17-20; Ekesodo 23:19, NW) Le fa go ntse jalo, go na le gore batho ba motlha wa ga Malaki ba neye Jehofa diphologolo tsa bone tse di gaisang tse dingwe, ba ile ba simolola go ntsha tse bone ka bobone ba neng ba sa di batle. Jehofa o ne a tsibogela jang seno? O ne a bolelela baperesiti jaana: “Mogang lo isang setlhabelo ka se se foufetseng, lo tle lo re: Ga se bosula bope! Fa lo isa setlhabelo ka se se tlhotsang le se se lwalang, lo tle lo re: Ga se bosula bope! A lo ko lo ye go se naya molaodi; a o tlaa go itumelela, kgotsa a o tlaa amogela sebele sa gago? . . . Lo lerile se se gapilweng ka thata, le se se tlhotsang, le se se lwalang; lo lere tshupelo jalo. A ke tshwanetse go amogela se mo seatleng sa lona?”—Malaki 1:8, 13.

Seno se ka diragalela jang ope fela wa rona? Ditlhabelo tse re di ntshang di ka simolola go nna “letsapa le legolo” mo go rona fa re se na pelo le moya o o ratang. (Ekesodo 35:5, 21, 22; Lefitiko 1:3; Pesalema 54:6; Bahebera 13:15, 16) Ka sekai, a re naya Jehofa nako ya rona e e setseng?

A go na le mongwe yo tota a ka akanyang gore e ne e tla nna selo se Modimo a se amogelang fa mongwe wa lelapa yo o lekang go dira se se molemo kana Molefi mongwe yo o tlhoafetseng a patelela Moiseraele yo o sa rateng gore a tlhophe nngwe ya diphologolo tsa gagwe tse di gaisang tse dingwe gore a e ntshe setlhabelo fa ene tota a sa batle go dira jalo? (Isaia 29:13; Mathaio 15:7, 8) Jehofa o ne a gana ditlhabelo tse di ntseng jalo mme kgabagare a bo a latlha le batho ba ba neng ba di ntsha.—Hosea 4:6; Mathaio 21:43.

Itumelele go Dira go Rata ga Modimo

Fa re batla go direla Modimo ka tsela e a e amogelang, re tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu Keresete. O ne a bolela jaana: “Ke senka, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.” (Johane 5:30) Jesu o ne a itumelela thata go direla Modimo ka go rata. Jesu o ne a diragatsa mafoko ano a ga Dafide a boporofeti: “Ke itumela thata go dira go rata ga gago, Modimo wa me.”—Pesalema 40:8.

Le fa gone Jesu a ne a itumelela go dira go rata ga ga Jehofa, go ne go se motlhofo ka metlha. Akanya ka se se neng sa diragala pele ga a tshwarwa, a sekisiwa le go bolawa. Fa Jesu a ne a le kwa tshimong ya Gethesemane, o ne a “hutsafetse thata” mme a tsena mo “botlhokong jo bo ngomolang pelo.” O ne a hutsafetse thata jaana mo e leng gore fa a ne a ntse a rapela, “mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.”—Mathaio 26:38; Luke 22:44.

Ke eng fa Jesu a ne a le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo jaana? Kwantle ga pelaelo e ne e se ka go bo a ne a batla go iponela molemo ene ka boene kana a itsemeletsa go dira go rata ga Modimo. O ne a ikemiseditse go swa, mo a neng a tsibogela mafoko ano a ga Petere ka bogale: “Nna pelonomi mo go wena, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” (Mathaio 16:21-23) Jesu o ne a tshwentswe ke gore go swa ga gagwe jaaka senokwane se se tlhabisang ditlhong go ne go tla ama Jehofa le leina la Gagwe le le boitshepo jang. Jesu o ne a itse gore Rraagwe o ne a tla utlwa botlhoko thata go bona Morwawe yo o rategang a tshwarwa ka tsela e e makgwakgwa jaana.

Jesu o ne a tlhaloganya gape gore o ne a atamela nako e e botlhokwa thata ya go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa. Go ikobela melao ya Modimo ka boikanyegi go ne go tla supa kwantle ga pelaelo epe gore Adame le ene o ne a ka bo a ile a tlhopha go dira ka tsela e e ntseng jalo. Go ikanyega ga ga Jesu go ne go tla supa gore maiphako a ga Satane a gore fa batho ba le mo tekong ba ka se ka ba direla Modimo ka go rata le ka boikanyegi e ne e se boammaaruri gotlhelele. Kgabagare, Jehofa o tla dirisa Jesu go senya Satane le go tlosa ditlamorago tsa botsuolodi jwa gagwe.—Genesise 3:15.

A bo Jesu a ne a na le maikarabelo a magolo jang ne! Leina la ga Rraagwe, kagiso ya lefatshe lotlhe le go bolokiwa ga batho gotlhe go ne go ikaegile ka boikanyegi jwa ga Jesu. Ka go lemoga seno, o ne a rapela jaana: “Rra, fa go kgonega, a senwelo seno se mphete. Lefa go ntse jalo, e seng jaaka go rata nna, mme jaaka go rata wena.” (Mathaio 26:39) Tota le fa Jesu a ne a le mo tlalelong e e di gaisang tsotlhe, ga a ise a ko a okaoke go ineela go dira go rata ga ga Rraagwe.

‘Moya o a Fisega, Mme Nama Yone e Bokoa’

Fela jaaka Jesu a ile a ngomoga pelo thata fa a ne a direla Jehofa, le rona re ka lebelela gore Satane o tla re gatelela e re ka re le batlhanka ba Modimo. (Johane 15:20; 1 Petere 5:8) Mo godimo ga moo, ga re a itekanela. Ka gone, le fa re direla Modimo ka go rata, go ka se nne motlhofo gore re dire jalo. Jesu o ne a bona kafa baaposetoloi ba gagwe ba neng ba kgaratlha ka teng go dira sengwe le sengwe se a neng a ba kopa gore ba se dire. Ke ka lebaka leo a neng a bolela jaana: “Gone, moya o a fisega, mme nama yone e bokoa.” (Mathaio 26:41) Go ne go se na sepe se se bokoa mo nameng ya gagwe e e itekanetseng. Le fa go ntse jalo, o ne a akantse ka bokoa jwa nama ya barutwa ba gagwe, go sa itekanelang go ba neng ba go ruile mo go Adame yo o sa itekanelang. Jesu o ne a itse gore ka ntlha ya bosaitekanelang jo ba bo ruileng le ditlhaelo tse ba nang natso ka ntlha ya gone, ba ne ba tla tshwanelwa ke gore ba kgaratlhe gore ba dire sengwe le sengwe se ba batlang go se dira mo tirelong ya ga Jehofa.

Ka gone he, re ka nna ra bo re ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo, yo o neng a ngomoga pelo thata ka ntlha ya bosaitekanelang jo bo neng bo mo kgoreletsa gore a se ka a kgona go direla Modimo ka botlalo. Paulo o ne a kwala jaana: “Kgono ya go eletsa e teng mo go nna, mme kgono ya go dira se se molemomogolo ga e yo mo go nna.” (Baroma 7:18) Le rona re fitlhela gore ga re kgone go dira dilo tse di molemo ka botlalo ka mo re eletsang go dira ka teng. (Baroma 7:19) Se ga se ka go bo re itsemeletsa. Ke ka go bo bokoa jwa nama bo kgoreletsa maiteko a rona a a molemolemo.

Re se ka ra kgobega marapo. Fa re iketleeditse go tswa pelong go dira gotlhe mo re ka go kgonang, ruri Modimo o tla amogela tirelo ya rona. (2 Bakorintha 8:12) E kete re ka ‘dira bojotlhe jwa rona’ go etsa moya wa ga Keresete wa go ineela ka botlalo go dira go rata ga Modimo. (2 Timotheo 2:15; Bafilipi 2:5-7; 1 Petere 4:1, 2) Jehofa o duela le go ema nokeng moya o o ntseng jalo wa go dira ka go rata. O tla re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go re thusa mo bokoeng jwa rona. (2 Bakorintha 4:7-10) Ka thuso ya ga Jehofa, le rona jaaka Paulo, re tla ‘dirisa sotlhe se re nang le sone ka go itumelela thata le go dirisediwa ka mo go feletseng’ tirelo ya Gagwe e e botlhokwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Paulo o ne a direla Modimo ka go rata ka bokgoni jotlhe jwa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a dira go rata ga ga Rraagwe tota le fa a ne a le mo tlalelong e e di gaisang tsotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela