A o Bonokopela?
FA Moshe a ne a tlhoma baatlhodi mo Iseraele, o ne a leka go bona “banna ba ba botlhale le ba ba bonokopela le ba ba nang le maitemogelo.” (Duteronome 1:13, NW) Maitemogelo a motho a nang le one ka ntlha ya dingwaga, e ne e se one fela a a neng a le botlhokwa. Go nna botlhale le go nna bonokopela le gone go ne go le botlhokwa.
Motho yo o bonokopela o akanyetsa dilo sentle fa go tla mo puong le mo boitshwarong. Go ya ka Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary, motho yo o bonokopela gape “o kgona go nna a didimetse ka go ikgapa.” Ee, go na le “motlha wa go bua,” e bile go na le “motlha wa go didimala,” mme motho yo o bonokopela o lemoga dilo tseo tse pedi. (Moreri 3:7) Gantsi go na le lebaka le le utlwalang la go didimala, ka gonne Baebele e bolela jaana: “Mo bontsing jwa mafoko ga go ko go tlhokafala tlolo, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o botlhale.”—Diane 10:19.
Bakeresete ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba nne bonokopela fa ba dirisana le ba bangwe. Ga go direge ka metlha gore motho yo o buang thata kana yo o gatelelang selo go gaisa ba bangwe e nne ene yo o botlhokwa kana yo o tlhokwang thata. Se lebale gore Moshe o ne a na “le maatla mo mafokong a gagwe,” mme o ne a sa kgone go etelela setšhaba sa Iseraele pele sentle go fitlhela a tlhagolela bopelotelele, boikokobetso le boikgapo. (Ditiro 7:22) Ka gone, batho ba ba filweng taolo mo godimo ga ba bangwe ba tshwanetse go leka thata go nna boingotlo le go nna le moya wa go akanyetsa.—Diane 11:2.
Bao Jesu Keresete a ba fileng boikarabelo jwa go tlhokomela “di tsa gagwe tsotlhe” ba tlhalosiwa mo Lefokong la Modimo e le ba ba “boikanngo le [ba ba] bonokopela.” (Mathaio 24:45-47) Ga ba itlhaganelele kwa pele ga ga Jehofa ka ntlha ya go akanya dilo dingwe ka mafega; e bile ga ba salele kwa morago fa kaelo ya Modimo e tlhamaletse mo kgannyeng e e rileng. Ba itse gore ke leng e leng motlha wa go bua le motlha o ba tshwanetseng go leta ka tidimalo go bona tlhaloso e e oketsegileng. Bakeresete botlhe ba dira sentle fa ba etsa tumelo ya bone ba bo ba itshupa e le batho ba ba bonokopela jaaka setlhopha sa motlhanka se dira.—Bahebera 13:7.