LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 10/1 ts. 30-31
  • “Podi ya Dithaba e e Bontle jo bo Gogelang”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Podi ya Dithaba e e Bontle jo bo Gogelang”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 10/1 ts. 30-31

“Podi ya Dithaba e e Bontle jo bo Gogelang”

BONTLE jo bo gogelang ke letlhalosi le bontsi jwa rona re ka se kang ra le dirisa go tlhalosa podi. Re ka nna ra akanya ka dipodi e le diphologolo tse di mosola tse di jang sengwe le sengwe mme di re thusa ka nama e e monate le mashi a a nang le dikotla—mme le ka motlha re ka se ka ra re di bontle jo bo gogelang.

Le fa go ntse jalo Baebele e tlhalosa mosadi yo o nyetsweng e re ke “kgama e e namagadi e e rategang le podi ya mo dithabeng e e bontle jo bo gogelang.” (Diane 5:18, 19, NW) Solomone yo e leng mokwadi wa buka ya Diane, e ne e le motho yo o neng a ela tlhoko thata diphologolo tsa naga tsa Iseraele, ka gone o ne a na le lebaka le le utlwalang la go dirisa tshwantshetso eno. (1 Dikgosi 4:30-33) Gongwe jaaka rraagwe e bong Dafide, o ne a tle a ele tlhoko dipodi tsa dithaba tse di neng di tsamaya thata mo lefelong le le dikologileng Enegedi, gaufi le dintshi tsa Lewatle le le Suleng.

Letsomanyane la dipodi tsa dithaba tse di nnang gaufi le Sekaka sa Judea di tlwaetse go tla fa motsweding wa Enegedi. E re ka Enegedi e le yone fela e e nang le metsi ka metlha mo sekakeng seno, e ile ya nna lefelo le dipodi tsa dithaba di ratang go nwa metsi mo go lone ka makgolokgolo a dingwaga. Tota e bile, leina Enegedi le ka tswa le raya “sediba sa potsana,” e le bosupi jwa gore dipotsana di teng ka metlha mo lefelong leno. Kgosi Dafide o ne a tshabela mo lefelong leno fa a ne a bogisiwa ke Kgosi Saule, le fa gone a ne a tshwanela go tshela jaaka motshabi mo “mafikeng a a borethe a dipodi tsa kwa dithabeng.”—1 Samuele 24:1, 2, NW.

O sa ntse o ka kgona go bona podi e namagadi kana podi ya dithaba, e ntse e tsamaya ka bothakga mo mogorogorong wa dithaba e latela podi e tonanyana go ya go nwa metsi. Fa o bone seo, o tla simolola go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa podi e namagadi e tshwantshiwa le mosadi yo o nyetsweng yo o ikanyegang. Boikokobetso jwa yone le mokgwa wa yone o montle le tsone di tlhalosa dinonofo tsa yone tsa sesadi. Polelwana e e reng “bontle jo bo gogelang” e ka tswa e tlhalosa bontle jwa podi eno ya dithaba.a

Podi e namagadi eno e tshwanetse ya bo e na le bonatla le botswerere. Jaaka Jehofa a ile a tlhalosetsa Jobe, podi ya dithaba e tsalela mo mafikeng, mo mafelong a a tletseng matlapa, a go leng thata go tsamaya mo go one a a se nang dijo e bile maemo a teng a bosa e le a a sa itumediseng. (Jobe 39:1) Le fa go na le mathata ano, podi e namagadi eno e tlhokomela bana ba yone le go ba ruta go palama le go tlola mo mafikeng ka bofefo jaaka yone e dira. Mme gape podi e namagadi eno e sireletsa bana ba yone ka bopelokgale mo diphologolong tse di ba tsomang. Motlhokomedi mongwe o ne a bona podi ya dithaba e lwantsha ntsu metsotso e le masome a mararo, fa potsana ya yone e ntse e iphitlhile kafa tlase ga yone gore e e sireletse.

Gantsi basadi ba ba nyetsweng le bommè ba Bakeresete ba godisa bana ba bone kafa tlase ga maemo a a boima. Mme jaaka podi ya dithaba, ba bontsha boineelo le bopelontle fa ba ntse ba diragatsa maikarabelo a bone a ba a filweng ke Modimo. Mme ba leka ka bopelokgale go sireletsa bana ba bone mo dikotsing tsa semoya. Ka gone, Solomone ga a nyatse basadi ka gope mo tshwantshetsong eno, mme totatota o ne a bua ka botswerere le bontle jwa mosadi—dinonofo tse di tlhagelelang thata tota le kafa tlatse ga maemo a a boima.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go ya ka The New Brown-Driver-Briggs-Gesenius Hebrew and English Lexicon, mo go se go buiwang ka sone fano, lefoko la Sehebera e leng chen, le le ranotsweng ka go re “bontle jo bo gogelang” le raya ‘bontle kana popego e ntle.’

[Ditshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Mosadi yo o nyetsweng le mmè wa Mokeresete o supa dinonofo tse dintle tsa semoya fa a diragatsa maikarabelo a gagwe a a a filweng ke Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela