Keresemose Kwa Botlhaba
• DINGWAGA TSE DI KA NNANG MAKGOLO a mabedi tse di fetileng, mokanoki mongwe wa maemo a a kwa godimo wa kwa Korea o ne a etela Peking, kwa China. Fa a ntse a lebile setshwantsho se se takilweng mo silinging ya kerekekgolo nngwe, o ne a bona setshwantsho sa ga Marea a tshotse ngwana Jesu ka matsogo. O ne a bolela jaana ka setshwantsho se se takilweng seno se se gakgamatsang:
“Mohumagadi mongwe o ne a harile ngwana yo o lebegang a lwala, a le dingwaga tse di ka nnang tlhano kana thataro. Thamo ya gagwe e ne e bonala e lepeletse, e kete ga a kgone go lebelela morwawe ka gonne a mo tlhomogela pelo. Mme kwa moragorago ga bone go ne go na le dipoko tse dintsi le masea a a nang le diphuka a ntse a fofafofa. Fa ke ntse ke ba lebile kwa godimo ga me, go ne go lebega e kete ba tla tloga ba nkwela godimo. E re ka ke ne ke tshogile, ke ne ka tsholetsa letsogo gore ke ba tshware.”
SEO se ile sa direga nako e telele morago ga Phetogo e Kgolo e simologa kwa Yuropa, nako e telele morago ga motlha wa lefifi wa Metlha ya Bogare. Mme mo bathong ba le bantsi ba kwa Botlhaba, Bokeresete e ne e le selo se se sa tlwaelegang fela jaaka go ne go ntse ka setshwantsho se se takilweng seo. A bo boemo joo bo fetogile jang ne! Nako le nako fa go le Keresemose, go bontshiwa ditshwantsho tsa ngwana Jesu. Batho ba kwa Botlhaba ba setse ba tlwaetse ditshwantsho tse di ntseng jalo, mme mebila e le mentsi koo gone jaanong e tshwana le ya kwa Yuropa.
Mo maitseboeng a November 25, 1998, kgwedi pele ga Keresemose, Champs Élysées kwa Paris e phatsimisiwa ka dipone tse di fetang 100 000 mo ditlhareng tse 300 tse di tlhomaganeng mo mmileng o o tumileng oo. Ka tsela e e tshwanang, mo mmileng o mogolo wa toropo kwa Seoul, kwa Korea, lebenkele le legolo le nna le setlhare se segolo sa Keresemose mme se bo se simolola go phatsima bosigo mo motsemogolong oo. Go ise go ye kae mebila ya one e kgabisitswe ka mekgabiso ya Keresemose.
Thelebishene, radio le makwalodikgang a gasa dithulaganyo tse di amanang le Keresemose letsatsi le letsatsi. E re ka naga yotlhe e tlhotlhelediwa ke moya wa Keresemose, e tshwarega ka go gorosa bofelo jwa ngwaga. Dikereke tsa kwa Seoul, tse dipalo tsa tsone tse dintsi di gakgamatsang baeti ba le bantsi, di kgabisiwa ka bonako. Ka gone, Korea le dinaga tse dingwe tsa kwa Botlhaba di gapilwe maikutlo ke moya wa Keresemose ka nako e United States yone e tshwaregileng ka go keteka Letsatsi la yone la Ditebogo go ela kwa bofelong jwa November.
Bontsi jwa dinaga tsa kwa Botlhaba ga di tsewe e le karolo ya Labokeresete. Ka sekai, ke diperesente di le 26,3 fela tsa baagi ba Korea ba ba ipolelang gore ke Bakeresete. Kwa Hong Kong ke diperesente di le 7,9, kwa Taiwan diperesente di le 7,4 mme kwa Japane ke diperesente di le 1,2 fela. Go phepafetse gore bontsi jwa batho ba kwa Botlhaba ga ba mo Bokereseteng, mme go bonala ba sena bothata le go keteka Keresemose. Tota e bile, gantsi go bonala fa e le bone ba e tlhoafaletseng thata go gaisa bengkabone kwa Bophirima. Ka sekai, Hong Kong e itsege thata ka mokete wa yone wa Keresemose o o maphatsiphatsi, le mororo bontsi jwa baagi ba yone e le Ba-Buddha kana Ba-Tao. Tota le kwa China, koo go nang le peresente ya 0,1 fela ya batho ba ba ipitsang Bakeresete, Keresemose e nna e ntse e tuma ka bonako.
Ke ka ntlha yang fa Keresemose e ketekiwa thata jaana kwa Botlhaba? Ke ka ntlha yang fa batho ba ba sa amogeleng Jesu jaaka Mesia ba keteka Keresemose, e bontsi jwa batho ba ba ipitsang Bakeresete ba e tsayang e le letsatsi la go tsholwa ga gagwe? A Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa bone ka Keresemose? Re tla bona dikarabo fa re ntse re sekaseka gore go tlile jang gore Keresemose e tume thata jaana kwa Korea, naga ya bogologolo ya kwa Botlhaba.