LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 10/1 ts. 26-27
  • Dithamalakane Tsa Modimo le Maikaelelo a Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dithamalakane Tsa Modimo le Maikaelelo a Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithamalakane Tsa Baebele di a Ntsifala
  • Go Tlhalosa Sephiri se se Boitshepo
  • Go Senola “Dipolelo Tse di Fitlhegileng”
  • Go Leba Kwa Leseding
  • Bapala Botlhale Mme o Amogele Kotlhao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • ‘Modimo, A ko O Rome Lesedi la Gago’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jehofa—Modimo yo o Senolang Diphiri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Sephiri se Bakeresete ba sa Tshwanelang Go Se Boloka!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 10/1 ts. 26-27

Dithamalakane Tsa Modimo le Maikaelelo a Gagwe

FA MOTHO a sa itse gore ke eng, ya bo e le sengwe; mme fa motho a itse gore ke eng, ya bo e se sepe. Ke eng sone seo? Ke thamalakane.

Mo setšhabeng sa gompieno sa batho ba ba tlholang ba tshwaregile fela thata, batho ba tsaya go tlhama dithamalakane e le dilo tsa bana, mme mo metlheng ya bogologolo thamalakane “e ne e le go bona gore motho o botlhale go le kana kang,” go bolela jalo The Interpreter’s Dictionary of the Bible.—Bapisa Diane 1:5, 6.

Ka dinako tse dingwe, go na le gore Jehofa a tlhalose thato kana maikaelelo a gagwe ka tlhamalalo o ne a dira gore dipolelo tsa gagwe tsa boporofeti di nne bofitlha ka boomo a dirisa dipapiso, a raraanya “dipolelo tse di fitlhegileng,” kana dithamalakane tse di akabatsang. (Pesalema 78:2, King James Version; Dipalo 12:8, The Emphasized Bible) Tota e bile, le mororo lefoko la Sehebera la thamalakane le dirisiwa ka makgetlo a le 17 fela mo Baebeleng, Dikwalo di tletse ka dithamalakane le diane.

Dithamalakane Tsa Baebele di a Ntsifala

Go begiwa fa Kgosi Solomone a ne a kgona go araba tota le e leng dipotso, kana dithamalakane tse di akabatsang thata, tse di neng di tlisiwa kwa go ene. (1 Dikgosi 10:1, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Go phepafetse gore o ne a kgona go dira jalo ka ntlha ya botlhale jo a bo filweng ke Modimo. Fa e le gore dipego tsa borahisitori ba bogologolo di boammaaruri, tse di tlhalosang gore Solomone o kile a palelwa mo kgaisanong nngwe ya dithamalakane le Kgosi Hirame wa Tire, e ka tswa e le gore go diragetse morago ga gore a latlhegelwe ke moya wa ga Jehofa ka ntlha ya botlhanogi jwa gagwe. Moatlhodi Samesone le ene o ne a rata dithamalakane. Ka lekgetlo lengwe, ka maatla a moya o o boitshepo, thamalakane nngwe e ne ya mo thusa gore a tshose baba ba Modimo.—Baatlhodi 14:12-19.

Le fa go ntse jalo, dithamalakane tse dintsi tsa Baebele, di amana ka tsela e e tlhamaletseng le maikaelelo a ga Jehofa. Ka sekai akanya ka Genesise 3:15. Boporofeti jono, jo e leng motheo wa setlhogo sa Baebele, jone ka bojone ke marangrang, “sephiri se se boitshepo.” (Baroma 16:25, 26) Mo godimo ga gore moaposetoloi Paulo a neelwe diponatshegelo tse e seng tsa tlholego le ditshenolo, o ile a bona gape le dikarolo tse dingwe tsa maikaelelo a Modimo “ka tsela e e letobo” kana se totatota e leng, “polelo e e bofitlha.” (1 Bakorintha 13:12; 2 Bakorintha 12:1-4) Mme go tweng ka diphopholetso tse dintsintsi tse di malebana le palo e e sa itsiweng ya phologolo ya naga—“makgolo a marataro le masome a marataro le borataro”—e go tshoganweng go builwe fela ka yone mo go Tshenolo 3:18 mme go sa tlhalosiwe sepe fela ka yone? Ke mang yo o ka kgonang go rarabolola dithamalakane tseno tsa Modimo mme maikaelelo a tsone ke eng?

Go Tlhalosa Sephiri se se Boitshepo

Mo go ba le bantsi ba rona, go bona ke nngwe ya ditemosi tse di botlhokwa thata tse tlhano tse re nang natso. Mme kwantle ga lesedi, pono ya motho ga e thuse sepe. Go tshwana le fa re foufetse. Go ntse jalo le ka tlhaloganyo ya motho. E na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go bapisa dilo, go dirisa tlhaloganyo, mme ka go dira jalo e kgona go rarabolola malepa. Le fa go ntse jalo, go tlhokega mo go oketsegileng go tlhalosa diphiri tse di boitshepo. Le fa ba bangwe ba ka tswa ba tlhalosa dithamalakane tse di mo Baebeleng, ke Mokwadi wa tsone fela, e bong Jehofa, Modimo wa lesedi yo o ka kgonang go senola se tota di se kayang.—1 Johane 1:5.

Ka maswabi, gantsi batho ba mabela thata e bile ba iikanya thata mo ba ka se kang ba kgona go leta Jehofa gore a ba neye dikarabo. Go na le batho ba e leng gore ka go bo ba kgatlhiwa ke masaitseweng ano, ba senka tharabololo e e sa tsweng mo Lefokong la Modimo, e seng ka go bo ba batla boammaaruri mme e le fela ka go bo ba batla dilo tse di ba gwetlhang mogopolo. Ka sekai, masaitseweng a Bajuda a a mo go Cabala, a ne a leka go bona bokao jwa maselamose jwa dipalo le ditlhaka tsa alefabete ya Sehebera. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Bakenosetiki ba lekgolo la bobedi la dingwaga ba ne ba dirisa Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika go leka go bona bokao jwa sephiri mo go tsone.

Le fa go ntse jalo, ditsela tseo tsotlhe tsa go senka di ile tsa dira gore ba tsenelele kwa teng mo meetlong kana mo botlhoding jwa seheitane tsa ba isa kgakala le boammaaruri jwa Modimo. Bakenosetiki ba ne ba ipolelela gore ‘Fa e le gore lefatshe le tletse bosula, he, go raya gore Mmopi wa lone, Yahweh, a ka se ka a bo a le Modimo yo o siameng.’ A eno ke yone fela karabo e e molemolemo e ba ka e neelang? A bo kakanyo ya batho e tlhaela jang ne! Ga go gakgamatse go bo fa moaposetoloi Paulo a ne a lwantsha megopolo ya botlhanogi e moragonyana e neng ya tlhaga mo makokong a Bokenosetiki, a ileng a tlhagisa jaana mo makwalong a gagwe: “Lo se ka lwa ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng”!—1 Bakorintha 4:6.

Go Senola “Dipolelo Tse di Fitlhegileng”

Gone mme, ke eng fa Modimo wa lesedi a ka bua “dipolelo tse di fitlhegileng”? Tsela e dithamalakane tseno di ntseng ka yone fela e gwetlha kakanyo le tsela e motho a tlhaloganyang dilo ka yone. Ka jalo, e re ka di gasitswe mo Dikwalong jaaka mekgabiso e e monate mo dijong tsa maemo a a kwa godimo, ka dinako tse dingwe di dirisiwa fela go tsosa kgatlhego ya babadi kana go dira gore molaetsa o utlwale sentle. Mo makgetlong ano, gantsi go neelwa ditlhaloso ka bonako morago ga foo.—Esekiele 17:1-18, NW; Mathaio 18:23-35.

Jehofa o aba botlhale ka bopelotshweu mme le ka motlha ga a tsamaye a bo latlhelela mongwe le mongwe fela. (Jakobe 1:5-8) Akanya ka buka ya Diane, e e leng kgobokanyo ya dipolelo tse dintsi tse di tlhotlheleditsweng tse di akabatsang tse bangwe ba ka nnang ba di leba jaaka dithamalakane. Go di tlhaloganya go tlhokega gore motho a iphe nako le go tlhatlhanya ka tsone. Mme gone ke batho ba le kae ba ba iketleeditseng go dira maiteko a a ntseng jalo? Botlhale jo bo leng mo go tsone bo ka bonwa fela ke batho ba ba ikemiseditseng go bo fatolola.—Diane 2:1-5.

Jesu le ene o ne a dirisa ditshwantsho go supa se se leng mo dipelong tsa bareetsi ba gagwe. Boidiidi bo ne bo mo kokoanela. Ba ne ba itumelela dikgang tsa gagwe. Ba ne ba rata dikgakgamatso tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, ke ba le kae ba ba neng ba ikemiseditse go fetola mokgwa wa bone wa botshelo le go mo latela? A bo barutwa ba ga Jesu ba ne ba farologane jang ne, ba batla gangwe le gape go tlhaloganya dithuto tsa ga Jesu e bile ba ikemiseditse go iitatola gore ba nne balatedi ba gagwe!—Mathaio 13:10-23, 34, 35; 16:24; Johane 16:25, 29.

Go Leba Kwa Leseding

Buka nngwe e bolela jaana: “Go bonala fa go kgatlhegela dithamalakane go tsamaisana le motlha wa go tsibogela kitso.” Gompieno re na tshiamelo e kgolo ya go bo re tshela mo nakong e ‘lesedi la semoya le jaletsweng’ batho ba Modimo. (Pesalema 97:11; Daniele 12:4, 9) A re ka kgona go letela Jehofa ka bopelotelele gore a senole maikaelelo a gagwe go ya ka nako e a e beileng? Se se botlhokwa le go feta, a re tsaya kgato ka bonako go fetola matshelo a rona fa re bona kafa re tshwanetseng go a dumalanya ka botlalo ka teng le thato ya Modimo e e senotsweng? (Pesalema 1:1-3; Jakobe 1:22-25) Fa re dira jalo, Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona, gore fela jaaka digalase tsa matlho di baakanya pono ya motho, moya o o boitshepo le one o kgone go re bontsha setshwantsho se sentle sa maikaelelo a Modimo mo matlhong a rona a mogopolo, o tokafatsa pono ya rona ya semoya.—1 Bakorintha 2:7, 9, 10.

Ee ruri, dithamalakane tsa Dikwalo di tlotlomatsa Jehofa jaaka “Mosenodi wa diphiri.” (Daniele 2:28, 29, NW) Mo godimo ga moo, gape ke Mokheleise wa dipelo. (1 Ditirafalo 28:9) Ga go a tshwanela go re gakgamatsa go itse gore go senolwa ga lesedi la Modimo la boammaaruri go ntse go dirwa kgato ka kgato. (Diane 4:18; Baroma 16:25, 26) Go na le gore re batle go itse dilo tse di boteng tsa Modimo ka masaitseweng kana ka botlhale jo bo tlhaelang jwa batho, jo bo se kitlang bo re solegela molemo a re lebeng kwa go Jehofa Modimo ka tshepo gore e nne ene a re senolelang lesedi la boammaaruri jwa ‘dipolelo tsa gagwe tse di fitlhegileng,’ a itsise batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang maikaelelo a gagwe a a itumedisang ka nako e a e beileng.—Amose 3:7; Mathaio 24:25-27.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Biblia Hebraica Stuttgartensia, Deutsche Bibelgesellschaft Stuttgart

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela