Go Anaanela “Dimpho ka Banna”
“Lo nne le tlotlo mo go ba ba dirang ka natla gareng ga lona . . . le gore lo ba neye [tlotlo e e gaisang e e tlwaelegileng] ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone.”—1 BATHESALONIKA 5:12, 13.
1. Go ya ka Ditiro 20:35, go aba go na le maatla a a kana kang? Tshwantsha.
“GO NA le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) A o ka gopola lekgetlo la bofelo fa mafoko ano a ga Jesu a ne a direga mo go wena? Gongwe e ne e le mpho e o neng wa e abela mongwe yo o mo ratang thata. O ile wa e tlhopha ka kelotlhoko ka gonne o ne o batla gore motho yono yo o mo ratang a e rate thata. Boitumelo jo o ileng wa bo bona mo sefatlhegong sa motho yono yo o mo ratang—a bo bo ile jwa go ama pelo jang ne! Fa go aba go dirwa ka maikutlo a a siameng, go supa lorato, mme go supa lorato goo go lere boitumelo.
2, 3. (a) Ke eng fa go ka twe ga go na ope yo o itumetseng go gaisa Jehofa, mme thulaganyo ya “dimpho ka banna” e ka mo itumedisa jang? (b) Ke eng se re se kitlang re batla go se dira ka mpho e e tswang mo Modimong?
2 Jalo he, go itumela mang segolo fa e se Jehofa, Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo”? (Jakobe 1:17; 1 Timotheo 1:11) Mpho nngwe le nngwe e a e abang o e aba ka go tlhotlhelediwa ke lorato. (1 Johane 4:8) Go ntse jalo segolobogolo ka mpho e Modimo ka Keresete a ileng a e abela phuthego—“dimpho ka banna.” (Baefeso 4:8) Thulaganyo ya gore go nne le bagolwane ba ba tlhokomelang letsomane ke tsela e Modimo a supang lorato lwa gagwe lo logolo ka yone. Banna bano ba tlhophiwa ka kelotlhoko—ba tshwanetse go nna le ditshwanelego tsa Dikwalo. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Ba a itse gore ba tshwanetse “go tshwara letsomane ka tlekeetso,” ka gonne seo se tla dira gore dinku di anaanele badisa ba ba ntseng jalo ba ba lorato. (Ditiro 20:29; Pesalema 100:3) Ruri Jehofa o tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona dipelo tsa dinku tsa gagwe di tletse ka kanaanelo e e ntseng jalo!—Diane 27:11.
3 Ruri ga re batle go nyenyefatsa boleng jwa mpho e re e filweng ke Modimo; e bile ga re batle go nna batho ba ba sa bontsheng kanaanelo ka mpho e e ntseng jalo. Ka gone, go tsoga dipotso tse pedi: Bagolwane ba tshwanetse go leba boikarabelo jwa bone jang mo phuthegong? Mme letsomane lotlhe le ka bontsha jang gore le anaanela “dimpho ka banna”?
‘Re Badirimmogo le Lona’
4, 5. (a) Paulo o tshwantsha phuthego le eng, mme ke eng fa seo e le setshwantsho se se tshwanetseng? (b) Setshwantsho sa ga Paulo se re bontsha jang tsela e re tshwanetseng go lebana ka yone le go tshwarana ka yone?
4 Jehofa o neile “dimpho ka banna” taolo e e rileng mo phuthegong. Ke boammaaruri gore, bagolwane ga ba batle go dirisa taolo eo ya bone ka tsela e e sa siamang mme gone ba a itse gore go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba dire jalo. Jalo he, ba tshwanetse go leba maemo a bone jang fa ba ipapisa le letsomane? Akanya ka setshwantsho se moaposetoloi Paulo a ileng a se dirisa. Morago ga gore Paulo a tlhalose lebaka la go abiwa ga “dimpho ka banna,” o ile a re: “A ka lorato re goleng mo dilong tsotlhe mo go ene yo e leng tlhogo, Keresete. Go tswa mo go ene mmele otlhe, ka go kopanngwa mmogo ka kutlwano e bile o dirwa gore o dirisane ka lelokololo lengwe le lengwe le le nayang se se tlhokwang, go ya ka go dira ga tokololo nngwe le nngwe ka go farologana ga tsone ka selekanyo se se tshwanetseng, o direla kgolo ya mmele gore o ikage mo loratong.” (Baefeso 4:15, 16) Paulo o tshwantsha phuthego, go akaretsa le bagolwane le maloko a mangwe, le mmele wa motho. Ke eng fa setshwantsho seno se tshwanela?
5 Mmele wa motho o dirilwe ka ditokololo tse dintsi tse di farologaneng mme gone o na le tlhogo e le nngwe fela. Le fa go ntse jalo, ga go na karolo epe ya mmele—le fa e le mosifa, tshikana kana tshika—e e seng botlhokwa. Tokololo nngwe le nngwe e botlhokwa e bile e na le tiro e e e dirang mo boitekanelong le mo go kgabiseng mmele otlhe. Phuthego le yone e dirilwe ka maloko a mantsi a a farologaneng, mme leloko lengwe le lengwe—basha kana batsofe, ba ba nonofileng kana ba ba bokoa—le ka nna le seabe mo go direng gore phuthego e itekanela mo semoyeng le go e kgabisa. (1 Bakorintha 12:14-26) Go se ka ga nna le ope yo o ikutlwang a se botlhokwa. Se se maswe le go feta, ope a se ka a itsaya a le mogolo go feta ba bangwe, ka gonne rotlhe—badisa le dinku—re karolo ya mmele, mme go na le tlhogo e le nngwe fela, Keresete. Ka gone, Paulo o tlhalosa tsela ya lorato, kamego le tlotlo e re tshwanetseng go tshwarana ka yone. Go lemoga seno go thusa bagolwane go nna boikokobetso le tekatekano mo maemong a bone mo phuthegong.
6. Le mororo Paulo a ne a na le taolo ya boaposetoloi, o ile a bontsha moya wa boikokobetso jang?
6 “Dimpho ka banna” ga di senke go laola botshelo kana tumelo ya badumedikabone. Le mororo Paulo a ne a na le taolo ya boaposetoloi, o ile a bolelela Bakorintha jaana ka boikokobetso: “E seng gore re beng ba tumelo ya lona, fa e se gore re badirimmogo gore lo ipele, gonne ke ka tumelo ya lona go bo lo eme.” (2 Bakorintha 1:24) Paulo o ne a sa senke go laola tumelo le tsela ya botshelo ya bakaulengwe ba gagwe. Ruri o ne a sa bone go tlhokega go dira jalo ka gonne o ne a tshepa gore e ne e setse e le banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba le mo phuthegong ya ga Jehofa ka go bo ba batla go dira se se siameng. Ke gone, fa Paulo a bua ka ene le mopati wa gagwe e bong Timotheo, tota o ne a re: ‘Ke tiro ya rona go dira mmogo le lona mo go direleng Modimo ka boipelo.’ (2 Bakorintha 1:1) A moya wa boikokobetso ruri!
7. Bagolwane ba ba boikokobetso ba lemoga eng malebana le boikarabelo jwa bone mo phuthegong, mme ke tshepo efe e ba nang le yone ka badirimmogo le bone?
7 Go ntse jalo le ka “dimpho ka banna” gompieno. Ke ‘badirimmogo gore re ipele.’ Bagolwane ba ba boikokobetso ba a itse gore ga se ga bone go direla ba bangwe tshwetso ya gore ba dire go le kana kang mo tirelong ya Modimo. Ba a itse gore fa ba ntse ba kgothaletsa ba bangwe go oketsa kana go tokafatsa bodiredi jwa bone, tirelo ya bone go Modimo e tshwanetse go dirwa ka pelo e e ratang. (Bapisa 2 Bakorintha 9:7.) Ba tshepa gore fa badirimmogo le bone ba itumetse ba tla dira sotlhe se ba ka se kgonang. Ka gone ba na le keletso e kgolo ya go thusa bakaulengwe ba bone go ‘direla Jehofa ka boipelo.’—Pesalema 100:2.
Go Thusa Botlhe go Direla ka Boipelo
8. Ke ditsela dife tse dingwe tse ka tsone bagolwane ba ka thusang bakaulengwe ba bone go direla Jehofa ka boipelo?
8 Bagolwane, lo ka thusa bakaulengwe ba lona jang gore ba direle ka boipelo? Lo ka ba kgothatsa ka go nna sekao. (1 Petere 5:3) Bontshang tlhoafalo le boipelo mo bodireding jwa lona mme ba bangwe ba tla tlhotlheletsega go etsa sekao sa lona. Akgolelang ba bangwe maiteko a ba a dirang ka moya otlhe. (Baefeso 4:29) Go akgola ba bangwe ka lorato le go tswa pelong go ba thusa go ikutlwa ba le botlhokwa e bile ba ratiwa. Go kgothatsa dinku gore di batle go dira ka bojotlhe mo go direleng Modimo. Tila go bapisa batho ka tsela e e sa siamang. (Bagalatia 6:4) Go bapisa batho jalo go kgoba marapo go na le gore go ba kgothaletse go tokafatsa. Kwantle ga moo, dinku tsa ga Jehofa ga di tshwane—di farologana ka maemo le bokgoni. Jaaka Paulo, bontsha gore o tshepa bakaulengwe ba gago. Lorato lo “dumela dilo tsotlhe,” ka jalo re dira sentle fa re dumela gore bakaulengwe ba rona ba rata Modimo e bile ba batla go mo itumedisa. (1 Bakorintha 13:7) Fa o bontsha go ‘tlotla ba bangwe,’ o dira gore ba dire ka bojotlhe. (Baroma 12:10) Tlhomamisega gore fa dinku di kgothadiwa le go namediwa, bontsi jwa tsone di tla dira sotlhe se di ka se kgonang mo tirelong ya Modimo mme seno se tla dira gore di itumele mo tirelong.—Mathaio 11:28-30.
9. Ke pono efe e mogolwane a tshwanetseng go nna le yone ka bagolwanekaene e e ka mo thusang go direla ka boipelo?
9 Go nna boikokobetso o itsaya o le ‘modirimmogo’ fela le bone go tla go thusa go direla ka boipelo le go anaanela dimpho tse di kgethegileng tsa bagolwanekawena. Mogolwane mongwe le mongwe o na le ditalenta le dikgono tsa gagwe tse a ka di dirisang go solegela phuthego molemo. (1 Petere 4:10) Yo mongwe a ka tswa a na le neo ya go ruta. Yo mongwe a ka tswa a na le botswerere jwa go dira dilo ka thulaganyo. Yo mongwe ene a ka tswa a atamelesega motlhofo ka go bo a le lorato thata le botsalano. Boammaaruri ke gore, ga go na mogolwane ope yo o nang le neo nngwe le nngwe ka tsela e e lekanang. A go nna le neo nngwe—ka sekai, neo ya go ruta—go dira gore mogolwane yo mongwe a nne mogolo mo go yo mongwe? Legoka! (1 Bakorintha 4:7) Kafa letlhakoreng le lengwe, ga go tlhokege gore o fufegele neo e yo mongwe a nang le yone kana go ikutlwa o se motho wa sepe fa bokgoni jwa mogolwane yo mongwe bo dira gore ba bangwe ba mo akgole. Gakologelwa, le wena o na le dineo tse Jehofa a di lemogang mo go wena. A ka go thusa go godisa dineo tseo le gore o di dirise go solegela bakaulengwe ba gago molemo.— Bafilipi 4:13.
‘Nna Kutlo O bo O Ikobe’
10. Ke eng fa go le molemo gore re bontshe go anaanela “dimpho ka banna”?
10 Fa o newa mpho, go molemo gore o e anaanele. Bakolosa 3:15 ya re: “Itshupeng lo na le tebogo.” Mme go tweng ka “dimpho ka banna,” dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse Jehofa a re fileng tsone? Ke boammaaruri gore, segolobogolo re leboga Jehofa yo e leng ene Moneimpho yo o pelotshweu. Mme gone, go tweng ka “dimpho ka banna” ka botsone? Re ka bontsha jang gore re a ba anaanela?
11. (a) Re ka bontsha jang gore re anaanela “dimpho ka banna”? (b) Mafoko “utlwang” le “lo ikobe” a kaya eng?
11 Re ka bontsha go anaanela “dimpho ka banna” ka go nna bonako go sekegela tsebe kgakololo ya bone e e theilweng mo Baebeleng. Baebele e re kgothatsa jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele gareng ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba tle ba dire seno ka boipelo mme e seng ka go ubuga, gonne seno se ka lo gobatsa.” (Bahebera 13:17) Ela tlhoko gore ga e re re nne ‘kutlo’ fela, mme gape ya re re “ikobe” mo go ba ba re eteletseng pele. Lefoko la Segerika la “ikobe” totatota le kaya “go obegela kafa tlase ga.” Fa mokanoki wa Baebele e bong R. C. H. Lenski a bua ka mafoko “kutlo” le “go ikoba,” a re: “Motho o nna kutlo fa a dumalana le se a laelwang go se dira, a dumela gore se siame le gore se molemo; motho o obega . . . fa a na le kgopolo e e farologaneng.” Fa re tlhaloganya e bile re dumalana le kaelo ya ba ba eteletseng pele, boikobo bo tla itlela fela. Mme go tweng fa e le gore ga re tlhaloganye lebaka la go bo go dirilwe tshwetso e e rileng?
12. Ke eng fa re tshwanetse go ikoba kana go obega fa re sa tlhaloganye ka botlalo lebaka la go bo go tserwe tshwetso e e rileng?
12 Ke mo kgannyeng eno re ka tlhokang go ikoba kana go obega. Ka ntlha yang? Ka gonne re tshwanetse go tshepa gore banna bano ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba re ratela dilo tse di molemo. Kana e bile, ba itse sentle gore ba tshwanetse go ikarabela mo go Jehofa malebana le dinku tse a ba di fileng gore ba di tlhokomele. (Jakobe 3:1) Mo godimo ga moo, go molemo go gakologelwa gore re ka tswa re sa itse dintlha tsotlhe tsa sephiri tse di dirileng gore ba dire tshwetso e ba e dirileng.—Diane 18:13.
13. Ke eng se se ka re thusang go nna boikobo malebana le ditshwetso tsa bagolwane tsa boatlhodi?
13 Go tweng ka go ikoba malebana le ditshwetso tsa boatlhodi? Ke boammaaruri gore seno se ka nna sa se ka sa nna motlhofo, segolobogolo fa go dirilwe tshwetso ya go kgaola motho yo re mo ratang—wa losika kana tsala e kgolo. Le mo kgannyeng eno go molemo go amogela tsela e “dimpho ka banna” ba atlhotseng kgang ka yone. Ba mo boemong jo bo molemo go ka atlhola kgang sentle go re gaisa, e bile ba ka tswa ba itse dintlha tse dintsi tse re sa di itseng. Gantsi bakaulengwe bano ba nna ba tlhorwa ke ditshwetso tse di ntseng jalo; ‘go atlholela Jehofa’ ke boikarabelo jo bo masisi. (2 Ditirafalo 19:6) Ba leka ka bojotlhe go nna kutlwelobotlhoko, ka gonne ba a itse gore Modimo “o iketleeditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Mme gape ba tshwanetse go boloka phuthego e le phepa, ka gone Baebele e laela gore ba kgaole baleofi ba ba sa ikwatlhaeng. (1 Bakorintha 5:11-13) Gantsi modiraphoso o a bo a amogetse tshwetso e e tserweng. Kotlhao eo e ka tswa e le sone selo se a se tlhokang gore a itharabologelwe. Fa rona, ba re mo ratang, re ikobela tshwetso e e tserweng, re ka tswa re mo thusa go solegelwa molemo ke kotlhao eo.—Bahebera 12:11.
‘Ba Neye Tlotlo e e Gaisang e e Tlwaelegileng’
14, 15. (a) Go ya ka 1 Bathesalonika 5:12, 13, ke eng fa re tshwanetse go tlotla bagolwane? (b) Ke eng fa go ka twe bagolwane ba ‘re direla ka natla’?
14 Gape re ka bontsha tsela e re anaanelang “dimpho ka banna” ka yone ka go ba tlotla. Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya Bathesalonika, o ile a gakolola maloko a yone jaana: “Jaanong re a lo lopa, bakaulengwe, gore lo nne le tlotlo mo go ba ba dirang ka natla gareng ga lona ba bile ba lo okametse mo Moreneng le go lo tsibosa; le gore lo ba neye [tlotlo e e gaisang e e tlwaelegileng] ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone.” (1 Bathesalonika 5:12, 13) “Ba ba dirang ka natla”—a ga se kafa bagolwane ba ba ineetseng ba ba re intshetsang setlhabelo ba leng ka teng? A re re go sekae re akanye ka boikarabelo jo bo boima jo bakaulengwe bano ba re ba ratang ba bo sikereng.
15 Bontsi jwa bone ke banna ba malapa ba ba tshwanelwang ke go bereka gore ba tlamele malapa a bone. (1 Timotheo 5:8) Fa mogolwane a na le bana, bana bao ba tlhoka gore rraabone a iphe nako le bone le go ba tsaya tsia. A ka tswa a tshwanelwa ke go ba thusa ka tiro ya bone ya sekolo le go dira dithulaganyo tsa gore ba dirise matlhagatlhaga a bone a bosha mo boitapolosong jo bo siameng. (Moreri 3:1, 4) Se se botlhokwa le go feta, o tlamela lelapa la gagwe ka dilo tsa semoya, a tshwara thuto ya lelapa ya Baebele, a bereka le lone mo tirelong ya tshimo le go ya le bone kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Duteronome 6:4-7; Baefeso 6:4) A re se lebale gore, mo godimo ga maikarabelo ano a a tshwanang le a bontsi jwa rona, bagolwane ba na le ditiro tse dingwe gape: go baakanyetsa dipuo tsa dipokano, go dira maeto a bodisa, go tlhokomela bomoya jwa phuthego le go lebana le dikgang tsa boatlhodi fa go tlhokega. Bangwe ba bone ba sikere maikarabelo a mantsinyana a a malebana le dikopano tsa potologo, dikopano tsa kgaolo, go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi le Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo. Ruri bakaulengwe bano ba ‘dira ka natla’!
16. Tlhalosa ditsela tse ka tsone re ka bontshang gore re tlotla bagolwane.
16 Re ka bontsha jang gore re a ba tlotla? Seane sa Baebele sa re: “Lefoko, fa le buiwa mo lobakeng lo e leng lone, le molemo jang!” (Diane 15:23; 25:11) Ka gone, go ba bolelela fa re ba anaanela le go ba kgothatsa go ka bontsha gore ga re tlhaetse tiro ya bone e e boima matlho. Mme gape, re tshwanetse go bontsha go ba akanyetsa malebana le dilo tse re di lebeletseng mo go bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go kopa thuso ya bone re gololesegile. Go ka nna ga tlhaga dinako tse mo go tsone ‘pelo ya rona e tlhokofaditsweng thata’ mme re tlhoka kgothatso ya Dikwalo, kaelo kana kgakololo ya ba ba ‘tshwanelegang go ruta’ Lefoko la Modimo. (Pesalema 55:4; 1 Timotheo 3:2) Le fa go ntse jalo, re se lebale gore mogolwane o na le nako e e lekanyeditsweng fela e a ka re neelang yone, ka gonne a ka se tlhokomologe dilo tse lelapa la gagwe le di tlhokang kana phuthego. Fa e le gore re “utlwela” bakaulengwe bano ba ba dirang ka natla botlhoko, re ka se ba batle dilo tse di sa bontsheng go ba akanyetsa. (1 Petere 3:8) Go na le moo, a re bontsheng go anaanela nakonyana epe fela le tlhokomelo tse ba kgonang go re naya tsone.—Bafilipi 4:5.
17, 18. Basadi ba bagolwane ba intsha setlhabelo jang, mme re ka bontsha jang gore ga re tlhaetse bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang matlho?
17 Go tweng ka basadi ba bagolwane? A le bone ga ba tlhoke gore re ba akanyetse? Kana e bile, ba abela phuthego banna ba bone. Gantsi seno se ba tlhoka gore ba intshe setlhabelo. Gangwe le gape bagolwane ba tshwanelwa ke go dirisa dinako tsa maitseboa ba bereka dilo tsa phuthego mo boemong jwa go ka nna le ba malapa a bone. Mo diphuthegong tse dintsi basadi bano ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba iketleeletsa go intsha setlhabelo jalo e le gore banna ba bone ba ka tlhokomela dinku tsa ga Jehofa.—Bapisa 2 Bakorintha 12:15.
18 Re ka bontsha jang gore ga re tlhaetse bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang ba Bakeresete matlho? Ka go se batle banna ba bone dilo tse dintsi ka tsela e e sa akanyetseng. Mme gape, a re se lebale se mafoko a a motlhofo fela a kanaanelo a ka se dirang. Diane 16:24 ya re: “Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.” Akanya ka tiragalo eno. Morago ga pokano nngwe ya Bokeresete, banyalani bangwe ba atamela mogolwane mme ba kopa go bua le ene kaga morwa wa bone wa dingwaga tsa bolesome. Fa mogolwane a ntse a bua le banyalani bano, mosadi wa gagwe o mo letile ka bopelotelele. Morago ga foo, mmaagwe mosimane o atamela mosadi wa mogolwane a bo a re: “Ke rata go go lebogela nako e monna wa gago a re fileng yone go thusa lelapa la me.” Ruri mafoko ao a a monate a kanaanelo a ile a ama pelo ya mosadi yono wa mogolwane.
19. (a) Setlhopha sotlhe sa bagolwane se dira maikarabelo afe ka boikanyegi? (b) Rotlhe re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng?
19 Thulaganyo ya gore go nne le bagolwane ba ba tlhokomelang dinku ke nngwe ya ‘dimpho tse di molemo’ tse di tswang mo go Jehofa. (Jakobe 1:17) Nnyaa, banna bano ga ba a itekanela; ba dira diphoso fela jaaka rona rotlhe. (1 Dikgosi 8:46) Le fa go ntse jalo, setlhopha sotlhe sa bagolwane ba diphuthego tsa lefatshe lotlhe, se diragatsa maikarabelo a Jehofa a se neileng one ka boikanyegi—e leng, go lolamisa, go aga, go kitlanya le go sireletsa letsomane. E kete mogolwane mongwe le mongwe a ka ikemisetsa go tswelela pele a tlhokometse dinku tsa ga Jehofa ka lorato, ka go dira jalo a itshupa e le mpho kana lesego mo bakaulengweng ba gagwe. Mme a rotlhe re ititeye sehuba go bontsha fa re anaanela “dimpho ka banna” ka go nna kutlo le boikokobetso mo go bone le ka go bontsha fa re ba tlotla ka ntlha ya tiro ya bone e e boima. A bo re leboga Jehofa jang ne go bo ka lorato a re neile banna ba tota ba rayang letsomane ba re: ‘Ke boikarabelo jwa rona go lo thusa go direla Modimo ka boipelo’!
O ka Araba Jang?
◻ Ke eng fa phuthego e ka tshwantshiwa le mmele?
◻ Bagolwane ba ka thusa bakaulengwe ba bone jang go direla Jehofa ka boipelo?
◻ Ke eng fa re sa tshwanela go nna kutlo fela mo bagolwaneng mme gape re tshwanetse go ba ikokobeletsa?
◻ Re ka bontsha go tlotla bagolwane ka ditsela dife?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Bagolwane, akgolelang ba bangwe maiteko a ba a dirang ka moya otlhe
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Bagolwane ba ka thusa ba malapa a bone le batho ba bangwe go direla ka boipelo ka sekao sa bone sa go tlhagafala mo bodireding
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Re anaanela bagolwane ba rona ba ba dirang ka natla!