LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 6/1 ts. 8
  • O Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Lebogela Tshegetso ya ga Jehofa ya Ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
  • “Jehofa, o Mpatlile Wa bo Wa Mpona!”
    Tsogang!—2004
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 6/1 ts. 8

Pego ya Baboledi ba Bogosi

O Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”

MAFOKO a a fa godimo, a a fitlhelwang mo go Mathaio 19:26, a ne a nna jalo ka lekgarebe lengwe la kwa Venezuela. Fa le sena go ithuta go ikanya Jehofa ka botlalo, le ne la kgona go fenya bothata bongwe jo bo masisi. O bolela jaana:

“Mmemogolo o ne a le pelonomi e bile a le lorato. Ka maswabi, o ne a swa ke na le dingwaga di le 16 fela. Loso lwa gagwe lo ne lwa nteretse masetlapelo a magolo. Ke ne ka tshwenyega mo tlhaloganyong, tota e bile ke ne ke sa batle go tswa mo ntlong gore ke tsamaye fela mo jarateng. Ke ne ka itomolola mo bathong ba bangwe.

“Ke ne ke sa tsene sekolo, e bile ke sa bereke. Ke ne ke nna fela mo phaposing ya me. Ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong ka gonne ke ne ke jewa ke bodutu e bile ke se na ditsala. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe mme ke batla go swa le go ipolaya. Ke ne ke aga ke ipotsa go re, ‘Ke tshelela eng?’

“Mmè o ne a tle a neelwe dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ke Mosupi mongwe yo mosha yo o bidiwang Gisela. Ka letsatsi lengwe mmè o ne a bona Gisela a feta gaufi le kwa gae mme a mo kopa gore a nthuse. Gisela o ne a dumela go leka go nthusa, mme ke ne ke gana go bua le ene. Seno ga se a ka sa kgoba Gisela marapo. O ne a nkwalela lekwalo a mpolelela gore o batla go nna tsala ya me le gore mongwe yo o botlhokwa thata go mo gaisa le ene o batla go nna tsala ya me. O ne a re motho yoo ke Jehofa Modimo.

“Seno se ne sa nkama, mme ke ne ka fetola lekwalo la gagwe. Re ne ra kwalelana ka dikgwedi tse tharo. Morago ga gore Gisela a ntlhotlheletse le go nthotloetsa, ke gone ke neng ka ipeta pelo go kopana le ene. Fa re sena go kopana lekgetlho la ntlha, Gisela o ne a nthuta Baebele, a dirisa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Morago ga thuto, o ne a nkopa gore ke nne gone kwa pokanong nngwe kwa Holong ya bone ya Bogosi. Ke ne ka gakgamala. Ke ne ke feditse dingwaga di le nnè ke sa tswe mo ntlong, mme ke ne ka tshoga fa ke akanya ka go tsamaya mo seterateng.

“Gisela o ne a le pelotelele. O ne a ntlhomamisetsa gore ke se ka ka boifa sepe le gore o tla tsamaya le nna go ya kwa dipokanong. Kgabagare ke ne ka dumela. Fa re fitlha kwa Holong ya Bogosi, ke ne ka simolola go roroma le go fufulelwa. Ke ne ke sa kgone go dumedisa ope. Le fa go ntse jalo, ke ne ka dumela gore ke tla tswelela pele ke nna gone kwa dipokanong, mme Gisela o ne a tlhola a nketela beke nngwe le nngwe.

“Gisela o ne a tsamaya le nna go ya kwa dipokanong go sa ntse go na le nako e le gore ke se ka ka tshoga thata. Re ne re ema gaufi le kgoro mme re dumedisa mongwe le mongwe yo o tsenang. Ka go dira jalo ke ne ke kgona go dumedisa motho a le mongwe fela kana ba le babedi ka nako e le nngwe, e seng setlhopha sotlhe ka nako e le nngwe. Fa ke ne ke akanya gore nka se kgone, Gisela o ne a umaka Mathaio 19:26: ‘Mo bathong seno ga se kgonege, mme mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.’

“Le mororo go ne go se motlhofo, kgabagare ke ne ka kgona go nna gone kwa kokoanong e kgolo ya batho kwa kopanong ya potologo. A bo e ne e le kgato e kgolo jang ne e ke neng ka e tsaya! Ka September 1995, ke ne ka ipeta pelo go bolelela bagolwane gore ke batla go tsenela bodiredi jwa ntlo le ntlo. Dikgwedi di le thataro moragonyana, ka April, 1996, ke ne ka bontsha boineelo jwa me go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.

“Fa mongwe bosheng jaana a ne a mpotsa gore ke ile ka tsaya kae bopelokgale jwa go dira seno, ke ne ka araba jaana: ‘Keletso ya me ya go batla go itumedisa Jehofa e feta poifo ya me.’ Le mororo ka dinako tse dingwe ke sa ntse ke tlhaselwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong, boitumelo jwa me bo okeditswe ke gore ke mmulatsela wa ka metlha. Fa ke leba kwa morago, ke dumalana le Gisela. Jaanong ke na le Tsala e e nkgatlhegelang le e e ‘nnayang maatla.’”—Bafilipi 4:13.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

“Keletso ya me ya go batla go itumedisa Jehofa e feta poifo ya me”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela