LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/1 ts. 26-27
  • Naga ya Bavenda e e Ungwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Naga ya Bavenda e e Ungwang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Puo e e Thata
  • Maungo a Semoya
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/1 ts. 26-27

Naga ya Bavenda e e Ungwang

MO DINGWAGENG tse di lesome tse di fetileng, nna le mosadi wa me re ntse re le bareri ba nako e e tletseng mo bathong ba kwa Venda. Bavenda ba agile ka fa borwa jwa Noka ya Limpopo mo bokone jwa Afrika Borwa, mme setšhaba sa bone se bopilwe ka merafe e le mentsi e e neng ya kgabaganya noka ya Limpopo mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng. Bavenda bangwe ba bolela gore bagologolo ba bone ba ne ba thibelela fano dingwaga tse di fetang 1 000 tse di fetileng.

Eleruri, kgaolo eno e kile ya bo e le karolo ya setso sa bogologolo se se bidiwang Bogosi jwa Mapungubwe. E ne e le motse wa ntlha o mogolo wa setoropo wa Afrika Borwa, mme o ne o laola mokgatšha o mogolo wa Noka ya Limpopo, go tloga ka fa bophirima jwa Botswana go ya ka fa botlhaba jwa Mozambique. Go tloga mo e ka nnang ka 900 C.E. go ya go 1100 C.E., Mapungubwe e ne e thusa babapatsi ba Maarabea ka dinaka tsa ditlou, dinaka tsa ditshukudu, matlalo a diphologolo, kopore, tota le gouta. Mo thotaneng e go neng go fitlhwa dikgosi gone, e e bidiwang Mapungubwe, go ne ga epololwa dilo tse di neng di betlilwe ka botswerere e bile di kgabisitswe ka gouta. E ne e le dingwe “tsa dilo tsa ntlhantlha tse di neng di supa go epiwa ga gouta mo borwa jwa Afrika,” go bolela jalo saetlopedia nngwe.

Ga go tlhole go na le meepo ya gouta fano. Gompieno, naga ya Venda e itsiwe ka maungo a yone. Ka fa borwa jwa Dithaba tsa Soutpansberg go na le mokgatšha o o nonneng, koo go melang ntletsentletse ya maungo a a jaaka di-avocado, dipanana, dimenku le di-guava. Kwantle ga manoko a a jaaka a pecan le macadamia, gape go na le merogo e mentsi e e farologaneng. E akaretsa muroho wa naga, o o nang le tatso e e tshwanang le ya sepinatšhe mme batho ba lefelo leno ba o rata fela thata.

Bavenda ke setšhaba se se ratang kagiso e bile se rata go amogela baeng. Go tlwaelegile gore tlhogo ya lelapa e kope gore moeng yo o tlileng a sa lebelelwa a apeelwe koko. E tla bo e jewa ka vhuswa, sejo se se jewang thata mono, se se dirilweng ka mmidi. Morago ga ketelo, tlhogo ya lelapa e tla bo e buledisa moeng sekgala se sekhutshwane. Eno ke tsela e e tlwaelegileng ya go tlotla moeng. Bana ba rutwa go dumedisa baeng ka maitseo ka go obama le go reledisa seatla mo godimo ga se sengwe. Mo tsebeng eno o bona basadi ba babedi ba Bavenda ba dumedisana ka tsela eno e ba e tlwaetseng.

Puo e e Thata

Makgoa ga a kgone go ithuta Sevenda motlhofo. Bothata jo bongwe ke gore mafoko a le mantsi a peletwa ka tsela e e tshwanang mme a bitswa ka tsela e e farologaneng. Ka letsatsi lengwe fa ke ne ke neela puo ya Baebele mo phuthegong ya Sevenda ya Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke leka go kgothaletsa bareetsi go bua le motho mongwe le mongwe. Motho mongwe mo bareetsing o ne a swa ka ditshego ka gonne ke rile ba bue le “monwana mongwe le mongwe” mo boemong jwa gore le “motho mongwe le mongwe.”

Fa ke ne ke leka go bua Sevenda mo tirong ya go neela bosupi phatlalatsa, mosadi mongwe wa Movenda o ne a araba jaana: “Ga ke itse Seesemane.” Ke ne ke akanya gore ke buile Sevenda se se utlwalang, kante o ne a akanya gore ke bua Seesemane! Ka nako nngwe fa ke ne ke tsena mo ntlong nngwe, ke ne ka kopa ngwana gore a bitse tlhogo ya lelapa. Lefoko la Sevenda le le bolelang tlhogo ya lelapa ke thoʹho. Ka phoso, ke ile ka re thohoʹ, mo e leng gore ke ne ka kopa go bua le tshwene ya ntlo! Diphoso tse di tshwanang le tseno di ne di nkgoba marapo, mme ka go itshoka nna le mosadi wa me jaanong re setse re kgona go bua Sevenda botoka.

Maungo a Semoya

Naga ya Venda e itshupa e ungwa mo semoyeng. Mo dingwageng tsa bo1950, go ne ga tlhomiwa phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya bafaladi ba ba neng ba tswa kwa dinageng tse di mabapi ba ba neng ba tlile go bereka mo moepong wa kopore kwa toropong ya Messina. Tiro ya bone e ba neng ba e dira ba tlhoafetse e ne ya dira gore Bavenda ba le bantsi ba ithute boammaaruri jwa Baebele. Dingwaga di le lesome morago ga moo setlhopha sa Basupi ba kwa Venda se ne se tshwarela dipokano mo legaeng fela la motho mo toropong ya Sibasa.

Go akofisa koketsego eno, lekala la Afrika Borwa la Mokgatlho wa Watch Tower le ne la romela bareri ba nako e e tletseng kwa tshimong eno e e ungwang thata. Go ise go ye kae setlhopha seno sa kwa Sibasa se ne sa gola go nna phuthego e kgolo. Ka nako eo dipokano tsa Bokeresete di ne di tshwarelwa mo phaposing ya sekolo. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ba mo karolong ya Pietersburg, e e ka nnang dikilometara di le 160 ka fa borwa, ba ne ba thusa mo kagong ya Holo ya Bogosi kwa Thohoyandou, toropo e e gaufi le yone.

Palo ya batho ba ba buang Sevenda ba ba ka fa bokone jwa Afrika Borwa e feta 500 000. Fa tiro ya go rera ka Bogosi e ne e simologa kwano mo dingwageng tsa bo1950 go ne go se na Basupi mo Venda. Jaanong ba setse ba feta 150. Mme go sa ntse go na le dikarolo di le dintsi tse di iseng di rerelwe mme go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa. Ka 1989 re ne ra simolola go etela motsana mongwe wa Venda o o bidiwang Hamutsha. Ka nako eo go ne go na le Mosupi a le mongwe fela yo o neng a nna koo. Jaanong go setse go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 40 ba ba nnang mo motsaneng oo. Re tla tloga re fetsa Holo ya rona ya Bogosi, re ile ra thusiwa gape ke Basupi ba ba tswang kwa diphuthegong tsa Pietersburg le meneelo ya bakaulengwe ba dinaga tse di humileng.

Re nna mo kharabeneng mo polaseng. Ka gore re se ka ra raraanya botshelo jwa rona, re na le nako e ntsi ya go fitlhelela batho ba mono ka dikgang tse di molemo. (Mareko 13:10) Ka ntlha ya seo, re segofaditswe fela thata ka tshiamelo ya go thusa batho ba le bantsi gore ba neele Jehofa Modimo matshelo a bone. Sekai sengwe ke sa monna yo o bidiwang Michael, yo o neng a bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradise kwa ntlong ya tsala ya gagwe.a O ne a simolola go e bala mme ka bonako fela a lemoga gore ke boammaaruri. Ka jalo o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower gore o mo romelele dibuka tse dingwe tsa Baebele. Michael o ne a tlhalosa mo lekwalong la gagwe gore o kolobeditswe bosheng jaana gore e nne leloko la kereke ya Aposetola ya mo lefelong leo. O ne a tswelela pele jaana: “Ke lemogile gore ke mo tseleng e e sa iseng Bogosing jwa Modimo. Ke dirile tshwetso ya gore ke nne mongwe wa maloko a lona, mme ga ke itse gore nka dira seo jang.” O ne a kwala aterese ya gagwe mme a kopa gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a mo etele gore a tle a mo thuse. Ke ne ka kgona go bona mo Michael a nna teng mme ra simolola thuto ya legae ya Baebele le ene. Gompieno, ke Mosupi yo o kolobeditsweng mme o direla Jehofa ka boikanyegi.

Ka December 1997, re ne ra nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo” e e neng e tshwaretswe kwa setadiamong sa metshameko kwa Thohoyandou. Ba ba neng ba le gone ba ne ba le 634, mme go ne ga kolobediwa ba le 12 ba ba neng ba sa tswa go kopanela. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go neela dipuo tse pedi ka Sevenda. Ruri e ne e le tiragalo e e botlhokwa thata mo dingwageng tse di itumedisang tse di lesome tse re di ntseng mo nageng eno e e ungwang!—E neetswe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela