Go Feta Dingwaga Tse 40 re Thibetswe ke Bakomonise
JAAKA GO BOLETSE MIKHAIL VASILEVICH SAVITSKII
Tora ya Tebelo ya April 1, 1956 (ya Seesemane) e ne ya bega gore “setlhopha se segolo” sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa fudusiwa ka April 1, 7, le 8, ka 1951. Tora ya Tebelo e ne ya re: “Ano ke malatsi a basupi ba ga Jehofa ba Russia ba sa a lebaleng. Mo malatsing ano a mararo basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba neng ba fitlhelwa kwa Ukraine Bophirima, White Russia [Belarus], Bessarabia, Moldavia, Latvia, Lithuania le Estonia—banna le basadi ba ba fetang dikete tse supa . . . ba ne ba olelwa ka dikolotsana, ba isiwa kwa diteisheneng tsa terena mme fa ba fitlha teng ba bo ba tsenngwa mo dikoloing tsa dikgomo ba ya go latlhelwa kgakala.”
KA April 8, 1951, mosadi wa me, morwaake wa dikgwedi tse robedi, batsadi ba me, nnake le Basupi ba bangwe ba bantsi ba ne ba tsewa mo magaeng a bone mo Ternopol’, kwa Ukraine le mo tikologong ya yone. Morago ga go tsenngwa mo dikoloing tsa dikgomo ba ne ba tsaya mosepele wa dibeke tse pedi. Kgabagare ba ne ba fitlha ba tshololelwa mo (sekgweng se se bongola sa) Siberia kwa bophirima jwa Letsha la Baikal.
Ke eng fa ke ne ke seo mo setlhopheng seno? Pele ga ke go bolelela gore ke ne ke le kae ka nako eo le gore go ile ga direga eng ka rona rotlhe morago ga foo, mma ke go lotlegele gore go tlile jang gore ke nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Boammaaruri Jwa Baebele bo Fitlha Kwa go Rona
Ka September 1947, ke le dingwaga tse 15, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba etela kwa gae mo motsaneng o monnye wa Slaviatin, o o dikilometara di ka nna 50 go tswa kwa Ternopol’. Fa nna le Mmè re ntse re dutse re reeditse basha bao—yo mongwe wa bone e neng e le Maria—ke ne ka lemoga gore jono e ne e se bodumedi fela bo sele. Ba ne ba tlhalosa dilo tse ba di dumelang le go araba dipotso tsa rona tsa Baebele ka tsela e e tlhatswang pelo.
Ke ne ke dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo, mme gone ke ne ke kgobiwa marapo ke kereke. Rremogolo o ne a tle a re: “Baruti ba tshosa batho ka go ba bolelela ka go tlhokofadiwa mo molelong wa dihele ntswa bone ba sa di tshabe. Ba nnetse go thukhutha bahumanegi le go ba tsietsa fela.” Ke sa ntse ke gopola go tlhaselwa le go fisiwa ga matlo a Ba-Poland mo motseng wa rona mo masimologong a Ntwa ya Lefatshe II. Selo se se garolang pelo ke gore, ditlhaselo tseno di ne di rulaganngwa ke baruti ba kereke ya Katoliki ya Greece. Morago ga go bona bontsi jwa batho bano ba ba bolailweng, ke ne ka tlhoafalela go itse lebaka la bosetlhogo jo bo kalo.
Fa ke ntse ke ithuta Baebele le Basupi, ke ne ka simolola go tlhaloganya. Ke ne ka ithuta boammaaruri jwa motheo jwa Baebele, go akaretsa le gore ga go na dihele tsa molelo le gore Satane Diabolo o dirisa bodumedi jwa maaka go tlhotlheletsa dintwa le tshololo ya madi. Gangwe le gape ka nako ya fa ke ithuta ka namana ke ne ke tle ke kgwe moya mme ke rapele ke tlhoafetse, ke lebogela Jehofa se ke ithutang sone. Ke ne ka simolola go tlotlela nnake e bong Stakh boammaaruri jono jwa Baebele mme ke ne ka itumela thata fa a ne a bo amogela.
Go Dirisa Se ke Se Ithutang
Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go fetoga mme ka yone nako eo ka tlogela go goga. Gape ke ne ka lemoga botlhokwa jwa go kopana le ba bangwe ka metlha go tla go ithuta Baebele. Ke ne ke dira jalo ka go tsamaya mo sekgweng mo e ka nnang sekgala sa dikilometara tse di lesome go ya kwa lefelong le re neng re kopanela kwa go lone mo sephiring. Ka dinako tse dingwe go ne go tla basadi ba sekae fela mo pokanong eno, mme le mororo ke ne ke ise ke kolobediwe, ke ne ke kopiwa go tshwara pokano.
Go fitlhelwa o na le dikgatiso tsa Baebele go ne go ka go tsenya mo kotsing, mme fa o ne o ka tshwarwa o na le tsone o ne o newa katlholo ya go nna mo kgolegelong dingwaga di ka nna 25. Le fa go ntse jalo, ke ne ke eletsa go nna le laeborari ya me. Mongwe wa baagelani ba rona o ne a kile a ithuta le Basupi ba ga Jehofa, le fa go ntse jalo o ne a tlogela ka ntlha ya poifo, mme a epela dibuka tsa gagwe mo tshingwaneng. A bo ke ile ka leboga Jehofa thata jang ne fa monna yono a ne a epolola dibuka tsa gagwe tsotlhe le dimakasine mme a mpha tsone! Ke ne ka di fitlha mo segotlong sa dinotshi sa ga Rre, koo go neng go se ope yo o neng a ka tla go di senka gone.
Ka July 1949, ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa mme ka bontsha boineelo jwa me ka go kolobediwa. E ne e le letsatsi le le itumedisang go gaisa otlhe. Mosupi yo o neng a re kolobetsa mo sephiring o ne a gatelela gore go nna Mokeresete wa boammaaruri ga go motlhofo le gore re letetswe ke diteko di le dintsi. Go ise go ye kae ke ne ka bona gore o ne a bua boammaaruri! Le fa go ntse jalo, botshelo jwa me jwa go nna Mosupi yo o kolobeditsweng bo ne jwa simolola bo le monate. Dikgwedi di le pedi morago ga go kolobediwa ke ne ka nyala Maria, mongwe wa bobedi jo bo neng jwa re itsise boammaaruri la ntlha nna le Mmè.
Teko ya Ntlha e Tla ka Tshoganyetso
Ka April 16, 1950 ke ne ke boela gae ke tswa kwa torotswaneng ya Podgaitsi fa masole a ntshoganyetsa mme a fitlhela ke tshotse dikgatiso dingwe tsa Baebele tse ke neng ke ya ka tsone kwa setlhopheng se re neng re ithuta le sone. Ke ne ka tshwarwa. Mo malatsing a ntlha a sekae ke tshwerwe, ke ne ka itewa ka thobane mme ke sa letlelelwe go ja kana go robala. Gape ke ne ka laelwa go inama ke inamologa ka makgetlo a le lekgolo matsogo a le mo tlhogong, mme ka ntlha ya go lapa ke ne ka se ka ka kgona go fetsa. Morago ga foo ke ne ka latlhelwa mo phaposing ya kafa tlase ga lefatshe e e tsididi le e e bongola ka diura tse 24.
Ba ne ba ntshotla jalo gore ke tle ke koafale mme go nne motlhofo go anya tshedimosetso mo go nna. Ba ne ba mpotsa jaana: “Lo tsaya kae dibuka, mme o ne o di isa kae?” Ke ne ka gana go ba senolela sepe. Go tswa foo ba ne ba mpalela molawana o ke neng ke tlile go atlholwa ka one. O ne o bolela gore fa motho a fitlhelwa a na le dibuka tse di kgatlhanong le Soviet kana a di anamisa, o ne a ka atlholelwa loso kana go latlhelwa dingwaga di le 25 mo kgolegelong.
Ba ne ba re: “O tla tlhopha katlholo efe?”
Ke ne ka re: “Epe, mme gone, ke ikantse Jehofa, ka thuso ya gagwe, ke tla itshokela sengwe le sengwe fela se a se letlelelang.”
Ke ne ka gakgamala fa ba nkgolola morago ga malatsi a le supa. Tiragalo eo e ne ya nthusa go lemoga kafa tsholofetso eno ya ga Jehofa e leng boammaaruri ka teng: “Ga ke na ke go tlogela ka gope lefa e le go go latlha ka gope.”—Bahebera 13:5.
Ka nako ya fa ke boela gae, ke ne ke lwala thata, Rre o ne a nkisa ngakeng mme ka fola ka bonako. Le fa Rre a ne a sa dumele dilo tse lelapa lotlhe la rona le neng le di dumela, o ne a re ema nokeng mo kobamelong ya rona.
Go Tshwarwa le go Nna Mofaladi
Dikgwedi di sekae moragonyana ke ne ka bilediwa go tla go dira mo sesoleng sa Soviet. Ke ne ka tlhalosa gore nka se kgone go dira tiro eo ka ntlha ya segakolodi. (Isaia 2:4) Le fa go ntse jalo, ka February 1951, ke ne ka atlholelwa go nna kwa kgolegelong ya Ternopol’ dingwaga di le nnè. Moragonyana ke ne ka fudusediwa kwa L’viv, motse o mogolo o o dikilometara tse 120 go tswa koo. Fa ke le mo kgolegelong koo, ke ne ka utlwalela gore Basupi ba le bantsi ba tserwe mme ba ya go latlhelwa kwa Siberia.
Mo selemong sa 1951, setlhopha sa rona se ne sa ya go latlhelwa ka kwa ga Siberia, kwa Botlhabakgakala. Loeto lono—lwa dikilometara di ka nna 11 000—lo ne lwa tsaya kgwedi, re kgabaganya mafelo a le 11 ka dinako tse di sa tshwaneng! Re ne ra ema gangwe fela mo lefelong lengwe re letlwa go tlhapa, morago ga go fetsa dibeke tse di fetang pedi re le mo tereneng. E ne e le kwa botlhapelong jo bogolo jwa batho botlhe ba kwa Novosibirsk, kwa Siberia.
Fa re le koo, ke ne ka utlwa monna mongwe a goa jaana ka lentswe le le kwa godimo mo gare ga boidiidi joo jo bogolo jwa bagolegwa: “Ke mang fano yo e leng wa lelapa loora Jonadabe?” Ka nako eo, lefoko “Jonadabe” le ne le dirisiwa go bitsa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. (2 Dikgosi 10:15-17; Pesalema 37:11, 29) Ka yone nako eo, bagolegwa bangwe ba ne ba ipolela fa e le Basupi. A bo re ile ra dumedisana ka boipelo jo bogolo jang ne!
Ditiro Tsa Semoya mo Kgolegelong
Fa re le kwa Novosibirsk re ne ra dumalana gore re dirise lefoko lengwe la sephiri go tlhaolana ka lone fa re fitlha kwa re yang teng. Rotlhe re ne ra feleletsa re le mo kampeng e le nngwe ya kgolegelo e e mo Lewatleng la Japane gaufi le Vladivostok. Re ne re tshwara dipokano tsa thuto ya Baebele ka metlha. Go nna le bakaulengwe bano ba ba nonofileng le ba ba godileng ba ba neng ba atlholetswe dingwaga tse dintsi mo kgolegelong tota go ile ga nnonotsha mo semoyeng. Ba ne ba refosana go re tshwarela dipokano, ba dirisa ditemana tsa Baebele le dintlha tse di amanang le tsone tse ba neng ba di gopola go tswa mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo.
Go ne ga bodiwa dipotso mme bakaulengwe ba ne ba di araba. Bontsi jwa rona re ne re gagola dipampitshana tsa dikgetsi tsa samente go kwala dintlha tsa dikakgelo mo go tsone. Re ne ra boloka dintlha tseno mme ra di kgobokanya mmogo go itirela laeborari ya ditshupiso. Morago ga dikgwedi di sekae, ba ba atlholetsweng lobaka lo loleele mo kgolegelong ba ne ba romelwa kwa dikampeng tse di kwa karolong e e kwa kgakala ya bokone jwa Siberia. Rona bakaulengwe ba basha ba bararo re ne ra fudusediwa kwa Nakhodka, motse o o seng kgakala o o ka nnang dikilometara di le 650 go tswa kwa Japane. Ke ne ka fetsa dingwaga tse pedi mo kgolegelong ya koo.
Ka dinako tse dingwe re ne re amogela khopi ya Tora ya Tebelo. Re ne re fetsa dikgwedi tse dintsi re e dirisa go iphepa ka dijo tsa semoya. Fa nako e ntse e ya, re ne ra amogela le makwalo. La ntlha le ke neng ka le amogela go tswa kwa go ba lelapa la gaetsho (ba jaanong e neng e le bafaladi), le ne la ntidisa. Le ne la nkitsise gore, fela jaaka go tlhalositswe mo go Tora ya Tebelo e e nopotsweng kwa tshimologong, matlo a Basupi a gapilwe mme malapa a bone a neilwe diura tse pedi fela gore a bo a dule koo.
Go Kopana Gape le Lelapa
Ke ne ka gololwa ka December 1952 morago ga go fetsa dingwaga tse pedi mo go tse nnè tse ke neng ke di atlholetswe. Ke ne ka kopana le ba lelapa la me kwa motsaneng wa Gadaley gaufi le Tulun, Siberia, koo ba neng ba fuduseditswe teng. Go ne go itumedisa tota go boa ke kopana le bone gape—morwaake Ivan o ne a tshwara dingwaga tse tharo, mme morwadiake Anna o ne a tloga a tshwara tse pedi. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa gololesega gotlhelele. Balaodi ba ne ba gapa bukana ya me ya lokwalo lwa mosepele mme ba ne ba aga ba mpeile leitlho. Ke ne ke sa letlelelwa go tsamaya sekgala se se fetang dikilometara tse tharo go tswa mo lapeng. Moragonyana ke ne ka letlwa go ka ya mmarakeng kwa Tulun ke palame pitse. Fa ke fitlha koo ke ne ke fitlha ke kopana le Basupi ba bangwe, ke dira jalo ka kelotlhoko e kgolo.
Ka nako eo, re ne re na le basetsana ba babedi, Anna le Nadia le basimane ba babedi, Ivan le Kolya. Ka 1958 re ne ra nna le morwa yo mongwe, Volodya. Mme moragonyana, ka 1961, re ne ra nna le mosetsana yo mongwe, Galia.
Gantsi ba KGB (a pele e neng e le matsholo a puso a pabalesego) ba ne ba tle ba ntseye mme ba ye go mpotsolotsa. Maikaelelo a bone e ne e se fela go ntira gore ke ba senolele tshedimosetso kaga phuthego mme gape e ne e le go dira gore go belaelwe gore ke dirisana mmogo le bone. Ka jalo ba ne ba tle ba nkise kwa resetšhurenteng ya maemo ba bo ba leka go ntsaya dinepe ke nyenya e bile ke lebega ke itumelela go nna le bone. Mme gone, ke ne ka lemoga maikaelelo a bone mme ka dira maiteko a gore ke se ka ka nyenya. Nako le nako fa ba sena go ntsaya ke ne ke bolelela bakaulengwe sengwe le sengwe se se diragetseng. Ka jalo, le ka motlha ba ne ba se ka ba belaela boikanyegi jwa me.
Go Golagana le Dikampa
Go ralala dingwaga makgolokgolo a Basupi a ile a tsenngwa mo dikampeng tsa kgolegelo. Ka nako eo, re ne re nna re golagana le bakaulengwe ba rona ba ba neng ba tshwerwe, re ba tlamela ka dikgatiso. Re ne re dira seno jang? Fa bakaulengwe kana bokgaitsadi ba gololwa mo kgolegelong, ba ne ba tle ba re bolelele ditsela tse dikgatiso di ka fetisiwang ka tsone ka sephiri le mororo go na le tshireletso e e gagametseng. Re ne ra fetsa dingwaga di ka nna lesome re kgona go tlamela bakaulengwe ba ba kwa dikampeng tseno ka dikhopi tsa dimakasine le dibuka tse re neng re di amogela go tswa kwa Poland le dinaga tse dingwe.
Bontsi jwa bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ne ba fetsa diura tse dintsi ba kopololela dikhopi tsa dikgatiso tseno mo dipampitshaneng tse dinnye thata mo e leng gore makasine otlhe o ne o ka fitlhiwa mo selong se sennye se se jaaka lebokoso la mokgwaro! Ka 1991, fa jaanong re ne re sa tlhole re thibetswe e bile re amogela dimakasine tse dintle tsa mebalabala, mongwe wa bokgaitsadi bano ba rona o ne a re: “Jaanong re tlile go lebalwa.” O ne a fositse. Le fa batho ba ka lebala tiro ya batho bao ba ba ikanyegang, le ka motlha Jehofa a ka se e lebale!—Bahebera 6:10.
Go Fuduga le Masetlapelo
Kwa bofelong jwa 1967, ntlo ya ga nnake kwa Irkutsk e ne ya phuruphutshiwa. Go ne ga fitlhelwa filimi le dikhopi tsa dikgatiso tsa Baebele. O ne a tshwarwa mme a atlholelwa dingwaga di le tharo mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba fitlhela sepe fa ba ne ba re ba phuruphutsa ntlo ya rona. Mme gone, balaodi ba ne ba dumela thata gore lelapa la me le na le seabe, ka jalo ra tshwanelwa ke go tswa mo lefelong leo. Re ne ra fudugela kwa lefelong le le dikilometara di ka nna 5 000 kwa bophirima jwa Nevinnomyssk kwa Caucasus. Fa re fitlha koo re ile ra semelela mo go neeleng bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
Re ne ra welwa ke masetlapelo mo letsatsing la ntlha fela la malatsi a boikhutso a sekolo, ka June 1969. Morwa wa rona wa dingwaga tse 12 e bong Kolya o ne a tlabolwa ke motlakase fa a ne a leka go ntsha bolo mo teransefomareng ya maatla a magolo a motlakase. Diperesente di feta 70 tsa mmele wa gagwe di ne di shele. O ne a mpotsa jaana fa a le kwa bookelong: “A re tla tlhola re kgona go etela kwa setlhaketlhakeng gape?” (O ne a bua ka setlhaketlhake se re neng re tlhola re etela kwa go sone.) Ke ne ka re: “Ee, Kolya, re tla boa re etela gape kwa go sone. Fa Jesu Keresete a go tsosa mo baswing, re tla etela kwa go sone.” A le mo maibing go sekae, o ne a nna a opela nngwe ya dipina tsa Bogosi e a e ratang thata, e a neng a tlhola a e tshameka ka terompeta ya gagwe mo setlhopheng sa orchestra sa phuthego. Malatsi a le mararo morago, o ne a tlhokafala, a na le tsholofelo e e nonofileng mo tsogong.
Ngwaga o o latelang morwa wa rona wa dingwaga tse 20 e bong Ivan, o ne a bilediwa bosoleng. Fa a sena go gana go ya, o ne a tshwarwa mme a fetsa dingwaga tse tharo mo kgolegelong. Ka 1971, le nna ke ne ka bidiwa mme ba nna ba ntshosa ka gore fa ke sa tle ba tla ntatlhela mo kgolegelong. Tsheko ya me e ne ya tsaya nako e telele. Ka nako eo, mosadi wa me o ne a tshwarwa ke kankere mme a tlhoka go tlhokomelwa thata. Ka ntlha ya seno ba ne ba tsholola kgetsi ya me. Maria o ne a tlhokafala ka 1972. O ile a nna tsala e e ikanyegang, a le boikanyego mo go Jehofa go isa losong.
Lelapa la Rona le a Phatlhalala
Ka 1973 ke ne ka nyala Nina. Rraagwe o ile a mo leleka mo lapeng ka 1960 ka gonne a ne a fetogile Mosupi. E ne e le modiredi yo o tlhagafetseng e le mongwe wa bokgaitsadi ba ba ileng ba dira ka natla go kopololela ba ba neng ba le kwa dikampeng dimakasine. Banake le bone ba ile ba mo rata.
Tiro ya rona kwa Nevinnomyssk e ne ya kgopisa balaodi mme ba re pateletsa go fuduga. Ka jalo, ka 1975 nna le mosadi wa me le barwadiake re ne ra fudugela kwa borwa jwa kgaolo ya Caucasus kwa Georgia. Ka yone nako eo, bomorwaake, e bong Ivan le Volodya ba ne ba fudugela kwa Dzhambul kwa molelwaneng o o kwa borwa wa Kazakstan.
Kwa Georgia tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sa ntse e simologa. Re ne re rera ka tsela e e seng ya ka tlwaelo kwa Gagra le kwa Sukhumi le mo mafelong a a gaufi mo Lobopong lwa Lewatle le Lentsho, mme morago ga ngwaga, Basupi ba le lesome ba ne ba kolobediwa mo nokeng e e mo thabeng. Go ise go ye kae ke fa balaodi ba re laela gore re tswe mo lefelong leo mme ra fudugela kwa botlhaba jwa Georgia. Fa re fitlha koo re ile ra oketsa tlhagafalo ya rona mo go senkeng batho ba sekadinku mme Jehofa o ile a re segofatsa.
Re ne re kopana mmogo re le ditlhopha tse dinnye. Re ne re na le bothata jwa puo ka gonne re sa itse Se-Georgia mme le batho ba Georgia ba ne ba sa itse Se-Russia sentle. Kwa tshimologong re ne re ithuta fela le Ba-Russia. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae go ne ga nna le kgatelopele mo tirong ya go rera le go ruta ka Se-Georgia, gone jaanong go na le baboledi ba Bogosi ba le diketekete mo Georgia.
Ka 1979, ka ntlha ya go gatelelwa ke KGB, mongwame o ne a re ga ke tlhole ke amogelega mo nageng ya gaabo. Ke ka yone nako eno morwadiake e bong Nadia a neng a amega mo kotsing ya koloi e mo go yone ene le morwadie ba neng ba tlhokafala. Ngwaga pele ga foo mmè o ne a tlhokafala a ikanyega mo go Jehofa kwa Nevinnomyssk, a tlogela rre le nnake. Ka jalo re ne ra dira tshwetso ya go boela koo.
Masego a go Itshoka
Kwa Nevinnomyssk re ne ra nna ra tlhagisa dikgatiso tsa Baebele ka sephiri. Nako nngwe mo magareng ga bo1980, fa ke ne ke biditswe ke balaodi, ke ne ka ba raya ka re ke lorile ke fitlha dimakasine tsa rona. Ba ne ba tshega. Fa ke kgaogana le bone, mongwe wa bone o ne a re: “E kete go ka direga gore o se ka wa tlhola o lora kafa o fitlhang dikgatiso tsa lona ka teng.” O ne a konela ka go re: “Go ise go ye kae lo tla bo lo di baya mo dishelofong, lo tla bo lo ya dipokanong lo tshotse Baebele ka diatla e bile lo tshwarane ka diatla wena le mosadi wa gago.”
Ka 1989 re ne ra hutsafala thata fa morwadiake e bong Anna a ne a bolawa ke bolwetse jwa go ruruga ga ditshika tsa boboko. O ne a na le dingwaga di le 38 fela. Ka one ngwaga oo, ka August, Basupi ba kwa Nevinnomyssk ba ne ba hira terena mme ba ya ka yone kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Warsaw, kwa Poland. Batho ba ba neng ba le gone koo ba ne ba le 60 366, go akaretsa le ba le diketekete go tswa kwa Soviet Union. Ruri re ne re akanya gore re a lora! Mo lobakeng lo lo kwa tlase ga dingwaga tse pedi, ka March 27, 1991, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa bagolwane ba batlhano ba ba nang le nako e telele mo diphuthegong tsa Soviet Union go saena setlankana se se botlhokwa thata kwa Moscow, se se neng se bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba tsewa e le mokgatlho wa bodumedi semolao!
Ke itumelela gore bana ba me ba ba setseng ba direla Jehofa ka boikanyegi. Mme ke tlhoafaletse go bona lefatshe le lesha la Modimo ka nako ya fa ke tla bo ke kopana gape le Anna, Nadia le morwadie, ga mmogo le Kolya. Fa a tsoga mo baswing ke tla diragatsa tsholofetso ya me ya go mo isa kwa setlhaketlhakeng sele se re neng re rata thata go ya kwa go sone dingwaga tse dintsi tse di fetileng.
Le fa go ntse jalo, a bo ke ile ka itumela jang ne go bona boammaaruri jwa Baebele bo gatela pele thata jaana mo nageng eno e kgolo! Ruri ke itumelela botshelo jwa me, e bile ke leboga Jehofa go bo a ile a ntetla go nna mongwe wa Basupi ba gagwe. Ga ke na pelaelo gore mafoko ano a Pesalema 34:8 a boammaaruri: “A ko lo lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo; go sego monna yo o mo ikanyang.”
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ngwaga o ke neng ka kopana le lelapa gape kwa Tulun
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Fa godimo: Rre le banake ba le kwa ntle ga ntlo ya rona kwa Tulun, Siberia
Fa godimo mo mojeng: Morwadiake e bong Nadia le morwadie, boobabedi ba ne ba swa mo kotsing ya koloi
Ka fa mojeng: Setshwantsho sa lelapa ka 1968