A o Na le Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Aborahame?
“Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?”—LUKE 18:8.
1. Ke eng fa go le boima go boloka tumelo ya gago e nonofile gompieno?
GA GO motlhofo go boloka tumelo ya gago e nonofile gompieno. Lefatshe le gatelela Bakeresete thata gore ba itlhokomolose dilo tsa semoya. (Luke 21:34; 1 Johane 2:15, 16) Batho ba le bantsi ba tshwanelwa ke go kgaratlha gore ba falole dintwa, masetlapelo, malwetse kana tlala. (Luke 21:10, 11) Mo merafeng e le mentsi dingwao di tseelwa kwa godimo, mme batho bape fela ba ba tshelang go ya ka tumelo ya bone ba tsewa e le batho ba ba seng tekatekano, e bile e le ba ba feteletsang dilo. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba bantsi ba a bogisiwa ka ntlha ya tumelo ya bone. (Mathaio 24:9) Potso e Jesu a neng a e botsa mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, e tshwanela tota: “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?”—Luke 18:8.
2. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore Mokeresete a nne le tumelo e e nonofileng? (b) Re tla bo re dira sentle fa re akanya ka tumelo ya ga mang?
2 Gone mme, boammaaruri ke gore, re tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng fa re batla go atlega mo botshelong gone jaanong le go bona botshelo jo bo sa khutleng jo bo solofeditsweng mo isagweng. Fa moaposetoloi Paulo a ne a nopola mafoko a Jehofa a neng a a bolelela Habakuke, o ne a kwala jaana: “‘Mosiami wa me o tla tshela ka ntlha ya tumelo,’ mme ‘fa a kata ka morago, moya wa me ga o na natefelelo mo go ene.’ . . . Kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 10:38–11:6; Habakuke 2:4) Paulo o ne a bolelela Timotheo jaana: “Tlhabana tlhabano e e molemomogolo ya tumelo, tshwara botshelo jo bo sa khutleng ka thata jo o neng wa bo bilediwa.” (1 Timotheo 6:12) Ka jalo, go ka kgonega jang gore motho a nne le tumelo e e sa feleng? Fa re ntse re akanyetsa potso eo, re tla bo re dira sentle fa re ka akanya ka monna yo o neng a tshela dingwaga tse di ka nnang 4 000 tse di fetileng, le fa go ntse jalo tumelo ya gagwe e sa ntse e tlotliwa thata mo madumeding a mararo a magolo—Boiselamo, Bojuda le Bokeresete. Monna yoo ke Aborahame. Ke eng fa tumelo ya gagwe e ne e tlhomologile jaana? A re ka kgona go mo etsa gompieno?
Go Ikobela Kaelo ya Modimo
3, 4. Ke eng fa Tera a ile a fudusa lelapa la gagwe go tloga kwa Ure go ya Harane?
3 Aborahame (yo pele e neng e le Aborame) o umakiwa la ntlha kwa tshimologong fela ya Baebele. Mo go Genesise 11:26, re bala jaana: “Tera . . . a tshola Aberame, Nahore le Harane.” Tera le lelapa la gagwe ba ne ba nna kwa Ure ya Bakalatea, motse o o humileng kwa borwa jwa Mesopotamia. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba nna koo. “Tera a tsaya Aberame morwawe, le Lote morwa Harane, ngwana wa ngwana wa gagwe, le Sarai [Sara] ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Aberame morwawe, a tswa nabo mo Ure wa Bakalatea, go ya kwa lefatsheng la Kanana, mme ba fitlha mo Harane, ba aga gone.” (Genesise 11:31) Morwarraagwe Aborahame e bong Nahore le ene o ne a fudusetsa lelapa la gagwe kwa Harane. (Genesise 24:10, 15; 28:1, 2; 29:4) Gone mme, ke eng fa Tera a ile a tloga kwa Ure e e humileng a ya kwa Harane e e kgakala?
4 Dingwaga tse di ka nnang 2 000 morago ga motlha wa ga Aborahame, monna yo o ikanyegang e bong Setefane, o ne a bua a le fa pele ga Sanehederine ya Sejuda, a tlhalosa lebaka la go bo lelapa la ga Tera le ile la fuduga ka tsela eno e e sa tlwaelegang. O ne a re: “Modimo wa kgalalelo o ne wa bonala kwa go rraaronamogologolwane Aborahame fa a ne a ntse a le kwa Mesopotamia, pele ga a aga kwa Harana, mme wa mo raya wa re, ‘Tswa mo lefatsheng la gaeno le mo go ba losika lwa gago mme o tle mo lefatsheng le ke tla le go bontshang.’ Foo a tswa mo lefatsheng la Bakaladia mme a aga kwa Harana.” (Ditiro 7:2-4) Tera o ne a ineela gore Aborahame a dire go rata ga Jehofa ka go fudusetsa lelapa la gagwe kwa Harane.
5. Aborahame o ne a ya kae fa rraagwe a sena go swa? Ka ntlha yang?
5 Lelapa la ga Tera le ile la aga mo motseng wa bone o mosha. Dingwaga morago ga foo fa Aborahame a ne a bua ka ‘naga ya gaetsho,’ o ne a bua ka lefelo la kwa Harane, e seng Ure. (Genesise 24:4) Le fa go ntse jalo, Harane ga e a ka ya nnela ruri legae la ga Aborahame. Go ya ka Setefane, “Fa rraagwe [Aborahame] a sena go swa, Modimo wa dira gore a fetole boago jwa gagwe a tle mo lefatsheng leno le jaanong lo nnang mo go lone.” (Ditiro 7:4) E re ka Aborahame a ne a ikobela kaelo ya ga Jehofa, o ne a kgabaganya Euferatese go ya go tsena kwa nageng ya Kanana a patilwe ke Lote.a
6. Jehofa o ne a solofetsa Aborahame eng?
6 Ke eng fa Jehofa a ile a dira gore Aborahame a tswe kwa Kanana? Lebaka la gone le amana le maikaelelo a Modimo ka monna yono yo o ikanyegang. Jehofa o ile a raya Aborahame a re: “Tloga, o tswe mo lefatsheng la gaeno, le mo go bagaeno, le mo ntlong ya ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tlaa le go supetsang. Ke tlaa dira morafe o mogolo ka wena; ke tlaa go segofatsa, ke dira leina la gago le nna legolo, gore wena o nne tshegofatso. Le gone ke tlaa segofatsa bone ba ba go segofatsang, le ene yo o go hutsang ke tlaa mo hutsa. Mo go wena, ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala.” (Genesise 12:1-3) Aborahame o ne a tla nna rre wa morafe o mogolo o Jehofa a neng a tla o sireletsa le o o neng o tla aga mo lefatsheng la Kanana. A tsholofetso e e itumedisang ruri! Mme Aborahame o ne a tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo gore a tle a rue lefatshe leo.
7. Aborahame o ne a tshwanetse go ikemisetsa go dira diphetogo dife gore a tle a bone tsholofetso ya ga Jehofa?
7 Fa Aborahame a ne a tloga kwa Ure, o ne a tlogela motse o o humileng mme gongwe le ba losika lwa ga rraagwe—dilo tse di neng di le botlhokwa thata mo pabalesegong mo metlheng eo ya ditlhogo tsa lotso. Fa a tloga kwa Harane, o ne a kgaogana le ba ntlo ya ga rraagwe, go akaretsa le lelapa la ga Nahore mme a fudugela kwa nageng e a sa e itseng. Kwa Kanana, ga a ka a batla go nna mo teng ga motse gore a sireletsege. Ka ntlha yang? Ka bonako fela fa Aborahame a sena go tsena mo nageng eo, Jehofa o ne a mo raya a re: “Ralal[a] lefatshe ka boleele jwa lone, le ka boatlhamo jwa lone, gonne ke tlaa le go naya.” (Genesise 13:17) Aborahame wa dingwaga tse 75 le mosadi wa gagwe wa dingwaga tse 65 e bong Sara, ba ne ba latela ditaelo tseno. “Ka tumelo o ne a aga e le moeng mo lefatsheng la tsholofetso jaaka mo lefatsheng la botswagosele, a ba a nna mo ditenteng.”—Bahebera 11:9; Genesise 12:4.
Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Aborahame Gompieno
8. Go ya ka sekao sa ga Aborahame le basupi ba bangwe ba bogologolo, re tshwanetse go tlhagolela eng?
8 Aborahame le lelapa la gagwe ba umakiwa gareng ga ‘leru le legolo la basupi [ba motlha wa pele ga Bokeresete]’ ba ba umakiwang mo go Bahebera kgaolo 11. Ka ntlha ya tumelo ya batlhanka bano ba bogologolo ba Modimo, Paulo o kgothaletsa Bakeresete gore ba “[apole] bokete bongwe le bongwe le boleo [go tlhoka tumelo] jo bo re rareetsang motlhofo.” (Bahebera 12:1) Ee go tlhoka tumelo go ka re ‘rareetsa motlhofo.’ Mme mo metlheng ya ga Paulo le mo metlheng ya rona, Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba kgona go tlhagolela tumelo e e nonofileng e e tshwanang le ya ga Aborahame le ba bangwe ba metlha ya bogologolo. Fa Paulo a bua ka ene ka boene le ka Bakeresetekaene, a re: “Ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong, mme re mofuta o o nang le tumelo go kgona go tshedisa moya.”—Bahebera 10:39.
9, 10. Go na le bosupi bofe jwa gore ba le bantsi gompieno ba na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame?
9 Gone ke boammaaruri, lefatshe ga le tlhole le tshwana le mo motlheng wa ga Aborahame. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re direla ene “Modimo wa ga Aborahame” mme ga a fetoge. (Ditiro 3:13; Malaki 3:6) Jehofa o tshwanelwa ke go obamelwa gompieno fela jaaka mo motlheng wa ga Aborahame. (Tshenolo 4:11) Batho ba le bantsi ba ineela ka botlalo mo go Jehofa, mme jaaka Aborahame, ba dira diphetogo dipe fela tse di tlhokegang mo matshelong a bone gore ba dire go rata ga Modimo. Ngogola, batho ba le 316 092 ba ile ba supa boineelo jwa bone phatlalatsa ka go kolobediwa mo metsing “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.”—Mathaio 28:19.
10 Bontsi jwa Bakeresete bano ga go a ka ga tlhokega gore ba ye kwa dinageng tse di kgakala tsa seeng go diragatsa boineelo jwa bone. Le fa go ntse jalo, ka tsela ya semoya, ba le bantsi ba bone ba ile ba tsamaya sekgala se se telele thata. Ka sekai, kwa Mauritius, Elsie e ne e le moloi. Mongwe le mongwe o ne a mo tshaba. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng o ne a rulaganya go ithuta Baebele le morwadie Elsie mme seno se ne sa bulela Elsie tsela ya ‘gore a tswe mo lefifing a tle mo leseding.’ (Ditiro 26:18) Ka ntlha ya kgatlhego e morwadie a neng a na le yone, Elsie o ne a dumela go ithuta Buka ya Me ya Dipolelo tsa Baebele. Thuto ya gagwe e ne e tshwarwa gararo ka beke ka gonne o ne a tlhoka go nna a kgothadiwa. Ditiro tsa gagwe tsa masaitsiweng di ne di sa mo itumedise mme o ne a na le mathata a le mantsi. Le fa go ntse jalo, kgabagare o ne a kgona go wetsa loeto lo loleele go tswa mo bodimoneng go tla mo kobamelong ya boammaaruri. Fa batho ba ne ba tla go batla thuso ya gagwe, o ne a ba tlhalosetsa gore ke Jehofa fela yo o ka ba sireletsang mo bosuleng. Gone jaanong Elsie ke Mosupi yo o kolobeditsweng mme batho ba le 14 mo go ba gagabo le ditsala ba ile ba amogela boammaaruri.
11. Batho ba ba ineelang mo go Jehofa ba ikemiseditse go dira diphetogo dife?
11 Bontsi jwa batho ba ngogola ba ileng ba ineela go direla Modimo ga ba ka ba tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo jalo. Mme botlhe ba ile ba tloga mo seemong sa go swa semoyeng mme ba tshela semoyeng. (Baefeso 2:1) Le fa gone ba sa ntse ba le mo lefatsheng, ga ba tlhole ba le karolo ya lone. (Johane 17:15, 16) Fela jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ‘boagi jwa bone bo leng kwa magodimong,’ ba ntse jaaka “baeng le baagi ba nakwana.” (Bafilipi 3:20; 1 Petere 2:11) Ba ile ba dira gore matshelo a bone a tsamaisane le melao ya Modimo, ba tlhotlhelediwa thatathata ke go rata Modimo le go rata baagelani. (Mathaio 22:37-39) Ga ba latelele mekgele ya bopelotshetlha, ya dilo tse di bonalang kana go batla go bona katlego mo lefatsheng leno. Go na le moo, ba tlhoma matlho a bone mo tsholofetsong ya ‘magodimo a masha le lefatshe le lesha a go tla agang tshiamo mo go one.’—2 Petere 3:13; 2 Bakorintha 4:18.
12. Ke tiro efe e e ileng ya begiwa ngogola e e supang gore ka nako ya go nna gone ga ga Jesu o ile a fitlhela “tumelo mo lefatsheng”?
12 Fa Aborahame a ne a fudugela kwa Kanana, e ne e le ene fela le lelapa la gagwe koo, ba tshegediwa le go sirelediwa fela ke Jehofa. Le fa go ntse jalo, Bakeresete bano ba ba sa tswang go kolobediwa ba ba 316 092 ga ba bosi le e seng. Ke boammaaruri gore Jehofa o ba ema nokeng le go ba sireletsa jaaka a ne a dira ka Aborahame. (Diane 18:10) Le fa go ntse jalo, mo godimo ga moo, o ba ema nokeng ka “morafe” o o tlhagafetseng wa ditšhabatšhaba o mogolo thata go gaisa ditšhaba dingwe tse di leng gone mo lefatsheng gompieno. (Isaia 66:8) Ngogola tlhora ya baagi ba le 5 888 650 ba morafe ono ba ile ba supa tumelo ya bone e e nonofileng ka go bua le baagelani ba bone ka ditsholofetso tsa Modimo. (Mareko 13:10) Ba ne ba dirisa palo e e boitshegang ya diura di le 1 186-666 708 ba batla batho ba ba kgatlhegang. Ka ntlha ya seo, go ile ga tshwarwa dithuto tsa Baebele di le 4 302 852 le batho ba bangwe ba ba batlang go nna le tumelo. Go supa tlhoafalo ya bone e kgolo thata, ba bangwe ba le 698 781 ba “morafe” ono ba ile ba nna le seabe mo tirong ya bobulatsela, e ka tswa e le ka nako e e tletseng kana ka kgwedi kana go feta. (Tiro e e dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa ngogola e tlhaga ka botlalo mo ditsebeng 12 go ya go 15.) Pego eno e e itumedisang ke karabo e e molemo le e e maatla ya potso ya ga Jesu, “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?”
Tumelo go sa Kgathalesege Diteko
13, 14. Tlhalosa mangwe a mathata a Aborahame le ba lelapa la gagwe ba ileng ba nna le one kwa Kanana.
13 Gantsi dilo di ne di sa tsamaele Aborahame le ba ntlo ya gagwe sentle kwa Kanana. Bobotlana ka lekgetlo le le lengwe, go ne ga nna le leuba le legolo le le ileng la mo ntsha kwa Kanana go ya Egepeto. Mo godimo ga moo, mmusi wa Egepeto le wa Gerare (gaufi le Gasa) ba ne ba leka go itseela Sara mosadi wa ga Aborahame. (Genesise 12:10-20; 20:1-18) Gape go ne go na le dikgogakgogano fa gare ga badisa ba leruo la ga Aborahame le badisa ba leruo la ga Lote mme seno se ne sa dira gore malapa a mabedi ano a kgaogane. Kwantle ga bopelotshetlha, Aborahame o ne a dira gore Lote e nne ene yo o tlhophang naga pele, mme Lote o ne a tlhopha go nna mo Kgaolong ya Jorodane, e e neng e tshwana le Edena ka go nona le bontle jwa yone.—Genesise 13:5-13.
14 Morago ga foo, Lote a iphitlhela a le mo ntweng e e neng e le fa gare ga kgosi ya Elame e e kwa kgakala le bathusi ba gagwe le dikgosi tse tlhano tsa Mokgatsha wa Sidime. Dikgosi tsa seeng di ne tsa fenya dikgosi tsa lefelo leo mme tsa gapa dithoto di le dintsi, go akaretsa le Lote le dithoto tsa gagwe. Fa Aborahame a utlwa se se diragetseng, o ne a latela dikgosi tseo ka bopelokgale mme a kgona go busa Lote le ba lelapa la gagwe, mmogo le dithoto tsa dikgosi tsa lefelo la bone. (Genesise 14:1-16) Le fa go ntse jalo, eo e ne e se tiragalo e e maswe go gaisa tsotlhe tse di ileng tsa diragalela Lote kwa Kanana. Ka ntlha ya mabaka mangwe, o ne a ya go aga kwa Sodoma, le mororo motse oo o ne o itsege ka boitsholo jo bo sa siamang.b (2 Petere 2:6-8) Fa Lote a tlhagisiwa ke baengele ba babedi gore motse oo o tla senngwa, o ne a tshaba le mosadi wa gagwe le bomorwadie ba babedi. Le fa go ntse jalo, mosadi wa ga Lote o ne a itlhokomolosa ditaelo tse di tlhamaletseng tse baengele ba di ba neetseng mme ka ntlha ya seo, a fetoga letswai. Lote o ne a tshwanelwa ke go nna mo teng ga logaga kwa Soare le bomorwadie ba babedi. (Genesise 19:1-30) Dilo tseno di tshwanetse tsa bo di ile tsa tshwenya Aborahame thata, segolobogolo ka go bo Lote a ile a ya Kanana e le bontlhanngwe jwa lelapa la ga Aborahame.
15. Le mororo Aborahame a ile a lebana le mathata fa a ne a nna mo ditenteng mo nageng ya seeng, go bonala fa a ile a tila kakanyo efe e e sa siamang?
15 A Aborahame a ka tswa a ile a ikwatlhaela go bo ene le Lote ba ile ba tswa kwa Ure koo ba neng ba sireletsegile teng le ba losika lwa ga rraagwe kana kwa Harane kwa a neng a nna le morwarraagwe e bong Nahore teng? A o kile a tlelwa ke kakanyo ya gore a ka bo a ile a aga mo teng ga motse o o dikaganyeditsweng ka mabota go na le gore a nne mo ditenteng? A gongwe o ile a ikwatlhaela go intsha setlhabelo jalo ka go nna mokgarakgatshegi mo nageng ya seeng? Fa moaposetoloi Paulo a bua ka Aborahame le lelapa la gagwe, o ne a bolela jaana: “Fa eleruri ba ne ba nna ba gakologelwa lefelo le ba neng ba dule mo go lone, ba ka bo ba ile ba nna le sebaka sa go boa.” (Bahebera 11:15) Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba boa. Ba ne ba nna mo Jehofa a neng a ba batla teng, ba sa kgobiwe marapo ke mathata.
Boitshoko Gompieno
16, 17. (a) Bakeresete ba le bantsi ba lebana le mathata afe gompieno? (b) Bakeresete ba na le boikutlo bofe jo bo siameng? Ka ntlha yang?
16 Bakeresete ba itshoka ka tsela e e tshwanang gompieno. Le fa gone Bakeresete ba boammaaruri ba itumelela go direla Modimo, botshelo ga bo motlhofo mo metlheng eno ya bofelo. Le mororo ba tshela mo paradaiseng ya semoya, ba nna le mathata a itsholelo fela jaaka baagelani ba bone. (Isaia 11:6-9) Ba le bantsi ba ile ba boga ba se na molato ka ntlha ya dintwa tsa dinaga, ba bangwe ba iphitlhela ba le mo lehumeng e se molato wa bone. Mo godimo ga moo, ba itshokela mathata a go se ratiwe. Mo dinageng di le dintsi ba rera dikgang tse di molemo mo bathong ba ba sa kgatlhegeng gotlhelele. Mo dinageng tse dingwe ba tlhaselwa ka go tsiediwa ke batho ba ba ‘baakanyang bosenyi ka molao’ le ‘ba ba sekisang batho ba ba se nang molato.’ (Pesalema 94:20, 21) Tota le mo dinageng tse Bakeresete ba sa bogisiweng mo go tsone le koo batho bangwe ba ba akgolelang go nna le maitsholo a maemo a a kwa godimo, ka metlha ba batla go nna ba farologane mo go ba ba tsenang sekolo nabo le badirimmogo—jaaka Aborahame, yo o neng a nna mo ditenteng fa bontsi jwa batho ba ba neng ba mo dikologile ba ne ba nna mo metseng. Ee, ga go motlhofo go tshela mo lefatsheng mme o bo o sa nne “karolo” ya lone.—Johane 17:14.
17 Ka jalo he, a re ikwatlhaela go bo re ineetse mo Modimong? A re eletsa gore re ka bo re ile ra tswelela re le karolo ya lefatshe, re tshwana le mongwe le mongwe? A re ikwatlhaela go bo re ile ra intsha setlhabelo mo tirelong ya ga Jehofa? Le e seng! Go na le gore re lebe kwa morago ka tlhologelelo, re lemoga gore sepe fela se re ka tswang re ile ra se intshetsa setlhabelo ga se botlhokwa mo go kalo fa se bapisiwa le masego a re nang le one gone jaanong le a re tla nnang le one mo nakong e e tlang. (Luke 9:62; Bafilipi 3:8) Gone mme, a batho mo lefatsheng ba itumetse? Boammaaruri ke gore, bontsi jwa bone ba batla dikarabo tse re setseng re na le tsone. Ba boga ka go bo ba sa latele kaelo e rona re e latelang e e tswang go Modimo ka Baebele. (Pesalema 119:105) Mme bontsi jwa bone ba eletsa go nna le botsala jo bo itumedisang jwa Bokeresete jo bo jaaka jo re nang najo le badumedikarona.—Pesalema 133:1; Bakolosa 3:14.
18. Fa Bakeresete ba bontsha bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Aborahame kgabagare matswela e nna eng?
18 Gone ke boammaaruri, ka dinako tse dingwe re tlhoka go nna pelokgale jaaka Aborahame fa a ne a latela batho ba ba neng ba gapile Lote. Mme fa re dira jalo, Jehofa o segofatsa matswela a rona. Ka sekai, kwa Ireland Bokone letlhoo le ile la oketsega ka ntlha ya thubakanyo e e bakiwang ke dikgaogano mme go tlhokega bopelokgale go nna o itlhaotse. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ile ba latela mafoko ano a Jehofa a ileng a a bua le Joshua: “Nna thata le pelokgale; o se boifisiwe, le gone o se ka wa raraana, gonne Jehofa Modimo wa gago o na nao kwa le kwa o yang gone.” (Jošua 1:9; Pesalema 27:14) Go ralala dingwaga, go nna pelokgale ga bone go ile ga dira gore ba tlotliwe, mme gompieno ba kgona go rera ba gololesegile mo dikarolong tsotlhe tsa naga eo.
19. Bakeresete ba itumelela go nna kae gompieno, mme ba solofetse go bona matswela afe fa ba latela kaelo ya ga Jehofa?
19 Le ka motlha ga re a tshwanela go belaela gore le fa re ka iphitlhela re le mo boemong bofe, fa re latela kaelo ya ga Jehofa, matswela a bofelo a tla mo galaletsa le go solegela rona molemo ka nako e telele. Le fa re tshwanelwa ke go intsha setlhabelo le go lebana le dikgwetlho, ga go na lefelo lepe le re ka ratang go nna mo go lone fa e se mo tirelong ya ga Jehofa, re itumelela botsala jwa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete le go leba pele ka tsholofelo kwa isagweng e e sa khutleng e Modimo a e solofeditseng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ka direga gore Aborahame o ne a itseela setlogolwana sa gagwe Lote, fa rraagwe Lote yo e leng morwarraagwe Aborahame, a sena go swa.—Genesise 11:27, 28; 12:5.
b Bangwe ba akantsha gore Lote o ne a ya go nna mo motseng oo gore a bone pabalesego e e oketsegileng fa a sena go thopiwa ke dikgosi tse nnè.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke eng fa tumelo e e nonofileng e le botlhokwa?
◻ Aborahame o ne a bontsha jang gore o na le tumelo e e nonofileng?
◻ Boineelo bo latelwa jang ke diphetogo mo botshelong jwa motho?
◻ Ke eng fa re itumelela go direla Modimo le mororo re lebana le mathata a a farologaneng?
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Aborahame o ne a ikemiseditse go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe gore a bone se a se solofeditsweng
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Bosupi bo bontsha gore Jesu o fitlhetse “tumelo mo lefatsheng” ka nako ya go nna gone ga gagwe