LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 12/1 ts. 13-18
  • Go Femela Tumelo ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Femela Tumelo ya Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A go Nna Kakanyetso ga Lona go Itsiwe mo Bathong Botlhe”
  • Nako ya go Didimala le Nako ya go Bua
  • Go Tweng ka Phasalatso e e Senyang Leina?
  • Go Femela Dikgang Tse di Molemo Semolao
  • Tsela e Bakeresete ba Itshwarang ka Yone fa ba Kgobiwa ke Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ba Tlhoetswe Tumelo ya Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Arabe fa ba Latofadiwa?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 12/1 ts. 13-18

Go Femela Tumelo ya Rona

“Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang ka kgang lebaka la tsholofelo e e mo go lona.”—1 PETERE 3:15.

1, 2. Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba sa gakgamadiwe ke kganetso, mme ba eletsa eng?

MO DINAGENG di le dintsi, Basupi ba ga Jehofa gantsi ba tsewa e le batho ba ba ikanyegang, ba ba nang le boitsholo jo bo siameng. Batho ba le bantsi ba ba tsaya e le baagelani ba ba siameng ba ba sa bakeng mathata. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Bakeresete bano ba ba ratang kagiso ba ile ba bogisiwa ka tsela e e sa tshwanelang—ka nako ya dintwa le ka nako ya fa go le kagiso. Ga ba gakgamale fa ba bogisiwa jaana. Tota e bile, ba lebeletse gore go ba diragalele. Gone e bile, ba a itse gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba ‘tlhoilwe,’ ka jalo ke eng fa batho ba ba lekang go nna balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete gompieno ba tshwanetse go lebelela gore ba tshwarwe ka tsela e e farologaneng? (Mathaio 10:22) Mo godimo ga moo, Baebele ya re: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo tshwaraganong le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.”—2 Timotheo 3:12.

2 Basupi ba ga Jehofa ga ba batle go bogisiwa, e bile ga ba itumelele mathata a go ka a bakang, a a jaaka go faeniwa, go tsenngwa mo kgolegelong, kana go tshwarwa makgwakgwa. Ba eletsa go ‘tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng’ gore ba tle ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ba sa kgorelediwe ke sepe. (1 Timotheo 2:1, 2) Ba anaanela kgololesego ya bodumedi e ba nang nayo mo dinageng tse dintsi gore ba tle ba kgone go tswelela ka kobamelo ya bone mme ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba nne ba ba “agisanang le batho botlhe” go akaretsa le babusi ba mebuso ya batho. (Baroma 12:18; 13:1-7) Ka gone, ke eng fa e le batho “ba ba tlhoilweng”?

3. Lengwe la mabaka a go bo Basupi ba ga Jehofa ba tlhoilwe kwantle ga mabaka ke lefe?

3 Totatota, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhoiwa kwantle ga lebaka ka ntlha ya one mabaka a Bakeresete ba bogologolo ba ileng ba bogisiwa ka one. Sa ntlha, Basupi ba ga Jehofa ba dira dilo go ya ka se ba se dumelang e leng se se dirang gore ba se ka ba ratiwa ke batho bangwe. Ka sekai, ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo, mme gantsi batho ba tsaya tlhoafalo ya bone ka tsela e e sa tshwanelang, ba tsaya go rera ga bone e le “go sokolola batho ka manganga.” (Bapisa Ditiro 4:19, 20.) Gape ba itlhaola mo dipolotiking le mo dintweng tsa dinaga, mme ka dinako tse dingwe seno se ile sa dira gore ka phoso Basupi ba tsewe e le baagi ba ba sa ikanyegeng.—Mika 4:3, 4.

4, 5. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhaselwa jang ka ditatofatso tsa maaka? (b) Ke bomang ba gantsi e nnileng batlhotlheletsi ba bagolo ba dipogiso tsa batlhanka ba ga Jehofa?

4 Sa bobedi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhaselwa ka ditatofatso tsa maaka—maaka a a tlhamaletseng le go sokamisiwa ga dilo tse ba di dumelang. Ka ntlha ya seo, kwa dinageng dingwe ba ile ba tlhaselwa ka tsela e e sa tshwanelang. Mo godimo ga moo, e re ka ba batla kalafi ya dilo tse dingwe kwantle ga madi e leng selo se se tsamaisanang le keletso ya bone ya go batla go ikobela taelo ya Baebele ya go ‘ithiba mo mading,’ ba ile ba bidiwa ka tsela e e sa tshwanelang go twe ke “babolai ba bana” le “lekoko la batho ba ba ipolayang.” (Ditiro 15:29) Mme boammaaruri ke gore Basupi ba ga Jehofa ba tsaya botshelo bo le botlhokwa thata, e bile ba batlela bone le bana ba bone tlhokomelo ya kalafi e e molemo thata e ba ka kgonang go e bona. Tatofatso ya gore ngwaga le ngwaga bana ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba a swa ka ntlha ya go gana go tshelwa madi ga e boammaaruri. Mo godimo ga moo, e re ka boammaaruri jwa Baebele bo sa ame maloko otlhe a lelapa ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ile ba latofadiwa le ka gore ba thuba malapa. Le fa go ntse jalo, batho ba ba tlwaelaneng le Basupi ba ga Jehofa ba itse gore ba tsaya botshelo jwa lelapa bo le botlhokwa thata mme ba leka go latela ditaelo tsa Baebele tse di laelang banna le basadi gore ba ratane le go tlotlana le gore bana ba utlwe batsadi ba bone e ka tswa e le badumedi kana nnyaa.—Baefeso 5:21–6:3.

5 Gantsi go ile ga bonala fa batlhotlheletsi ba bagolo ba ba dirang gore batlhanka ba ga Jehofa ba bogisiwe e le baganetsi ba bodumedi ba ba ileng ba dirisa tlhotlheletso ya bone mo balaoding ba dipolotiki le mo metsweding ya dikgang go leka go thibela ditiro tsa Basupi. Rona Basupi ba ga Jehofa re tshwanetse go itshwara jang fa re ganediwa ka tsela e e ntseng jalo—e ka tswa e le ka ntlha ya dilo tse re di dumelang e bile re di dira kana ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka?

“A go Nna Kakanyetso ga Lona go Itsiwe mo Bathong Botlhe”

6. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le boikutlo jo bo lekalekaneng ka batho ba ba leng ka kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete?

6 Sa ntlha, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng—boikutlo jwa ga Jehofa—ka batho ba ba sa dumeleng dilo tse rona re di dumelang. Fa go sa nna jalo, re ka nna ra dira gore batho ba se ka ba re rata go sa tlhokege kana gore ba re kgobe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A go nna kakanyetso ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Ka jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re nne le boikutlo jo bo lekalekaneng ka batho ba ba ka kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete.

7. Go ‘ipoloka re se na selabe se se tswang mo lefatsheng’ go akaretsa eng?

7 Kafa letlhakoreng le lengwe, Dikwalo di re kgothaletsa gore ‘re ipoloke re se na selabe se se tswang mo lefatsheng.’ (Jakobe 1:27; 4:4) Lefoko “lefatshe” fano jaaka mo makgetlong a mantsi mo Baebeleng le raya bontsintsi jwa batho ba e seng Bakeresete ba boammaaruri. Re tshela mo gare ga batho bano; re kopana le bone kwa tirong, kwa sekolong, kwa re agileng gone. (Johane 17:11, 15; 1 Bakorintha 5:9, 10) Le fa go ntse jalo, re ipoloka re se na selabe mo lefatsheng leno ka go tila boikutlo, puo le boitsholo jo bo thulanang le ditsela tse di siameng tsa Modimo. Gape go botlhokwa gore re lemoge kotsi ya go itsalanya thata le lefatshe leno, segolobogolo le batho ba ba sa tlotleng ditekanyetso tsa ga Jehofa.—Diane 13:20.

8. Ke eng fa kgakololo ya gore re ipoloke re se na selabe se se tswang mo lefatsheng e sa re neye lebaka lepe la gore re nyatse batho ba bangwe?

8 Le fa go ntse jalo, kgakololo ya gore re nne re se na selabe mo lefatsheng leno ga e re neye lebaka lepe la go nyatsa batho ba e seng Basupi ba ga Jehofa. (Diane 8:13) Gakologelwa sekai se go neng go tlotliwa ka sone mo setlhogong se se fetileng sa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Jehofa o ne a sa amogele mofuta wa bodumedi jwa bone; e bile bo ne bo sa dire gore ba nne le dikamano tse di molemo le batho ba e seng Bajuda. (Mathaio 21:43, 45) Ka ntlha ya go ipona tshiamo ga bone, banna bano ba ba feteletsang dilo ba ne ba tseela Baditšhaba kwa tlase. Ga re batle go nna le pono e e ntseng jalo e e sa tshwanelang ya go nyatsa batho ba e seng Basupi. Jaaka moaposetoloi Paulo, re eletsa gore botlhe ba ba utlwang molaetsa wa Baebele wa boammaaruri ba amogelwe ke Modimo.—Ditiro 26:29; 1 Timotheo 2:3, 4.

9. Go nna le boikutlo jo bo lekalekaneng jwa Dikwalo, go tshwanetse ga ama jang tsela e re buang ka yone ka batho ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang?

9 Re tshwanetse go bontsha boikutlo jo bo lekalekaneng jwa Dikwalo fa re bua ka batho ba e seng Basupi. Paulo o ne a laela Tito go gakolola Bakeresete ba ba kwa setlhaketlhakeng sa Kereta gore ‘ba se ka ba bua ka ope ka go mo utlwisa botlhoko, ba se baratantwa, ba le kakanyetso ba bontsha bori jotlhe mo bathong botlhe.’ (Tito 3:2) Ela tlhoko gore Bakeresete ba ne ba tshwanetse gore ba se ka ba bua ka “ope” ka go mo utlwisa botlhoko—tota le e leng ka batho ba e seng Bakeresete ba Kereta, ba bangwe ba bone ba neng ba itsege ka go bua maaka, go ja bobe le ka go nna botswa. (Tito 1:12) Ka jalo e tla bo e se ga Dikwalo fa re ka dirisa mafoko a a sotlang fa re bua ka batho ba ba sa dumeleng. Go nna le boikutlo jwa go ikgodisa go ka se ka ga gogela batho ba bangwe mo kobamelong ya ga Jehofa. Go na le moo, fa re leba le go tshwara ba bangwe go ya ka melaometheo e e molemo ya Lefoko la ga Jehofa, re tla bo re ‘kgabisa thuto’ ya Modimo.—Tito 2:10.

Nako ya go Didimala le Nako ya go Bua

10, 11. Jesu o ne a supa jang gore o ne a itse gore ke leng e neng e le (a) “motlha wa go didimala”? (b) “motlha wa go bua”?

10 Go na le “motlha wa go didimala, le motlha wa go bua,” go bolela jalo Moreri 3:7. Mme bothata ke jono: go swetsa gore ke leng re ka tlhokomologang baganetsi le gore ke leng re ka buang go femela tumelo ya rona. Re ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa motho yo o neng a itekanetse ka metlha mo ditshwetsong tse a neng a di dira—Jesu. (1 Petere 2:21) O ne a itse gore ke leng e leng “motlha wa go didimala.” Ka sekai, fa baperesiti ba bagolo le bagolwane ba ne ba mo latofatsa ka maaka fa pele ga Pilato, Jesu o ne “a se ka a araba.” (Mathaio 27:11-14) O ne a sa batle go bua sepe se se neng se ka kgoreletsa thato ya Modimo go diragadiwa. Go na le moo, o ne a tlhopha go dira gore ditiro tse a itsegeng ka tsone di mmuelele. O ne a itse gore tota le boammaaruri bo ne bo se kitla bo fetola dipelo tsa bone tse di ikgodisang. Ka jalo o ne a tlhokomologa tatofatso ya bone, a gana go bua.—Isaia 53:7.

11 Le fa go ntse jalo, gape Jesu o ne a itse gore ke leng e neng e le “motlha wa go bua.” Mo lekgetlong lengwe, o ne a emelana phatlalatsa le baganetsi ba gagwe, ka go ganetsa ditatofatso tsa bone tsa maaka. Ka sekai, fa bakwadi le Bafarasai ba ne ba leka go mo tlhabisa ditlhong mo pele ga boidiidi jwa batho ka go mo latofatsa ka gore o ntsha badimo ka Belesebube, Jesu o ne a tlhopha gore a se ka a lesa tatofatso eo ya maaka. Ka botlhale jo bogolo le ka setshwantsho se se maatla, o ne a fedisa maaka ao. (Mareko 3:20-30; bona gape Mathaio 15:1-11; 22:17-21; Johane 18:37.) Ka mo go tshwanang, fa Jesu a sena go okiwa le go tshwarwa, o ne a gogelwa fa pele ga Sanehederine, Moperesiti yo Mogolo Kaiafase o ne a laela jaana ka boferefere: “Ka Modimo o o tshelang ke a go ikanisa gore o re bolelele gore a o Keresete Morwa Modimo!” Le ono e ne e le “motlha wa go bua” ka gonne go didimala go ka bo go ile ga tsewa e le go itatola gore ke Keresete. Ka jalo Jesu o ne a araba jaana: “Ke ene.”—Mathaio 26:63, 64; Mareko 14:61, 62.

12. Ke maemo afe a a neng a dira gore Paulo le Baranabase ba bue ka bopelokgale kwa Ikonio?

12 Gape akanya ka sekai sa ga Paulo le Baranabase. Ditiro 14:1, 2 e bolela jaana: “Kwa Ikonio ba tsena mmogo mo sinagogeng ya Bajuda mme ba bua mo e leng gore letshutitshuti le legolo la Bajuda le Bagerika le ne la nna badumedi. Mme Bajuda ba ba neng ba se ka ba dumela ba ne ba fudua ba ba ba tlhotlheletsa meya ya batho ba merafe ka tsela e e phoso kgatlhanong le bakaulengwe.” The New English Bible e balega jaana: “Mme Bajuda ba ba sa sokologang ba fudua Baditšhaba le go senya megopolo ya bone kgatlhanong le Bakeresete.” E re ka baganetsi ba Bajuda ba ne ba sa kgotsofalele fela go gana go amogela molaetsa, ba ne ba simolola letsholo la ditatofatso, ba leka go dira gore Baditšhaba ba tlhoe Bakeresete.a A bo letlhoo la bone mo Bokereseteng le tshwanetse la bo le ne le le legolo jang ne! (Bapisa Ditiro 10:28.) Paulo le Baranabase ba ne ba bona fa ono e ne e le “motlha wa go bua” go seng jalo barutwa ba basha ba ne ba tla kgobiwa marapo ke go kgalwa phatlalatsa. “Jalo ba [Paulo le Barenabase] ne ba tsaya nako e telele ba bua ka sebete ka taolo ya ga Jehofa,” yo o neng a supa fa a ba amogela ka go ba naya maatla a go dira ditshupo tse di gakgamatsang. Seno se ne sa dira gore bangwe e nne “ba Bajuda mme ba bangwe e le ba baaposetoloi.”—Ditiro 14:3, 4.

13. Fa re kgobiwa, gantsi ke leng e leng “motlha wa go didimala”?

13 Ka jalo, he, re tshwanetse go itshwara jang fa re kgobiwa? Go ikaegile thata ka maemo. Maemo mangwe a batla gore re dirise molaomotheo wa gore go na le “motlha wa go didimala.” Re ka dira jalo segolobogolo fa baganetsi ba ba tlhogoethata ba leka go dira gore re nne le kganetsano e e se nang mosola. Ga re a tshwanela go lebala gore batho bangwe ga ba batle go itse boammaaruri. (2 Bathesalonika 2:9-12) Go leka go tlhalosetsa batho ba dipelo tsa bone di ineetseng mo go sa batleng go dumela ga go na mosola. Mo godimo ga moo, fa re ne re ka ineelela go nna re ganetsana le molatofatsi mongwe le mongwe wa maaka yo o re tlhaselang, re ne re ka iteega tsebe mo go direng tiro e e botlhokwa thata le e e duelang thata—ya go thusa batho ba dipelo tse di ikanyegang ruri ba ba batlang go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Ka jalo fa re kopana le baganetsi ba ba ikaeletseng go anamisa maaka ka rona, kgakololo e e tlhotlheleditsweng ke: “Ba tile.”—Baroma 16:17, 18; Mathaio 7:6.

14. Ke ka ditsela dife re ka femelang tumelo ya rona mo bathong ba bangwe?

14 Le gale, seno ga se reye gore ga re a tshwanela go femela tumelo ya rona. Kana e bile, go na le “motlha wa go bua.” Re tshwanetse go amega ka batho ba ba tlhoafetseng ba re ileng ra buiwa maswe mo go bone. Re rata go tlhalosetsa ba bangwe sentle dilo tse re di dumelang ka pelo yotlhe; ee, re itumelela tshono eo. Petere o ne a kwala jaana: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang ka kgang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo le ka maikutlo a a bori le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Fa batho ba ba kgatlhegang tota ba batla bosupi jwa dilo tse re di dumelang, fa ba botsa ka ditatofatso tsa baganetsi, ke boikarabelo jwa rona gore re femele tumelo ya rona, re ba neela dikarabo tse di utlwalang tsa Baebele. Mo godimo ga moo, boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo ka neela bosupi jo bogolo. Fa batho ba ba tekatekano mo mogopolong ba bona gore tota re leka go tshela tumalanong le ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo, ba ka iponela ka bobone gore dilo tse re latofadiwang ka tsone ke maaka.—1 Petere 2:12-15.

Go Tweng ka Phasalatso e e Senyang Leina?

15. Ke sekai sefe se se supang kafa Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba tlhaselwa ka teng ka tshedimosetso e e sokamisitsweng ke metswedi ya dikgang?

15 Ka dinako tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhaselwa ka tshedimosetso e e sokamisitsweng ke metswedi ya dikgang. Ka sekai, ka August 1, 1997, lokwalodikgang lwa kwa Russia lo ile lwa gatisa setlhogo se se bolelang gore dingwe tsa dilo tse Basupi ba di dirang ke gore ba batla gore maloko a bone a ‘tlogele basadi ba bone, banna ba bone le batsadi ba bone fa ba sa tlhaloganye e bile ba sa dumele se ba se dumelang.’ Motho ope fela yo o tlwaetseng Basupi ba ga Jehofa o itse gore tatofatso eo ke maaka. Baebele e supa gore Bakeresete ba tshwanetse go tshwara maloko a malapa a bone a a sa dumeleng ka lorato le ka tlotlo mme Basupi ba leka go latela kaelo eno. (1 Bakorintha 7:12-16; 1 Petere 3:1-4) Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se ne sa gatisiwa, mme babadi ba le bantsi ba ne ba nna le tshedimosetso e e seng yone. Re ka femela tumelo ya rona jang fa re kgobiwa?

16, 17, le lebokoso le le mo tsebeng 16. (a) Tora ya Tebelo e kile ya reng malebana le kafa re tshwanetseng go itshwara ka teng malebana le tshedimosetso ya maaka mo metsweding ya dikgang? (b) Basupi ba ga Jehofa ba ka araba dipego tse di sa siamang tsa metswedi ya dikgang kafa tlase ga maemo afe?

16 Le fano go na le “motlha wa go didimala le motlha wa go bua.” Tora ya Tebelo e kile ya bolela jaana: “Go ikaegile ka maemo, motho yo o simolotseng go tshwaya phoso, le se a se ikaeletseng, gore a re tla tlhokomologa tshedimosetso ya maaka e e tswang mo metsweding ya tshedimosetso kana re tla femela boammaaruri ka ditsela tse di tshwanetseng.” Mo maemong mangwe go ka nna molemo go itlhokomolosa dipego tse di sa siamang, ka go dira jalo re dira gore go se ka ga phatlaladiwa maaka a mangwe.

17 Mo maemong mangwe e ka nna ya bo e le “motlha wa go bua.” Go ka nna ga direga gore mokwadi wa dikgang kana mmegadikgang yo o ikanyegang o ile a bolelelwa maaka ka Basupi ba ga Jehofa mme a ka itumelela tshedimosetso e e boammaaruri ka rona. (Bona lebokoso “Go Baakanya Pego ya Maaka.”) Fa dipego tse di sa siamang mo metsweding ya dikgang di dira gore go nne le letlhoo le le kgoreletsang tiro ya rona ya go rera, baemedi ba ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower e ka nna ya nna bone ba ba tsayang kgato pele go femela boammaaruri ka ditsela dingwe tse di tshwanelang.b Ka sekai, go ka nna ga romelwa bagolwane ba ba tshwanelegang gore ba ye go tlhalosa mabaka, jaaka mo thulaganyong ya thelebishene, e e tla reng fa Basupi ba ga Jehofa ba sa tlhage mo go yone go ka nnang ga dira gore go tsewe gore ga ba na karabo. Basupi ba bangwe ba dirisana ka tsela e e tshwanetseng le kaelo ya Mokgatlho wa Watch Tower le baemedi ba yone mo dikgannyeng tse di ntseng jalo.—Bahebera 13:17.

Go Femela Dikgang Tse di Molemo Semolao

18. (a) Ke eng fa re sa tlhoke tetla ya mebuso ya batho go rera? (b) Re latela tsela efe fa re sa newe tetla ya go rera?

18 Tetla ya gore re rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e tswa kwa legodimong. Jesu yo o neng a re roma go dira tiro eno, o neilwe ‘taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng.’ (Mathaio 28:18-20; Bafilipi 2:9-11) Ka jalo, ga re tlhoke tetla ya mebuso ya batho go rera. Le fa go ntse jalo, re lemoga gore go nna le kgololesego ya bodumedi go ka re thusa go anamisa molaetsa wa Bogosi. Kwa dinageng tse re nang le kgololesego ya go obamela gone, re tla dirisa tsamaiso ya semolao go e sireletsa. Koo re sa fiwang kgololesego eo gone, re tla leka go e bona go ya kafa molaong. Boikaelelo jwa rona ga se go dira diphetogo mo setšhabeng, mme ke go ‘femela le go tlhomamisa semolao dikgang tse di molemo.’c—Bafilipi 1:7.

19. (a) Matswela a go ‘lefela Modimo dilo tsa Modimo’ e ka nna eng? (b) Re ikaeletse go dira eng?

19 Rona Basupi ba ga Jehofa, re tsaya Jehofa e le Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe. Molao wa gagwe o mogolo. Re ikobela mebuso ya batho ka boikanyegi, ka go dira jalo, ‘re lefa Kaesara dilo tsa ga Kaesara.’ Le fa go ntse jalo, re ka se letle sepe go re kgoreletsa go diragatsa boikarabelo jwa rona jo bo botlhokwa thata—‘go lefela Modimo dilo tsa Modimo.’ (Mathaio 22:21) Re tlhaloganya sentle gore go dira jalo go tla dira gore re nne “ba ba tlhoilweng” ke ditšhaba, mme re amogela seno e le karolo ya ditshenyegelo tsa go nna morutwa. Rekoto ya dilo tsa semolao ya Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong la bo20 la dingwaga ke bosupi jwa gore re ikaeletse tota go femela tumelo ya rona. Ka thuso le tshegetso ya ga Jehofa, re tla tswelela pele ‘kwantle ga go kgaotsa re ruta e bile re bolela dikgang tse di molemo.’—Ditiro 5:42.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matthew Henry’s Commentary on the Whole Bible e tlhalosa gore baganetsi ba Bajuda “ba ne ba dira matsapa go ya kwa go [Baditšhaba] ba ba ntseng jalo e re ka ba ne ba se na kamano epe le bone, mme ba bua sengwe le sengwe se ditlhaloganyo tsa bone kana letlhoo la bone le neng le ka se tlhama, gore ba dire gore ba se nne fela le boikutlo jwa go nyatsa Bokeresete mme gape le go bo ila.”

b Fa setlhogo se se senyang leina se sena go gatisiwa mo lokwalodikgannyeng lwa Russia (se se umakilweng mo serapeng 15), Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ikuela go Russian Federation Presidential Judicial Chamber for Media Disputes ba kopa gore go sekasekiwe ditatofatso tsa maaka tse di boletsweng mo setlhogong seo. Bosheng jaana kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso e e neng ya otlhaya lokwalodikgang loo ka ntlha ya go gatisa setlhogo seo se se senyang leina.—Bona Tsogang! ya November 22, 1998, ditsebe 26-7 (ka Seesemane).

c Bona setlhogo se se reng “Go Sireletsa Dikgang Tse di Molemo Semolao,” mo ditsebeng 19-22.

A o A Gakologelwa?

◻ Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba ‘tlhoilwe’?

◻ Re tshwanetse go leba jang batho ba ba sa dumeleng dilo tsa bodumedi jwa rona?

◻ Jesu o ne a tlhoma sekao sefe se se lekalekaneng fa a ne a dirisana le baganetsi?

◻ Fa re kgobiwa, re ka dirisa jang molaomotheo wa gore go na le “motlha wa go didimala le motlha wa go bua”?

[Lebokoso mo go tsebe 16]

Go Baakanya Pego ya Maaka

“Kwa Yacuiba, kwa Bolivia, setlhopha sengwe sa boefangele se ne sa rulaganya go bontsha filimi ya thelebishene e go bonalang e ne e dirilwe ke batlhanogi. Ka ntlha ya matswela a a bosula a thulaganyo eo e nnileng le one, bagolwane ba ne ba swetsa go etela diteishene di le pedi tsa thelebishene mme ba ithaopa gore ba tla duelela gore ba bontshe batho dibidio tsa Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name le The Bible—A Book of Fact and Prophecy. Fa mong wa seteishene sa radio a sena go bona dibidio tsa Mokgatlho, o ne a tenwa ke maaka a a builweng mo thulaganyong ya batlhanogi mme a ithaopela go direla Basupi ba ga Jehofa dikitsiso tse dikhutshwane mo radiong tse di malebana le kopano ya bone ya kgaolo e e neng e tla latela. Palo ya batho ba ba nnileng gone e ne e le kwa godimo ka tsela e e tlhomologileng, mme batho ba le bantsi ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ne ba simolola go botsa dipotso tse di supang tlhoafalo fa Basupi ba ba etetse mo bodireding.”—1997 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 61-2.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jesu o ne a tle a ganetse ditatofatso tsa baganetsi ba gagwe phatlalatsa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela