LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/15 ts. 25-29
  • Fa Dipelo Tse di Thata di Nolofala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Dipelo Tse di Thata di Nolofala
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Go Simolola Tiro
  • Thulaganyo ya Thuto e e Nang le Matswela
  • Dikopano Tse di Kgethegileng di Lere Boipelo
  • Go ne Ga Nna le Diphetogo Tse di Itumedisang
  • Go Gatelelwa ke Ditsala Tsa Pele
  • Go Nna Batlhanka ba ba Ineetseng ba Modimo
  • Balaodi ba Kgolegelo ba a Lemoga
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/15 ts. 25-29

Fa Dipelo Tse di Thata di Nolofala

KA 1989, BASUPI BA GA JEHOFA BA POLAND ba ne ba letlelelwa semolao go nna mokgatlho wa bodumedi. Basupi ba ba ileng ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete ba ne ba nna ba gololwa ka iketlo, ba tlogela bagolegwammogo ba ba neng ba eletsa go ithuta go le gontsi ka Baebele. Fano re na le pego ya kafa kwa go nngwe ya dikgolegelo tseo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba leka ka teng go thusa batho ba ba neng ba na le dipelo tse di thata go letla gore maatla a Lefoko la Modimo a di nolofatse.

KWA Wołów, toropo ya baagi ba le 12 000 kwa borwabophirima jwa Poland, go na le kgolegelo e e nang le dingwaga di le 200 e ntse e le teng koo go tswaletsweng dikebekwa tse di bosula thata tsa Poland teng. Fa e sa le Basupi ba ga Jehofa ba letlelelwa semolao, ba ntse ba leka go isetsa bagolegwa ba koo dikgang tse di molemo tsa Bogosi, mme ba dira jalo ka tlhoafalo e kgolo.

Selo se se ileng sa thusa mo kgannyeng eno ke lekwalo le le neng la kwalwa ke Lephata la Bosiamisi ka February 1990 le kwaletswe batlhokomedi botlhe ba dikgolegelo kwa Poland. Lekwalo leo le ne le ba bolelela gore ba “se ka ba tshwenya” bagolegwa ba ba batlang go amogela dikgatiso tsa Watch Tower kana ba batla go kopana le Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba bangwe ba bone ba ntseng dingwaga tse dintsi kwa kgolegelong ya Wołów, ba ne ba itse bontsi jwa bagolegwa ba koo ba ba tlhogoethata. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikaega ka Jehofa gore a segofatse maiteko a bone a go dira gore boammaaruri jwa Baebele bo nolofatse dipelo tsa bagolegwa bangwe.

Go Simolola Tiro

Mokaulengwe Czesław yo o tswang kwa toropong ya Wrocław, mo e ka nnang dikilometara di le 40 go tswa koo, yo o neng a filwe tetla ya go etela kgolegelo ya kwa Wołów o bolela jaana: “Go ne go le thata go simolola thulaganyo eno. Re ne ra tshwanelwa ke go fetsa nako e ntsi re buisana le badiredibagolo ba kgolegelo pele ga ba ka tlhatswega pelo gore ‘ditiro tsa rona tsa bodumedi’ di tla thusa bagolegwa.”

Modirimmogo le Czesław e bong Paweł o gakologelwa jaana: “Selo se se neng sa raraanya dilo le go feta e ne e le fa modiredimogolo mongwe a ne a gatelela gore bagolegwa ba dirisa ditiro tsa bodumedi e le fela gore ba tle ba thusiwe ka tsa madi.” Mme fa dikebekwa tse tharo tse di kileng tsa bo di le kotsi thata di ineela gore di kolobediwe ka 1991, badiredibagolo ba kgolegelo ba ne ba fetola boikutlo jwa bone mme ga nna le tirisanommogo e e botoka.

Czesław o tlhalosa jaana: “Re ne ra simolola go neela bosupi mo bagolegweng, mo go ba malapa a bone ba ba neng ba tla go ba etela kwa kgolegelong mmogo le mo badiring ba kgolegelo. Morago ga foo re ne ra letlelelwa go rera dikgang tse di molemo mo seleng nngwe le nngwe, e leng selo se se sa tlwaelegang gotlhelele. Kgabagare, fa re ne re kopana le ba ntlha ba ba kgatlhegang, re ne ra letlelelwa go dirisa holo e nnye e mo go yone re neng re tshwarela dithuto tsa Baebele le dipokano tsa Bokeresete.” Ee, Jehofa o ne a bula tsela ya go fitlhelela dipelo tse di thata tsa bagolegwa.

Thulaganyo ya Thuto e e Nang le Matswela

Go ise go ye kae go ne ga bonala fa holo eo e le nnye thata. E re ka bagolegwa ba ba kolobeditsweng le bakaulengwe ba ba tswang kwa ntle ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go rera, bagolegwa ba ba ka nnang 50 ba ne ba simolola go nna teng kwa dipokanong. Mogolwane mongwe wa lefelo leo o tlhalosa jaana: “Re ne ra fetsa dingwaga di feta tharo re tshwarela dipokano tsotlhe mo go yone, mme bagolegwa ba ne ba nna teng ka metlha kwa dipokanong.” Ka jalo ka May 1995 ba ne ba letlelelwa go dirisa holo e kgolwane.

Bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo ba tlhopha jang batho ba ba ka tlang dipokanong tse di tshwarelwang kwa kgolegelong? Mokaulengwe Czesław le Zdzisław ba tlhalosa jaana: “Re na le lenaane la bagolegwa ba ba kgatlhegelang boammaaruri thata. Fa mogolegwa a sa dire kgatelopele kana a fosa dipokano go se na lebaka le le utlwalang, ka go dira jalo a supa gore ga a anaanele dithulaganyo tse di ntseng jalo, re ntsha leina la gagwe mo lenaaneng mme re bo re itsise mookamedi wa kgolegelo.”

Ka nako ya fa bakaulengwe ba ithuta Baebele le bagolegwa, ba ba ruta le tsela ya go baakanyetsa dipokano sentle le go dirisa dikgatiso tsa rona ka tsela e e molemo. Ka jalo, fa bagolegwa ba tla dipokanong, ba tla ba ipaakanyeditse sentle mme ba nna le seabe ba gololesegile. Ba neela dikakgelo tse di agang, ba dirisa Dibaebele tsa bone ka botswerere e bile ba itebanya le kgakololo ya yone, gantsi ba akaretsa dikakgelo tse di jaaka, ‘Ke bona gore ke tshwanetse go dira seno kana sele.’

Mokwaledi wa phuthego o bolela jaana: “Dithuto tsa Baebele tsotlhe tse di tshwarwang kwa kgolegelong ya Wołów di 20. Di le robedi tsa tsone di tshwarwa ke baboledi ba le bararo ba bagolegwa.” Gape ba ile ba nna le matswela a mantle fa ba ntse ba rera mo seleng nngwe le nngwe le ka nako ya fa ba tsamayatsamaya mo komponeng ya kgolegelo. Ka sekai, mo dikgweding di le lesome, go tloga ka September 1993 go ya go June 1994, ba ne ba anamisa dibuka di le 235, diboroutšhara tse di ka nnang 300 le dimakasine di le 1700. Bosheng jaana, badiredibagolo ba babedi ba kgolegelo ba ne ba kopa dithuto tsa Baebele.

Dikopano Tse di Kgethegileng di Lere Boipelo

Fa nako e ntse e ya, go ile ga okediwa ka selo se sengwe gape mo thulaganyong ya go ruta kwa kgolegelong eno, e leng dikopano tse di kgethegileng. Balebedi ba ba etang le bakaulengwe ba bangwe ba ba tshwanelegang ba ne ba neela dipuo tsa konokono tsa thulaganyo ya kopano ya potologo le kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe kwa holong ya jiminase ya kgolegelo. Kopano ya ntlha e e kgethegileng e ne ya tshwarwa ka October 1993. Bagolegwa ba le 50 le “malapa a a feletseng, go akaretsa le basadi le bana ba bannye ba ne ba tla go tswa kwa Wrocław,” go ne ga bega jalo lokwalodikgang lwa Słowo Polskie, palogotlhe ya bone e ne e le 139. Ka nako ya boikhutso mo thulaganyong ya kopano, ba ne ba nna le tshono ya go ja dijo tse di apeilweng ke bokgaitsadi le go nna le nako ya bokopano jo bo molemo jwa Bokeresete.

Fa e sa le ka nako eo, go ile ga tshwarwa dikopano tse supa tse di kgethegileng mme seo ga se a solegela fela ba ba mo kgolegelong molemo mme le ba ba kwa ntle ba solegetswe molemo. Fa kgaitsadi mongwe wa Mosupi a etetse motho yo o kileng a bo a le kwa kgolegelong ya Wołów yo jaanong a neng a nna kwa toropong, la ntlha o ne a sa kgatlhege. Mme fa a bolelelwa gore mogolegwa mongwe o fetogile Mosupi, monna yono o ne a goeletsa jaana a sa dumele: “Mmolai yoo ke Mosupi jaanong?” Ka ntlha ya seo, monna yono o ne a dumela go rutwa Baebele.

Go ne Ga Nna le Diphetogo Tse di Itumedisang

A tota thulaganyo e kgolo eno ya thuto e ile ya nolofatsa dipelo tse di thata tsa bagolegwa? A ba tlhalose dikgang tsa bone.

Zdzisław yo e leng monna yo ka tlholego a leng kakanyetso o ipobola jaana: “Ga ke ise ke ko ke itse batsadi ba me ka gonne ba ne ba ntatlha ke sa ntse ke le mmotlana, mme seo se ile sa dira gore ke tlhologelelwe thata go ikutlwa ke ratiwa. Ke ile ka nna le seabe mo bokebekweng ke sa le mosha, kgabagare ka bolaya motho. Go ikutlwa molato go ne ga dira gore ke akanye ka go ipolaya, mme ke ne ke batla thata go bona tsholofelo ya mmatota. Morago ga foo, ka 1987, ke ne ka bona makasine wa Tora ya Tebelo. Ke ne ka ithuta mo go yone ka tsogo le ka botshelo jo bo sa khutleng. Fa ke lemoga gore go sa ntse go na le tsholofelo, ke ne ka tlogela mogopolo wa go ipolaya mme ka simolola go ithuta Baebele. Jaanong ke ithutile mo go Jehofa le mo bakaulengweng gore lorato lo kaya eng.” Go tloga ka 1993, motho yono yo e kileng ya bo e le mmolai e ntse e le motlhanka wa bodiredi le mmulatsela yo o thusang, mme ngogola o ne a nna mmulatsela wa ka metlha.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Tomasz o ne a amogela thuto ya Baebele kwantle ga go okaoka. O bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, e ne e se kgato e ke e tsayang go tswa pelong. Ke ne ke ithuta fela ka gonne ke ne ke rata go kgatlha batho fa ke ba tlhalosetsa dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang. Mme ke ne ke sa dire sepe ka boammaaruri jwa Baebele. Ka letsatsi lengwe, ke ne ka dira tshwetso mme ka ya pokanong ya Bokeresete. Bagolegwa ba ba kolobeditsweng ba ne ba nkamogela ka lorato. Ke ne ka lemoga gore go na le gore ke leke go kgatlha batho ka kitso e ke nang le yone ke tshwanetse go nolofatsa pelo ya me e e thata mme ke fetole mogopolo wa me.” Tomasz o ne a simolola go apara botho jo bosha jwa Bokeresete. (Baefeso 4:22-24) Gompieno, ke Mosupi yo o ineetseng yo o kolobeditsweng mme o itumelela go rera go tswa mo seleng e nngwe go ya go e nngwe.

Go Gatelelwa ke Ditsala Tsa Pele

Batho ba ba neng ba ithuta boammaaruri jwa Baebele kwa kgolegelong ba ne ba gatelelwa thata ke ditsala tse ba neng ba tshwerwe le tsone le ke badiredibagolo ba kgolegelo. Mongwe wa bone o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlhola ke sotliwa le go tlaopiwa. Mme ke ne ka nna ka akanya ka mafoko a a kgothatsang a bakaulengwe. Ba ne ba tle ba re, ‘Nna o rapele Jehofa. Bala Baebele ya gago mme o tla ikutlwa o ritibetse.’ Seo se ile sa nthusa tota.”

Ryszard yo e leng mokaulengwe yo o nonofileng yo o kolobeditsweng o bolela jaana: “Bagolegwakanna ba ne ba tlhola ba nthaya mafoko a a botlhoko. Ba ne ba tle ba re, ‘O ka na wa ya kwa dipokanong tseo tsa gago, mme o se ka wa leka go itshupa le go itira yo o botoka, A re a utlwana?’ Fa ke ne ke dira diphetogo mo botshelong jwa me ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Baebele, ke ne ka lebana le go boga ka ntlha ya gone. Ba ne ba pitikolola bolao jwa me, ba gasaganya dikgatiso tsa me tsa Baebele le go tlhakatlhakanya sele ya me. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nnonotshe gore ke itshware mme ke bo ke simolola go baakanya dilo ka tidimalo. Morago ga nakwana, ditlhaselo tseno di ile tsa emisa.”

Bagolegwa bangwe ba ba kolobeditsweng ba anela jaana: “Fa bagolegwakarona ba bona gore re ititeile sehuba go direla Jehofa, kgatelelo e tla ka tsela e sele. Ba ka re, ‘Se lebale gore ga o a tshwanela go tlhola o nwa, o goga, kana o aka.’ Mofuta oo wa kgatelelo o thusa motho go ikgapa, a tlogela mekgwa epe e e leswe le go tshwakgolwa. Gape go thusa motho go leka go nna le maungo a moya.”—Bagalatia 5:22, 23.

Go Nna Batlhanka ba ba Ineetseng ba Modimo

Ka tetla ya badiredibagolo ba kgolegelo, kolobetso ya ntlha e ne ya direlwa mo holong ya jiminase ka dikgakologo tsa 1991. Go ne go kolobediwa Zdzisław yo o neng a itumetse. Go ne go tlile bagolegwa ba le 12 le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 21 ba ba tswang kwa ntle. Pokano eno e ne ya kgothatsa bagolegwa thata. Bontsi jwa bone ba ne ba gatela pele ka tsela e e gakgamatsang mo e leng gore go ne ga kolobediwa bagolegwa ba bangwe ba babedi moragonyana mo go one ngwaga oo. Dingwaga tse pedi morago ga moo, ka 1993, go ne ga kolobediwa ka makgetlo a mabedi, mme bagolegwa ba bangwe ba le supa ba ne ba supa boineelo jwa bone mo go Jehofa!

Fa lokwalodikgang lwa letsatsi le letsatsi lwa Wieczór Wrocławia lo bega ka kolobetso e e neng ya tshwarwa ka December, lo ne lwa bolela jaana: “Batho ba nna ba tsena mo holong ya jiminase, ba dumedisa botlhe le go ba tshwara ka diatla. Ga go ope yo e leng moeng fano. Ba bopa lelapa le le lengwe le legolo, le le utlwanang mo tseleng ya go akanya, ya go tshela le mo go direleng Modimo a le mongwe, Jehofa.” Ka nako eo, “lelapa le le lengwe le legolo” leo e ne e le la batho ba le 135, go akaretsa le bagolegwa ba le 50. A re ikgolaganye le bangwe ba bone.

Jerzy, yo o kolobeditsweng ka June, o bolela jaana: “Le fa gone ke ile ka utlwa boammaaruri jwa Baebele go sekae dingwaga tse di fetileng, ke ne ke kgwaraletse pelo. Tsietso, go tlhala mosadi wa me wa ntlha, go nna le Krystyna re sa nyalana, go nna le ngwana wa dikgora le go nna ke boaboa kwa kgolegelong—ke botshelo jo ke neng ke bo tshela.” Fa a bona kafa dikebekwa tse dingwe tse di peloethata di neng di nna Basupi ka teng di ntse di le mo kgolegelong, o ne a ipotsa gore, ‘A le nna nka se ka ka nna monna yo o botoka?’ O ne a kopa go rutwa Baebele mme a simolola go tla dipokanong. Le fa go ntse jalo, phetogo e kgolo e ne ya nna fa mosekisi mongwe a mmolelela gore Krystyna o fetogile mongwe wa Basupi ba ga Jehofa dingwaga tse tharo tse di fetileng. Jerzy o bolela jaana: “Ke ne ke gakgametse tota! Ke ne ka ipotsa jaana, ‘Go tweng ka nna? Nna ke dira eng?’ Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go baakanya botshelo jwa me gore Jehofa a ke a nkamogele.” Ka ntlha ya seo, ba ne ba boa ba kopana gape ka boitumelo kwa kgolegelong—Krystyna le morwadiabone wa dingwaga di le 11 e bong Marzena. Go ise go ye kae, ba ne ba kwadisa lenyalo la bone. Le mororo Jerzy a sa ntse a le mo kgolegelong e bile dilo di na le go tla di sa mo tsamaele sentle, bosheng jaana o ile a ithuta puo ya diatla mme o kgona go thusa bagolegwa ba bosusu.

Mirosław o ne a setse a inaakantse le bokebekwa a sa ntse a le mo sekolong sa poraemari. O ne a kgatlhwa thata ke se ditsala tsa gagwe di neng di se dira, mme go ise go ye kae le ene a dira se ba se dirang. O ne a thukhutha kana a betsa batho ba le bantsi. O ne a felela a le kwa kgolegelong. Mirosław o ipobola jaana: “Fa ke ipona ke le kwa kgolegelong, ke ne ka kopa thuso mo moruting. Mme ke ne ka swaba thata. Ka jalo ne ke ka swetsa gore ke tla ipolaya ka go ja botlhole.” Ka lone letsatsi le a neng a rulagantse go ipolaya ka lone, o ne a fudusediwa kwa seleng e nngwe. Mo go yone o ne a fitlhela khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo e e neng e bua ka boikaelelo jwa botshelo. O oketsa jaana: “Tshedimosetso eno e e utlwalang sentle le e e tlhamaletseng e ne ya nna sone fela se ke neng ke se tlhoka. Jaanong ke ne ke batla go tshela! Ka jalo ke ne ka rapela Jehofa mme ka kopa Basupi gore ba nthute Baebele.” O ne a gatela pele ka bonako mo thutong ya gagwe ya Baebele mme a kolobediwa ka 1991. Gone jaanong ke mmulatsela yo o thusang kwa kgolegelong, o na le tshiamelo ya go rera go tswa mo seleng e nngwe go ya go e nngwe.

Go setse go kolobeditswe palogotlhe ya bagolegwa ba le 15. Dingwaga tse ba atlhotsweng go di nna mo kgolegelong fa di kopane ke dingwaga di ka nna 260. Bangwe ba ile ba gololwa pele ga ba fetsa dikatlholo tsa bone. Katlholo ya mogolegwa mongwe yo o neng a atlholetswe dingwaga di le 25 e ne ya fokodiwa go dingwaga di le 10. Mme ba le mmalwa ba ba neng ba kgatlhega fa ba ne ba le kwa kgolegelong ba ne ba nna Basupi ba ba kolobeditsweng morago ga go gololwa. Mo godimo ga moo, go na le bagolegwa ba bangwe ba le banè ba ba ipaakanyetsang go kolobediwa kwa kgolegelong.

Balaodi ba Kgolegelo ba a Lemoga

Pego nngwe ya kwa kgolegelong e bolela jaana: “Go fetoga ga mekgwa ya bagolegwa go ile ga bonala thata. Bontsi bo tlogela go goga e bile ba boloka disele tsa bone di le phepa. Bontsi jwa bagolegwa bo ile jwa fetoga jalo mo boitsholong.”

Lokwalodikgang lwa Życie Warszawy lo bega gore batsamaisi ba kgolegelo kwa Wołów ba a lemoga gore “bagolegwa ba na le maitseo; ga ba bakele badisa ba kgolegelo mathata ape.” Setlhogo seo se ile sa tswelela pele se bolela gore ba ba ileng ba gololwa pele ga ba fetsa katlholo ya bone ba ile ba tswakana sentle le Basupi ba ga Jehofa mme ga ba boele mo mokgweng wa bone wa bokebekwa.

Mme mookamedi wa kgolegelo o ikutlwa jang? O bolela jaana: “Tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo kgolegelong eno e molemo thata e bile e mosola.” Mookamedi o bolela gore o lemogile gore “fa bagolegwa ba ntse ba ithuta Baebele [le Basupi], maitsholo le mekgwa ya bone e a fetoga, ba nna le sengwe se sesha se se ba kaelang mo botshelong. Ba nna le boitshwaro jo bo molemo e bile ba nna bonolo. Ke badiri ba ba dinatla e bile ga ba bake mathata ape.” Ke boammaaruri gore, dikakgelo tseo tse di molemo tse di tswang mo badiredingbagolo di itumedisa Basupi ba ba dirang le bagolegwa kwa kgolegelong ya Wołów.

Basupi ba ba etelang teng ba tlhaloganya mafoko ano a ga Jesu sentle: “Ke itse dinku tsa me le dinku tsa me di a nkitse. . . . Di tla reetsa lentswe la me, mme di tla nna letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” (Johane 10:14, 16) Tota le mabota a kgolegelo a ka se ka a kgona go thibela Modisa yo o Molemomogolo, Jesu Keresete, go phutha batho ba sekadinku. Basupi ba kwa Wołów ba itumela thata go bo ba na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong eno e e itumedisang. Mme ba ikaegile ka Jehofa gore a nne a ba segofatse fa ba ntse ba thusa dipelo tse dingwe tse di thata go tsibogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi pele bokhutlo bo tla.—Mathaio 24:14.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Bothata Jwa “Mogolo wa Ngwana”

Basupi bangwe ba ba dirang kwa kgolegelong ya kwa Wołów ba bolela jaana: “Gantsi fa mogolegwa a nnile mo kgolegelong ka nakonyana e telele, o lebala gore go ntse jang go tshela ka kgololesego kana a le nosi. Tota seo ke bothata jwa ‘mogolo wa ngwana,’ motho yo morago ga go gololwa kwa kgolegelong a salang a sa itse go itlhokomela. Ke gone ka moo seabe sa phuthego e sa nneng go mo ruta boammaaruri jwa Baebele fela. Re tshwanetse go mo thusa go nna karolo ya setšhaba, re mo tlhagisa ka dikotsi le dithaelo tse disha tse a ka nnang a lebana natso. Le fa gone re ela tlhoko gore re se ka ra mo sireletsa ka tsela e e feteletseng, re tshwanetse go mo thusa go simolola botshelo sesha.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela